Motlhala o a bonala

Source : Kutlwano

Author : Keonee Kealeboga

Location : Sehunou

Event : Thuto-Puisano

 

Mo dingwageng tsa maloba, fa lefatshel eno le sa ntse le fatlhoga, bontsi jwa ditlhabololo tse di leng teng gompieno e ne e le ditoro le dikeletso fela.

Le fa gone maiteko e nnile a a nametsang, go tlhomamisa kgatelopele ya lefatshe leno, go sa ntse go na le go le go ntsi mo go ka dirwang go tokafatsa matshelo a Batswana; segolo bogolo ba ba sa ntseng ba aperetswe ke kobo e ntsho ya lehuma.

Mo puong ya gagwe, fa a simolodisa dithuto puisano tsa nyeletso lehuma tse di neng di tshwaretswe kwa metsaneng ya Sehunou le Motshegaletau bosheng, mothusa tautona Dr. Ponatshego Kedikilwe o ne akaya fa Batswana e le tshaba e e pelokgale, e e rileng le fa e fatlhogetse mo khumanegong e e ngomolang pelo, ya lwa ka gotlhe go ikinolamo seemong se se botlhoko seo.

Fa a supa ka fa seemo se neng se befileka teng, Dr. Kedikilwe o ne a bolela fa le mafatshe mangwe a ne a sa batle go amana le la Botswana ka gope ka a ne a dumela fago tsalana le lone go ka se ke go a solegele molemo go le kalo.

“Mafatshe ao ke dumela mo nakong e no a tlhajwa ke ditlhong fa ba re leba, ka e bile rona ga re je ope boswa. Gotlhe mo re nang nago, re go itiretse go tswa mo legoeleleng,”a tshwaela jalo, a supa fa bontsi jwa mafatshe mo go tseeng boipuso, a fitlhetse Basweu ba dirile ditiro dingwe tsa ditlhabololo tse beng gae ba agetseng mo godimo ga tsone.

Le ntswa motlhala o setse o bonala, Dr.Kedikilwe o supile fa puso e tshwentsweke go bo lehuma la nta ya tlhogo le sa ntsele le teng mo lefatsheng leno.

A re batho ba feta masome a mabedi mo lekgolong ba sa ntse ba aparetswe ke lehuma la mohuta o.

Batho ba, go ya ka mothusa tautona ba tshelela mo tlaleng, ga ba na bonno mme ebile ba itebela kwa tlase ka ntlha ya seemo sa bone sa itsholelo.

Sone seemo se se ngomolang pelo sabatho ba, ke sone se se gwetlhileng pusogo emela ka dinao lenaneo la nyeletso lehuma; le keletso ya lone e leng go nyeletsa lehuma la nta ya tlhogo le go busetsa seriti se Batswana bangwe ba neng ba se apotswe kego tshelela mo khumanegong.

Ka jaana letsholo la metsana ya Sehunoule Motshegaletau le ne le itebagantse segolobogolo le ditshingwana tsa merogo tsa mo malwapeng, Dr. Kedikilwe o ne a ikuela mogo ba ba di abetsweng go di emela ka dinao go bona gore di ba ntshetsa maduo e seng bone fela le lone lefatshe lotlhe tota.

A re go bo re sa ntse re reka merogo ka bokete go tswa kwa mafatsheng a mangwego a tshwenya, ka e bile lefatshe leno le dirisa diketekete tsa di Pula go dira jalo.

Mo mafokong a gagwe a kamogelo baeng, motshwarelela bogosi jwa ga Mmangwato Kgosi Sediegeng Kgamane,

o ne a itela mo go ba ba thusitsweng ka lenaneo la nyeletso lehuma go tlhokomela sepe se ba se filweng.

A re e re ka jaana keletso e le gore dithuso tse ba di filweng ba di godise go dira dikgwebo tse di itshetletseng, ba tshwanetse ba lemoga fa dipoelo di ka tsaya nako go nna teng; mme a ba gwetlha go se ke bafelela dikgwebo tsa bone pelo fa maduo a satle ka bofefo jo ba bo solofetseng.

Kgosi Sediegeng o ne a ba gakolola gonna ka dinako tsotlhe ba etse tlhoko gore fela jaaka nonyane e simolola go aga sentlhaga ka letlhokwa le le lengwe, dikgwebo tsa bone le tsone fela jalo di tla a godisiwa ke kgato nngwe le nngwe e ba e tsayang, go sa kgathalesege gore e nnye go le kae.

Gone le fa konokono e ne e le ditshingwana tsa merogo, dikgwebo tse dingwe le tsone di ne di sa kgaphelwantle gotlhelele.

Bangwe batsaya karolo bane ba tlile go supa tsa bone dikgwebo di akaretsa dilwana tsa matlalo, mekgabisae e dirilweng ka matlakala ga mmogo letsa kapei ya borotho.

Mme Thatayaone Gaothobogwe, yo ene a thusitsweng ka dipodi, o ne a akgolela puso bopelontle jwa yone.

A re pele ga go fiwa dipodi ka lenaneo la nyeletso lehuma, o ne a nna fela kwa merakeng ya beng ba yone a se na sepe se eleng sa gagwe.

Mme Gaothobogwe o ne atlhomamisetsa lekoko la matona le le neng le etetse kwa lwapeng la gagwe gone kwa Sehunou fa a tlaa tlhokomela dipodi tsa gagwe, tse thuo ya tsone a boletseng fa e simolotse go fetola botshelo jwa gagwe ka jaanong le ene a ipona e le motho.

Mme Annah Nkuchi wa motse wa Mogapinyana le ene o ne a lebogela thuso e a e amogetseng go tswa mo pusong ka lephata la banana.

Mme Nkuchi, yo o gwebang ka matlalo, a re e ne ya re ka ngwaga wa 2008, a thusiwa ka madi a a kana ka P50 000 ke lephata la banana, a bo a rekelwa le didirisiwa tsa tshugo ya matlalo.

Dithuto puisano tse di ne di phuthile batho ba ba lebanweng kedithuso tsa nyeletso lehuma go tswakwa dikgaolong tsa Serowe, Mahalapye, Palapye, Tswapong le Mmadinare.

Ka jaana mosepele wa go thusa Batswana ba ba kobo dikhutshwane go inoga mo lehumeng o sa ntse o tsweletse,go rulagantswe gore pele ga ngwaga ono o ya fifing, go bo go setse go kile ga etelwa dikgaolo tsa Kgalagadi, Borolong le Okavango.

Blog

Editors Note

Polling

Is online betting an alternative income stream or a risk

Is online betting an alternative income stream or a risk

Results

Yes, it is an alternative income stream.: 0.00%

It is a risk. : 0.00%

Not sure.: 100.00%