Mapodisi kwa Thamaga a ja mokaragana

Source : Kutlwano

Author : Mothusi Soloko

Location : Thamaga

Event : Interview

 Fa o tsena kwa diofising tsa mapodisi kwa Thamaga, o ka kukega maikutlogongwe wa bo wa ja magala, o tsaya gore ke kwa ga mmapereko fela kwa go se nang ngwana le mogolo, go ikapeelwa dikgobe ka ketlele.

 Mapodisi mo motseng oo ba ja mokaragana. Bone le mogolwane wa bone Balisi Ntamba, go katwe ba tshamekela mo tirong. Pharologanyo fela ke gore tshameko ya bone ke e e molemo. Motho o ka re mokaragana o ba o o jang o, ke o o tsisang maduo.

  Fa o tsena ka kgoro o tlaa fitlhela ba tlet se molefelong la bogorogelo, dikgang di ile magoletsa. Fa gare ga bone go eme ene Ntamba, lentswe la gagwe le utlwiwa ke motho a se fano mme mapodi si e ka re dithaga di bone noga. Ka nako eo ya leratla la dinonyane, botlhe, ba a bo ba lwela gore mogolwane wa bone a utlwe se ba se buang.

 Go a bonala gore dikgang le metlae e e jewang di tsenya mapodisi matlhagatlhaga e bile di ba bopaganya le moeteledipele wa bone. Fa o tsenya leitlho thata, o bona gore mapodisi a Thamaga a na le kgololesego mo tirong.

 Motsotso mongwe o kgona go bona lepodisi le tsena mo ofising ya mogolwane le moiteela setlhako le bo le tlhabela pele, mogwanto o ka re ke wa monna a meta tshimo. Fa motho a se kelotlhoko, o ka bo a tsaya gore gongwe Ntamba o thapile masika a gagwe.

 Ba tlwaelane, ba arabisana sentle mme sengwe le sengwe gantsi se felele ka ditshego. Monate o mapodisi a o ojang o benya mo difatlhegong tsa bone. Kgang ya re mapodisi a a tlhagafaditswe ke ene moeteledipele wa bone. Fa e sa le a tsena kwa motseng oo go tswa kwa Kachikau mo kgaolong ya Chobe, o ka re dilo di tlaa apara tshiamo. Tota go mo tlhalosa sentle, Ntamba ke monna yo o ratang metlae, ke sone se mapodise a gagwe a mo ratang.

 Fa a itlhalosa, a re o rata batho ba ba tlotlo e bile ba itshwara sentle. Fa o mmotsa, ga a ganele gore ke motho wa metlae e bile a re ke yone e dirang gore tiro e nne monate.

Letsatsi lengwe ke leo,ra ngwangwaela re batla go bona gore tota monna yo o tlhatlog ileng monyo e bile a lemok ima yo, o tshela jang. Ka lesego ra fitlhela lepodisi leng we le tsile thari.

 Ngwana wa batho a bo a le mo mathateng, a omanngwa ke motho ka metlae kgapetsa kgapetsa, a itaya setlhako mme morago a thubega ka ditshego Ntamba ene a le gata kgakala. Ntamba a re ene o tswa kgakala ka metlae mme a re gantsi fa e le la ntlha a tsenang mo lefelong, mapodisi ba a tle ba akanye gore o lesotlo mme morago fa ba sena go mo tlhaloganya, ba tloge ba je monate.

 Ntamba a re go ne go se motlhofo go tsosolosa megopolo ya masog wana a gagwe fa a goroga kwa Thamaga.

 Dingwe tse a neng a di lwantsha e ne e le mokgwa wa go keteka babelaelwa fa ba ba tshwara mme a tlhalosa gore jaanong mokgwa oo o fedile kwa Thamaga. Tumelo ya ga Ntamba ke gore moeteledipele o tshwanetse a ruta balatedi ba gagwe go iketelela pele, ba lese go salwa morago jaaka dihutshane.

 A re jaa ka moeteledipele, ga go a tshwanela gore o supe maatla a gago mme

a re go mosola go thusa ba bangwe go lemoga bokgoni le maatla a bone. Metlae ya ga Ntamba ga e ut lwale fela mo ofising, bomme ba ba rekisang dikuku fa pele ga diofisi le bone ba mmolela e le rametlae.

 “Motho yoo o rata go goa, leratla la gagwe re le utlwa re le fa. Fa a batla sengwe, o re goa fela a le kwa,” go bua Mme Tshepiso Marumo. Marumo a re Ntamba o tlhola a dikologa mo diofising letsatsi lotlhe, a re o ipotsa gore ka a le mogolwane, natla e ya go sasanka mo diofsing o e tsaya kae. “O metlae, re tlhola fela re hupetse ke ditshego,” ga ipoeletsa Tshepiso. Mme gatwe fa o batla go mo ja monate, e bo mapodisi a gagwe a sa dira seng we ka fa tshwanelong.

 Mapodisi a gagwe ba re o ila boitseme lebaibai. Mme ba re fa o batla go mo itumedisa, e re o mmona o iteele setlhako kwa godimo.

“Ke motho yo o reetsang e bile o a utlwisisa. Fa a tsena mono, re ne re ipotsa  dipotso ka ene, mme fa re sen a go mo tlhaloganya, ra bona gore ke ene modisa wa nnete.

 O bua phatlalatsa mme e bile a rotloetsa,” ga bua jalo lepodisi lengwe, Tshenolo Mmamalelala. A re Ntamba ke motho yo o modumo mme a batla tiro e dirwa ka bonatla.

“Fa a se yo mo tirong go nna bosula, re natefalelwa ke modumo o wa gagwe,” ga bua Mmamalelala.

Mme le ga le mokhanselara wa kgotla ya ga Motlhabane, Tona Selala o mo supa ka monwana a re e re le fa a leka go lwantsha borukutlhi, ba sa ntse ba letile gore a itshupe mo morafeng ka diphuthego tsa kgotla. “ Ga a ise a kope kemonokeng ya morafeng mo go lwantsheng borokutlhi,”

 Go ya ka dikakgelo tsa batho, go a bonala gore Ntamba ke morongwa yo o molemo, yo o rometsweng go tla go gapa motse wa Thamaga modirukutlhing. O ka ruta baeteledipele ba le bantsi gore go etelela batho ga sego gagamatsa ditshika.

 

 

 

Blog

Editors Note

Polling

Is online betting an alternative income stream or a risk

Is online betting an alternative income stream or a risk

Results

Yes, it is an alternative income stream.: 0.00%

It is a risk. : 0.00%

Not sure.: 100.00%