Masione o ba tshabe
Source : Kutlwano
Author : Mothusi Soloko
Location : Thamaga
Event : Social
Mokgosi o ne wa o lela, wa bo utlwala kwa ga Lekganyane.
O ka re e ne e le phitlhela fela,dikgang tsa teng ga di utlwalesentle gore golo kwa Ga-Thamaga, Masione ba lerweeng, se ka batla se ka bonwa.
Bangwe ba re kgosi wa motseRre Gobuamang, o ne a le mophateng tse di molelo.
Fa bangwe ba re moo ke di tsiabadimo,fela Masione a ne a tsile go rapelela pula le masula a motse
Legale nna tota ga ke itse sepe se ka re ke magatwefela a a sa tlhomamisiwang.
Kana ke ratile go tsenaka kgolegelo ngwaga o simolola, e le tsone kgang tsamothale o.
Ngaka ya setso e batlile go ntshwara kadiatla, jaanong ke kgwile ka bo ka thelela gore le fa kejele ke kgotshe, ga nkitla ke tsamaya ka loleme.
Tlhale e ntsho le e tshweu, tladi nthathela maaka,marapo a baswi nkgaola tlhogo, le go ka! phokokgologa e tswe ka ngwana wa motho.
Le gale mme gone fake go loma tsebe…e ne ya re mo mosong wa Matlhatsomaloba ka fitlhela Masione a tletse kwa kgotleng mmeke belaela ba ne ba ile go rapedisa kgosi.
Wetsho ke aseba, kana fa go ka itsewe gore kgang e e dule ka nna, nka jelwa kgomo.
Le gale tseo a re tswemo go tsone di ka re golega.
Masione ba simolotse go thelesegelakwa Thamaga ka Labotlhano mo tshokologong, matshwititshwiti a bone ane a didimosa mmele.
Go ne go thibilelorole e ka re lwa moraka o bopeletse goya go nwa.
Dibese di ka nna masome amane go ya kwa go a matlhano di ne ditla di ba rwele.
Monnamogolo mongweya re a di bona, a di leba ka tshisibalo asosobantse sefatlhego o ka re sa motho alebile selo se le kgakala.
A digela ka gore, “Mogalammakapa,” a tshikhinya tlhogo go se nene.
Moshanshanyane o ne wa foforega, maru a kitlana a nna mantsho. Monnamogolo wa Modimo a jewa kekgakge, “Banna ga go akiwe, Lekganyaneke Modimo wa pula,” a bua jalo.
Totadikgang di ne di rile Rre Lekganyane,mookamedi wa kereke ya Sione, ke eneka sebele a tlaa bong a tsile go rapelelapula le lefatshe ka kakaretso.
Go bonalagore mongwe o ne a mo utlwile ka tsa ga Morakile.
Motho yo Morakile, tsebe tsa gagwega di utlwe sentle.
Fa a botsa matsogo o bo o mo itekodisa o re, “Ngwanake ke ene asa tsogang, o a kgwa,” ene fa a tsena kwapele o raya batho a re ngwana o tlhokafetsega twe o ne a jesitswe. Pula ya foforegago se nene mme moragonyana, phefo e etsiditsana ya tlhaga kwa Bophirima, marua fefofala, dinaledi tsa bo tsa benya moloaping.
Bane baeme ka di gongwanagongwana, dikoma di ile godimo, mosimane a itaya setlhako a bo phukalala mo phefong.
Motho a sale o ipotsa gore a o tla a boela molefatsheng.
Pina ba e bina lefatshe o ka re leka bobegela mo teng.
Mabala a mabedi a motshameko wa kgwele ya dinao a tletse e bile a rile thi!
Bommaseapei, bogolo jangba ba neng ba rekisa kofi, ba dule koo ba imelwa ke dikgwama.
Fa e le Bakgatla baga Mmanaana bone, ba bo ba segetswe molefureng, ba sa batle go fetiwa ke sepe.
Tota fa o ne o etse tlhoko, o ne o ka re ke bathoba solofetse dimakatso.
Basadi ba thatheletse megagolwane mo nokeng ba ikgogela koo, bana, go simololaka lesea le le se nang meno go fitlhela ka mosadimogolo yo o se nang meno ya nna semphete ke go fete.
Fa e le ‘baloi’ le botsotsi bone ba ya go iphitlha kgakala.
Go tumile thata gore Masione ba ila moloi lebaibai.
Bakgatla e re o tlaa ba ja monate,go bo go ntse jaana, e ka re ba lwela gore mongwe le mongwe go itsewe gore mo ga bone ke mo Thamaga.
Ba ntse bantle!
Mme tota e bile fa ke ntse ke leba sentle, ke bona gore bangweba bokgaitsadiake ba ne ba ile ka tsholofeloya gore gongwe ba ka tswa ka rafifing wa Mosione.
Meriri ya bone o ka re boboa jwakatse, ba ikutlwa Bakgatla.
Le gale kgang e e masisi, e ka kgaola monna mokwatla.
A re e tlogele e sa ntse e eme jalo.
Ka bo ke inaakantse le bone o ka re ke selailai, ke ya kwa ke sena go tswa ka fa.
Yare fa ke ya le bone jalo, ka kopa mongwe wa Masione gore a ntibise mongwe.
“A mothoyo o mo sekopelong yoo ke Bampeile Folaga ya Sione e ne e phaphaselae bile go foka moya o o boitshepho.
Sehube?” ka botsa.
Mongwe a re, “Keene, ga o itse gore Bampeile Sehube keMosione,” a nkaraba ka potso.
Ka mo leba mosimane wa kwa Nata, a dira diaba, moribo wa ditlhako tsa gagwe o utlwiwa ke motho a se fano.
Fela jaaka bakaulengwe ba gagwe, e re fa a tlolela fagodimo, o ipotse gore a o tla a boela molefatsheng.
Botshelo ke masaitseweng, ke morabaraba, fa e tsenya tlhako kgamelong ga re motho a ipeye mo sehubeng sa ga rara.
Mme fa e le ka mafelo a beke, le ene Jesu o ne a ka fologa a tla go bona Masione ba dira go tlala ka diatla.
Batho ba Masione oba tshabe!
Kgang e kgolo fela ke gore ba ne ba tsilego rapelela pula le botsogo jwa balwetsemo motseng.
Pula!
Ga nna fela jalo, pula ya kgabola go tsidifatsa lefatshe.
Mme fela jalo re solofela fa ba ba mo diphateng tse di bothitho e tlaa nna “ema o tsamae, tumeloya gago e go fodisitse!”














