A Mme Lerato Ga lena Nnete
Source : Kutlwano
Author : Lucretia Chima
Location : Lerala
Event : Wedding
Motse wa Lerala o ne wa etelwa ke bontsintsi ja batho Sedimonthole a tlhola gane, dikoloi go sa buiwe bontsi jwa tsone e le la ntlha di bonwa kwa Lekadibeng. Bontsi e
ne ele tsa manobonobo tse o ka di akanyang, tse dingwe motho o ne a ka re ke bo khubama re itshebe ka di ne di lebega di le dipotlana e ka re ke tsa matshamekwane. Ba itse ba dilo ba re ke tsa madimadi. E ne e le semphete ke go fete, tsatsi le, ke lone le Magdeline Lesolebe le Kabelo Mogwe ba Culture Spears ba neng ba simolola go aga motse. Bontsi bo ne bo tlile go keteka letsatsi le le bobedi jo. Bangwe ba ne ba sa tlela go kopa dijo kana go ja ngwana, namane tse di tona di ne di batla go bona gore a ke boammaaruri Magatalena yo o tsholeditseng motse wa bone ka mmino wa gagwe le ba Culture Spears, o a nyalwa.
Ditlhare di ne tsa bona go se go ntle, matlo a a mo lapeng le one ba ba khutshwane ba ne ba ikgodisa ka one, e le mo go tweng fa Modimo o ka nthusa ka mmona ka matlho. Lenyalo le, le ne le fetogile moletlo wa mmino ka diopedi tse di ntsi tsa Botswana di ne di dira go swela go supa fa ba itumeletse kgolagano ya diopedi ka bone. Monyadi le monyadiwa ba ne ba apere bosweu, mosese o go neng go bonala gore o jele madi a se kana ka sepe, sutu ya ga Kabelo e ne e mo fetotse moengele, baemisi ba banna ba apere marokgwe a o neng o ka re a kgaotswe ka selepe. A ntse jang Charma Gal, moriri o tshwerwe ko morago mme o digilwe ka fa
thoko. Bontsi bo ne bo lemoga gore Kabelo o ne a labile sentle fa a tomola wa gagwe mo basading ba bangwe.
Lekawana la teng le feletse ka bosweu a tsentse digalase tse dintsho o kare o mo motshamekong wa motshikhinyego, a gata go utlwalega lekolwane la ga Magatalena. “Gompieno ka re o ka re ga se bo mmasekanta, ba a lakasela monna bo Mmadikokwana, mo ke lenyalo la ngwaga,” ga latlhela molatedi wa bone Nicole Basebi a bua ka boitumelo o kare go nyalwa ngwana wa ga mmaagwe.
Go nyalana ga ga Kabelo le Magatalena ke sesupo sa gore dilo tse di utlwiwang kana di bonwang mo dithelebisheneng ga se tsa boammaaruri fa gongwe, ke dilo tse di fetang le phefo.
Fa e ne e le nnete Magatalena o ka bo a nyetswe ke Lepotokisi kana Lefora. Ka mafoko a seke a lala e sale monahune wa gore bobedi bo tla a nyalana o utlwetswe mo phefong dingwaga tse di fetileng, bangwe ba ne ba setse ba tlelwa ke boitlhobogo ba akanya gore maru ga se pula.
Mokete o sale o simolola fela mo mosong pele le monyadi a apesiwa, go a bonala batho ba ne ba belaela gore go tsile go gatagatanwa. Bangwe ba tshwanelwa ke go rwala masigo ka tlhogo go ya go letela monyadi. Ka nako ya borobabobedi mo mosong batho ba ne ba setse ba saila mo kgotleng ya Mpeo ko Lerala, ba mo emetse ka matlho a mahibidu monyadi wa bone.
Ka tlwaelo mo Setswaneng ga go na motsadi ope yo o batlang ngwana wa gagwe a nyala kana a nyalwa ke mmasekanta ka gore bontsi ja bone ba tsewa e le bo-gotlhotlhwa kae, basadi le banna ba teng e le tlhaka tsa leselo. Kamoso ba nyala yo, fa le phirima ba nyala o sele. Bobedi jo ga bo nwe bojalwa, le fa e le motsokwe ga ba peipi. Ke sone se gongwe se ba dirileng gore ba tsene mo nyalong e e boitshepho.
Ditente tsa teng tse ditshweu di ne di ka tsenya batho ba ka nna 300, mme di sa le di simologa go penologa fela le baeng tota ba ise ba goroge. Fa gare ga ditente tse go agilwe serala se se tona gone fa diopedi di neng di binela teng. Serala sa teng se ne se dirilwe ka botswerere ke mongwe ya ditsala tsa bone ebong Mpho Mathabathe mong wa kompone ya Kwena ya Nnete e e gatisang dipina go tswa South Africa.
Ka tebo ya matlho o ne o ka ithaya wa re gone go tsilwe moletlong o mogolo wa mmino. Go tsere lobaka gore monyadi a tswe mo tlung, khwaere ya Setswana e e atleng e opele “A a tswe re mmone ngwana o tshwana le naledi,” e seyo go letswa tsa sesha dipina.
O dule mo ntlong ka nako ya sethoboloko, mosese o mosweu o tlogela magetla ko ntle, lesire le mmipile matlho mme a ya a kopana le monna ko kgorong ya lapa. Ke fa a mmipolola lesire mosimane. Ba Lerala ba tlola ba relela e kete dinamane di eja mokaragana, baletsi ba megolokwane e ne e ka re go tlhophilwe ditswerere tsotlhe tsa motse wa Lerala, e lelela
Franco a sa bonale ka a ne a thibeditswe ke boidiidi ja batho. Le fa letsatsi le ne le kua go le kalo, batho ba ne ba ikgadika mo go lone go sena yo o batlang go suta fa a neng a eme teng, e se re gongwe a tloga a tlolwa ke monate o o neng o diragala mo seraleng. Dibui tsa bua ka go tlhomagana ga tsone, ba buletswe tsela ke Phempheretlhe wa ga
Pheto. “Lenyalo le tlhodilwe ke Modimo mme ebile le tshwanetse go tshegediwa. Le rile le tla a kgaoganngwa ke loso, le tlhokomele maikano ao. Le tshegetse lenyalo la lona, lenyalo ke selo se se masisi,” Phempheretlhe yo o nang le dingwaga di le lesome le bobedi mo lenyalong a gakolola. Mopalamente wa kgaolo Rre Maele a laya bobedi jo ka poto le letshego. “Magdeline o itshware, o seka wa re tlhabisa ditlhong. O opetse pina wa re “o itshware Mmannana,” mme dira sone se o se opetseng. Leina la gago Magatalena, Mma Jeso ke leina le le tona le le tlhokang
go tlotlwa.” Rre Maele o ne a tshwaela ka go re ntswa dipalo tsa manyalo di le ko godimo go setse go itshupile gore le tsa go tlhalana di ko godimo mme se ga se tsela. O ne a ba rotloetsa go tlotlana, go rerisana mo lenyalong le go sa fitlhelane diphiri. “Madi le dithoto di thubile malwapa a le mantsi. A di seka tsa le kgaoganya.
Rerisanyang,” a tlhalosa jalo a ba tlhomile matlho. Majaditlhogo, e bong malomaagwe Magdeline, Poulo Jack a mo sita a le tlhaeng ka a ne a apesitswe ke boitumelo jo bo seng kana ka sepe. Lefoko la gagwe ya nna gore dibui tsa letsatsi di mo tsetse mafoko.
“Ngwana wa ga kgaitsadiake o re dirile motlotlo, bogolo jang ka e le ene ngwana wa ntlha go re tsisetsa tiro ya go nna jaana mo lapeng le. Ngwana yo, o re beile fa godimonyana motho wa Modimo, ka mmino wa gagwe fela,” ga bua Poulo. boatleng. Lenyalo le, e ne e le maphuthaditshaba. Ke fa e le se mphete ke go fete ko dinepeng. Fela jaaka mo dipineng tsa bone tse di itsiweng ka bontle, ba ne ba tlhophile lefelo le le tsamaelanang le mmino wa bone.
Dinepe di ne di tseelwa ko polaseng ya ga Dialwa, polase e e itsegeng ka mokgabiso wa yone wa setso, le phefo ya teng e lapolosa mowa. Fa go duwa ko dinepeng ke fa e le semphete ke go fete gape fa batho ba sianela go batla ditilo mo tenteng tse di neng di kgabisitswe bontle ke setswerere sa mme go tswa Mahalapye.
Lwapa ke le thibile thi! go sena fa motho a ka baying lenao teng. Ke fa go lemosega gore banyalani ba, ga ba aka ba dira dilo dingwe sentle; ba ka bo ba ne ba batlile lefelo le le bulegileng thata go ka tsenya botlhe. Batsamaisa tiro ba bereka go emeletsa batho mo ditilong mme go sa kgonafale, bo mmutle ba tshwanelwa ke go sutela botlou. Baemisi ba feletse ba nna felamo mmeteng go bapa le banyadi.
Morago jaaka tlwaelo ga itsisanwa ba masika le baeng ka go farologana ga bone. Morafe ga lebega fa o ne o itumetse thata go bona diopedi di tshwana Phempheretlhe le mosadi wa gagwe Figar Phetho, Socca Moruakgomo le ene a patilwe ke mosadi wa gagwe Yvonne, Maxy le Franco.
Matona a puso go ne go tsile Mme Botlhogile Tshireletso, Dr Gloria Somolekae le mopalamente wa kgaolo Rre Prince Maele. Leshalaba le ne la tsaya phekelo e sele fa Franco yo bontsi bo mmitsang Lepako a goroga, batho ba simolola go goa, melodi ya lela, ba ba neng ba le mo ditenteng ba bile ba ithaya ba re go a lowa ka modumo o ne o thuba tsebe mme meseseng e e lakaselang, Charma Gal a apere mosese o o pinki o raletswe ka mokgabisa o motuba.
Monna ke fa a apere borokgwe bo kalela jaana, baemisi ba gagwe le bone ba kaleditse, mmala wa hempe o tsamaelana le mmala wa mosese wa ga mmaabo. A rwele ditlhako tsa rampeetshane e ka re moroki wa tsone o ne a mo labile. Ya re bontsi bo sa ntse bo gakgamaletse bontle jo, banyadi le baemisi ba ya go tsena mo mateising.
Leteisi la ga Magatalena ke fa e ka re mesese e e fa ya banyana ba kwa ga Mmamosadinyana le tlhatlagantswe gantsi mogatla wa teng o bowa kwa, mme o sa mo kgoreletse go binela baeng ba gagwe. Setlhako sa lelela boatleng go fitlha ka letlatlana ka jaana kgosi ya motse Kgosi Selelo Moroka o ne a rebotse gore go ka itisiwa go fitlhela bosigo gare.
Ya re lefifi le ntse le kokota bana le bagodi ba simolola go ikalola jaanong go tsena ba ba neng ba tlhotse ba tshwerwe ke ditiro. Ba gorogela mo go one maitiso go nna basupi ja gore bobedi jaanong ke bongwe. Ga jewa tlhogo go bona gore moono ke eng go ya goora Mogwe ko Mmatshumo go tsweledisa monate o.
Ntswa ba sa tswa go kopana go nna bongwe bobedi jo, jo bo nang le ngwana wa mosimane yo o dingwaga dirobongwe, ba tlhalosa fa go sa fetole sepe. “Tota lenyalo ga le fetole sepe ko ntleng ga gore batho jaanong e kare ba re tlotla thata ba bona mme le rre wa lelwapa. Mo bo gompienong ga rena lenaneo la go dira ngwana, re santse re dira bokamoso. Kana bana ba batla madi,” ga bua Kabelo.
Teaser:
“Gompieno ka re o ka re ga se bo mmasekanta, ba a lakasela monna bo Mmadikokwana, mo ke lenyalo la ngwaga,”














