Letlhogela la mogaka

Source : kutlwano

Author : Kgotsofalang Botsanag

Location : Lerala

Event : Interview

 

Batho bangwe ba mo akgola ba sa iphitlhe, fa bangwe bone ba ngunanguna fa ba mmona a feta. Le fa ka dinako tse dingwe a tlhabiwa ke ditlhong, ka tlhago ga se motho yo o tshwenngwang ke gore batho ba bua ka ene kgotsa ba mo lebile. O itse gore se ba se buang ka ene se sengwe fela… Katlego ya ga Oratile Moloko mo maduong a ditlhatlhobo tsa Junior Certificate (JC) tsa ngwaga wa 2011 tse di sa tswang go tswa, e mo dirile sekgantshwane sa motse.

Moithuti yo wa dingwaga tse di lesome le botlhano wa kwa Lerala kwa kgaolong ya legare, o ne a fenya ditlhatlhobo tsa Junior Certificate ka maduo a Merit, maduo a a bonwang ke ba se bantsi, e bile a eletswa ke motsadi mongwe le mongwe gore ngwana wa gagwe a a tsee.

Mosetsanyana yo wa letlhogela la mogaka, ga a a tsaya maduo a motlhofo. A re o ne a dira ka natla, bogolo jang fa ngwaga wa 2011 o ne a tletse dikgwetlho. O tlhalosa gore ngaloditiro ya ngogola ya badirelapuso, e amile maduo a gagwe thata, ke ka moo a tsereng maduo a B mo dithutong tsa Botaki le Setswana.

Tota maikaelelo a ga Oratile, e ne e le go tsaya maduo a A mo dithutong tsotlhe. Ka go tlhoka lesego o ne a bona boA ba supa le boB ba le babedi mme a se ka itumela ka tota e le moithuti yo o gobokang boA go tloga bonnyeng jwa gagwe. O tshwaa barutabana ba gagwe phoso ka go ngala ditiro ngogola.

O tlhalosa gore o ne a tshwere bothata, a tshwanelwa ke go ithuta dithuto dingwe kwa ntle ga thuso ya barutabana. Oratile o tlhalosa gore o ne a nna le dikgwetlho tsa go kwala diteko tsa kgwedi le kgwedi, tsa bofelo jwa dingwaga tse pedi tse di kwa morago le gone go lebagana le kgwetlho ya tlhatlhobo ya JC. Le fa go ka tswa go ne go ntse jalo, mogaka yo o akgola mme mmaagwe ka go mo ema nokeng ka dinako tsotlhe. O bolela gore o ne a mo kgothatsa ka dinako tsotlhe.

Gore a tseye dithuto ka tlhoafalo, a supa gore go mo dirile gore e nne mongwe wa dinaletsana tsa lefatshe la Botswana. Mmaagwe Oratile e bong Selaelo Moloko, a re o rutile ngwana wa gagwe gore a se ka a ineela le fa a ka nna le mathata a mofuta ofe, a ithute go itirela dilo ka boene.

 O tlhalosa gore o ne a mo fokoletsa tiro ya mo lwapeng, go mo fa sebaka sa go ithuta. Motsadi yo o bolela fa a itumeletse maduo a ngwana wa gagwe tota, a ikgantsha ka ene.

O tlhalosa gore o itlhoka dithata, o ka bo a rekela ngwana wa gagwe mpho e e tlaa mo tlhapisang pelo. Mo go Oratile, go fenya ditlhatlhobo ka maduo a a kwa godimo ga se tlholo ntsha, o sa le a tswa kwa lekwalong la ntlha a tla a di thuthuntsha.

Le fa a setse supile fa a le mofenyi, Mme Selaelo ga a emise go bolelela ngwana wa gagwe ka botlhokwa jwa thuto. Le fa gone Oratile a le botlhale, le gompieno Selaleo o sa ntse a rotloetsa ngwana wa gagwe go ithuta, jaaka motsadi.

Oratile o lebile go ya kwa mophatong wa bone, kwa a ikaelelang go dira ka natla, go feta, go ipaakanyetsa go ya kwa sekoleng sa ithutelo tiro. Le fa mmaagwe a batla gore a ithutele bongaka, maikaelelo a ga Oratile ke go dira dithuto tsa mechanical engineering.

O dumela gore tiro ya bongaka e tlhoka dilo tse dintsi, e bolaisa tiro. Mmamoratwa yo wa moithuti a re o apeile ka pitsa ya mokgako, o eletsa go ipona a feditse dithuto tsa gagwe, a na le seabe mo go tlhabololeng lefatshe la ga gabo. Sengwe sa dilo tse a eletsang go di dira ke go itumedisa mme mmaagwe, yo o mo godisitseng a le esi, a mo tshedisa melapo le melatswana.

 Oratile ga se ene fela a galalediwang go nna mogaka. Mogokgo wa gagwe, Gaorutwe Gobotswang, le ene ke mongwe wa bagokgo ba meletswang mathe ka gore o balelwa mo bagokgong ba ba kgonneng go ntsha maduo a Merit mo dikoleng tsa bone.

Gobotswang o ne a phophoma ka boitumelo, a supa fa sekole sa gagwe se dirile sentle, le fa se sa kgona go bona maduo a a neng a ikaeletswe, a 82 per cent. O tlhalosa gore ga se la ntlha sekole sa gagwe se bona maemo a Merit, a tlhalosa gore sekole sa gagwe ke sengwe sa tse di di gogang kwa pele.

Mogokgo wa sekole seo o tlhalosa gore Oratile ga se moemanosi, o thusana le baithuti ba bangwe ka phuthologo. O supa fa a itumelela gore baithuti ba sekole sa gagwe ka bophara, ba dirile bontle le fa ba ne ba na le kgwetlho ya ngaloditirio, e e amileng dithuto mo setlheng sa bobedi.

 O supa fa setlha sa ntlha se ne se le boketenyana ka ntlha ya gore go ne go sa ntse go baakanyediwa dithuto dingwe. Se se ne sa dira gore baithuti ba tlhaelwe ke dithuto dingwe mo setlheng sa bobedi. Gobotswang o tlhalosa gore barutabana ba ne ba patelesega go ruta ka mafelo a beke go leka go emisetsa nako e e senyegileng fa go sa ntse go ngadilwe ditiro.

O tlhalosa gore go ithuta ka ditlhopha go ne ga thusa baithuti go ingapangapela fa ba neng ba tlhaetse teng ka go neelana megopolo. Kwa ntle ga go tsholetsa ba lelwapa la ga gagwe seriti, Oratile o ne a godisa le sone serodumo sa motes wa Lerala.

Go totobetse gore go sebaseba mo go utlwalang fa Oratile a feta mo motseng, go a bo go buiwa ka ga eng, katlego ya gagwe.

Teaser:

Go eletsa go dira phetogo le go sa ipone tsapa, go dirile gore a fetole dikgwetlho tsa gagwe a di a dire dilotlolo tsa phenyo...

Blog

Editors Note

Polling

Is online betting an alternative income stream or a risk

Is online betting an alternative income stream or a risk

Results

Yes, it is an alternative income stream.: 0.00%

It is a risk. : 0.00%

Not sure.: 100.00%