Ditlhare khumo ya setshaba

Source : Kutlwano

Author : Tefo Nombolo

Location : Gaborone

Event : Interview

Ditlhare khumo ya setshaba

 Gantsi fa go agwa dikago tse disha mo mafelong a a farologaneng, bogolo jang mo ditoropong, go kgaolwa ditlhare tse di fitlhelwang mo lefelong leo.

Tiragalo e, e dira gore ditlhare ka bontsi, bogolo jang tsa tlholego di nyelele ka gore fa gongwe ga go na gope kwa di ka bonwang teng gape. Selo seo ke tatlhegelo e kgolo mo lefatsheng le tshwana le Botswana.

 Go na le batho ba ba sa batleng go bona tiragalo e e diragala, mongwe wa bone ke Botlhe Khubamang, monni wa kwa Kopong.

Fa motho a tsena ka kgoro ya segotlo kwa ga Botlhe Khubamang o kgatlhantshiwa ke botala jwa ditlhare ka mefuta.

 Go na le tse di nnye, tse ditona, tse dikima le tse di tshesane. Ga go tlhokafale gore motho a botse ka tsone ka gore Khubamang o nna fela a le malala a laotswe a emetse mang le mang yo o ka tswang a na le kgatlhego ya go ithuta ka mahumo a a tlholego go mo tshologela ka kitso e a nang le yone ka ga ditlhare tse.

“Se ke setlhare se se bidiwang maragoabahumagadi,” a bua jalo a re bontsha setlhatshana se maungo a teng a dikuruga tse tharo. Fa motho a sena go utlwa leina la setlhare se, o kgona go lemoga bokao jwa lone ka jaana leungo la sone le lebega jaaka marago kwa ntle fela ga gore ga le a kgaoganngwa gabedi, le kgaogantswe gararo.

“Mma, ke simolotse go jala ditlhare tse tsa tlholego ka 2009.” Khubamang o tswelela ka go tlhalosa gore o ne a dira jalo ka gore o ne a batla go somarela ngwao ya Setswana ka tlhokomelo ya ditlhare tse.

 “Ke lemogile gore mo lefatsheng le la rona re sia thata le dilo tsa dingwao tsa sekgoa.”

Go jala ditlhare tse, o simolotse fela a tsaya dithotse tsa ditlhare tse fa a di bona a ntse a tsamaya mo nageng, go tswa foo, a di tseele kwa lapeng go di jala. Sengwe se se neng sa mo gwetlha gore a dire jalo ke temogo ya gore Batswana ba bangwe ba ne ba sa tlhole ba itse dingwe tsa ditlhare tsa tlholego.

 Mo motseng wa ga gabo wa Kopong, Khubamang ga a ise a kgone go ruta batho ka gore bangwe ba santse ba sa dumele gore ditlhare tse a di jalang ke tsone tsa tlholego.

“Batho bangwe ga ba tshephe gore a ke nnete gore ditlhare tse ka nnete ke tsone tse ke di biditseng ka maina a tsone,” a bua jalo sefatlhego sa gagwe se tlala bohutsana. Seemo se fetoga ka bonako fa a tswelela ka gore o kgona go ruta bangwe kwa sekoleng sa Botswana College of Agriculture.

 Dingwe tsa ditlhare tse a di jalang ke bo kgomodimetsing, yo o tlwaelesegileng ka go natetsha mogodungwana ka moutlwalo o o babababang, mosokowabadisa, legabala, le le neng le namola badisa legaba ka ba ne ba le besa kwa madisong, serowa, motlhware jalo jalo.

 O eletsa gore bana ba gagwe ba tsee kitso e a nang le yone ba kgone gore ba e tsweledise ba rute Batswana mme ka maswabi le bone ga ba ise ba supe kgatlhego mo keletsong e ya gagwe.

 Le fa go ntse jalo, Rre Khubamang o na le tshepho ya gore kitso e a nang le yone e ga e kake ya latlhega ka a tlaa leka ka bojotlhe jwa gagwe gore a kope thuso gongwe le gongwe fela kwa a ka kgonang teng. Gakere molelela phofu ya gagabo ga a swe lentswe le gone ngwana o sa leleng o swela tharing?

 

 

Blog

Editors Note

Polling

Is online betting an alternative income stream or a risk

Is online betting an alternative income stream or a risk

Results

Yes, it is an alternative income stream.: 0.00%

It is a risk. : 0.00%

Not sure.: 100.00%