Bomme ba mokwena ba itshetsa ka go suga matlalo
Source : Kutlwano
Author : Sesha Molebatsi
Location : Gaborone
Event : interview
E re ka Motswana a re phokoje go tshela yo o dithetsenyana, bomme ba le babedi ba Molepolole ebong Mme Tumisang Ngwanathebe le Mme Connie Taukobong, ba bone itshetso e e duleng diatla ka go suga matlalo kwa motseng oo.
Bobedi jo bo simolotse kgwebo e ba ntsha madi mo dikgwatlheng tsa bone ka ba ne ba dumela mo go se ba se dirang. Motho o ka ganela ka fa malapa a bomme ba a lakaselang ka teng, a lakasediwa ke tiro ya go suga matlalo.
Tiro e ke nngwe ya tse di nyaditsweng thata mme tota go lebega e busetsa ebile e le bonolo go dirwa. Mme Taukobong o simolotse tiro ya go suga matlalo ka ngwaga wa 2004 morago ga go rutwa ke ba lephata la temo thuo kwa Molepolole botsipa jwa go suga matlalo.
Morago o ile a ya go ruta go suga matlalo kwa Kago Centre gone kwa Molepolole, dingwaga di le pedi le sephatlo. O ile a tsenelela dikgaisanyo tsa go suga matlalo go simolola ka ngwaga wa 2004 go fitlha ka 2008 a ntse a feta ka tse ditsididi le mo mafatsheng a a ko moseja tota. O boleletse Kutlwano fa a ne a emisa go tsenelela dikgaisanyo tse ka gore o ne a setse a di kopanela le bana ba a neng a ba ruta mme a bona go le botoka gore a ba fe sebaka sa gore le bone ba itshupe bothakga.
O boletse fa e a tle e re fa a apesa banyadi gongwe a segela setlhopha sengwe sa mmino wa Setswana, a neele baithuti ba gagwe bontlha bongwe ja tiro gore le bone ba itatswe menwana. Mo nakong eno o ruta ga e golelwe le gone go tswa thuso ba ba dikobo dikhutswane go tila lehuma ka go itirelaka matsogo a bone. O supile fa kgwebo e, e mmusetsa ka a sa emele kgwedi go fela gore a bone madi.
Ka one a o kgonne go ikagela motse ebile o itlhokomelela le bana. A re dilwana tsa gagwe di rekwa mo go kgotsofatsang, ditlhwatlhwa di simolola ka P60 go ya go P3 500. A re ke ene a segang sengwe le sengwe ebile a roka matlalo mme thata o remeletse mo go rokeng dikgwama tsa bomme, dilwana tsa setso le gone go dira makgabisa a mo ntlong tota. Mme Tumisang Ngwanathebe le ene fela jalo, o itshetsa ka go suga matlalo mme ene o simolotse ngwaga o o fetileng.
O boletse fa a ratile go suga matlalo a le mmotlana, ebile botsipa jo a bo amule mo go mmaagwe le bo malomaagwe ba e leng basugi ba matlalo. Ngwanathebe o ne a seka a ikanya bonnye ja thuto bo a neng a bo amule ko batsading.
Le ene o ne a thusiwa ke ba lephata la temo thuo ka go mo ruta go suga matlalo. A re pele a simolola go suga matlalo o ne a inaakantse le kgwebo ya go adimisa batho ditante tsa manyalo, mme a lemoga fa kgwebo e e setse e sena mmaraka ka jalo a sa dire dipoelo mme a ikanya go suga matlalo mo a bolelang go busetsa ka tsela e e gakgamatsang.
A re o itumelela katlego le thotloetso e a e bonang mo Batswaneng le maphata a puso jaaka lephata la diphologolo le bojanala le ba dikgolegelo. A re thotloetso e a e boneng mo go bone ke ya go mo laletsa diphuthego kwa a fetang a rekisetsa batsena phuthego eo matlalo a gagwe, gape go mo fa sebaka sa gore le ene a itsiwe mo setshabeng.
O tlhalositse fa dilwana tsa gagwe di simolola ka P150 di felela ka P3000 mme o suga sengwe le sengwe jaaka mabante, ditlhako tsa setso le mekgabisa. Basugi ka bobedi ba boletse fa ba direla mo malapeng a bone mme ba tsenelela ditshupo ka go farologana go ipapatsa.
Ba boletse fa ba dirisa metsi go suga mme ba dirise metswako e gantsi e leng medi ya ditlhare go taka matlalo a gore a kgatlhe leitlho la moreki. Metswako e ba e dirisang go fa matlalo a bone mebala e, e kemositsane, mimosa, seswagadi le tlhoa. Ba boletse fa ba dirisa kalaka go ntsha boboa mo letlalong.
Se se kgatlhang ke gore bomme ba ka bobedi fa ba sa suge matlalo ba lema ditlhare ka ba re di a ba lapolosa ebile di ba fa megopolo e mesha nako le nako. Ba rotloeditse Batswana go inaakanya le kgwebo ya matlalo ka e busetsa e bile ba re ga ba senyegelwe mo go kalo.
Ba re matlalo a ba a dirisang ba a a itshelela, a mangwe ba a fiwa ke baagisanyi. Ba boletse gape fa ba theogela ka nako ya boferabobedi, ba ye go ja dijo tsa motshegare mme ba fetse tiro ka nako ya botlhano. Ba re tiro e e batla boitshoko, lerato le maikemisetso.
Teaser:
E re ka Motswana a re phokoje go tshela yo o dithetsenyana, bomme ba le babedi ba Molepolole ebong Mme Tumisang Ngwanathebe le Mme Connie Taukobong, ba bone itshetso e e duleng diatla ka go suga matlalo kwa motseng oo...













