Lesego Kgajwane: Mo pelong ya setshaba
Source : Kutlwano
Author : Lesego Bogatsu
Location : Gaborone
Event : Potsolotso
Ke sekao sa mosadi yo o gololesegileng, yo o lebelelang ngwao ka tsela e e tshwanetseng. Go ka twe mo malatsing ano Batswana ba fetogile, ba amogela go ikemela ka nosi ga motho wa mme mo itsholelong.
Ka ntlha ya seo, seabe sa bomme mo boeteleding pele jwa ditiro ka go farologana bo a oketsega. Koketsego e ya seabe sa bomme e a itshupa le mo ditirong tsa go ntsha batho bodutu. Go nna teng ga lesomo la badiri ba ba lebaganeng le go tlosa bodutu jaaka Lesego Kgajwane ke sesupo sa phetogo e.
Kgajwane, yo o tsetsweng e le ene fela mosetsana mo lelapeng la bana ba le barataro, ke sekgantshwane, e seng fela mo thakeng tsa gagwe, mme go ntse jalo le mo go bo kgaitsadie ba bannye mo go ene. E setse e le dingwaga di ka nna masome mabedi jaanong ba a dirang le bone ba mo itse ka lentswe la gagwe le lesesane, le go nna segatlhamela masisi mo mananeong a dipuisano tse di ratwang ke bontsi.
Ka dinako tsedingwe o na le go tshoganyetsa bareetsi ka kgang, mme e le tsela nngwe ya go dira dinyao kgotsa go ba kgatlha.
Kgajwane ke mosadi wa mohuta o o ngwao di amogelesegang, mme ka jalo e nna mmamoratwa kgotsa sekai se sentle mo basading ba le bantsi.
Ka 2000 lentswe la gagwe le ne la nyelela mo seromamoweng ka a ne a ile go ikoketsa dithuto kwa Zimbabwe. O ne a nna teng ngwaga fela ka ntlha ya go gola ga dikgoberego tsa sepolotiki le tsa itsholelo koo.
Ka 2001 o ne a ya kwa Unibesithing ya Midrand kwa Aferika Borwa, kwa e rileng a le teng ka go tlhoka lesego, fela jaaka ngwaga ole wa 2000, ga tsoga mathata a a neng a tlama gore a fudugele kwa Unibesithing ya North West, kwa a nenga tsaya ka setlankana sa Degree- in Communications.
Le fa go ntse jalo Kgajwane yo o dingwaga di masome mane le bongwe, o ne a boa a amogelesega sentle mo seromamoweng ka lenaneo le le rategang la Mosalagae la beke le beke go tloga ka nako ya boferabobedi mo mosong go tsena lesome le motso.
Mo nakong eno, ke mogasi wa Maokaneng, ka Laboraro go tloga ka nako ya metsotso e le lesome le botlhano morago ga bone tshokologo go tsena nako ya borataro mo (RB 1), se se itsegeng ka poko ya: The station at the heart of the nation.
O fitlhela a utlwala jaaka motho a sa amiwe ka gope ke letsapa le badirela puso ba le bantsi ba ratang go bua ka lone la beke e simologa. Fa Kgajwane a e mo moweng, Mmantaga ke letsatsi le le tshwanang fela le a mangwe, dinyao di tswelela fela.
“Ke ne ke tle ke etse bagasi ba ke ba ratang fa ke sale monnye,” ga latlhela Kgajwane a tlhalosa gore ka nako eo ke fa a ise a simolole sekole se sebotlana kwa Mosielele kwa Moshupa.
O ne a tloga a ya go tsena kwa go se segolwane sa Moshupa mme a fetsa ka 1988. “Ke ne ke tle ke reetse setshego sa ga Mogatosi Kwapa mo seromamoweng”
O tlhalosa ka fa a neng a tle a eletse baithuti ka ene ka fa Esther Kanaimba a balang dikgang ka teng. “Ke ne ke rata thata lentswe le le nonofileng
la ga Esther Kanaimba Senai a bala dikgang. Tota ke ne ke sa solofela gore ke tlaa tlhola ke bona sebaka sa go tla bokgakaleng jo ke bo tsamaileng ke le mo seromamoweng.” Fa ke le mo seromamoweng ke gwetlha batho go bua ka tse di ba kgatlhang thata, tse di ba tlhabisang ditlhong kgotsa di ba tshwenya thata, gore ba ikimolole maikutlo a gantsi a hutsafatsang batho a ba itsa go kgona maikemisetso a bone. “Go ntsha maikutlo a a ntseng jaana phatlalatsa go a fodisa,” Lesh a gakolola.
Le fa ‘Lesh’, jaaka a tumile, a ikokoanyeditse matshwititshwiti a balatedi, o gatelela ntlha ya gore o tsaya botlhe ka tekatekano e bile o ba tsaya jaaka moreki yo o tlhwatlhwa.
Mmino o a o letsang o ratwa ke bontsi ka gore e bile o itse gore o o ratwang ke ene ka namana ga o a tshwanela go fekeetsa o a o leletsang batho botlhe. Ga se gore batho botlhe fela ba tlaa kgotsofalela dipina tse a di tlhophileng. Ka ntlha ya seo, modiri wa tiro e o tshwanetse go bo a wetse maikutlo sentle gore a kgone go kgatlha moreetsi.
Sa botlhokwa ke gore mogasi o tshwanetse go itse gore o reediwa ke batho ba maikutlo le ditlhaloganyo tse di farologaneng. Ka mabaka ao, Lesh o tlhalosa fa e le thomo e e thata ya lejwe, e ka dinako tse dingwe o tshwanelwang ke go thibosa dithaba, go golola batho gore ba bue kgotsa ba anywe kitso.
“Tiro e fela jaaka e le monate, ka ntlha e nngwe e kgona go tsenya letsapa. Tota selo se go nna motho yo o tumileng ga go motlhofo, go tla ka ditsholofelo tse di thata mo go wena, setshaba se solofela gore o nne mosupatsela mo go botlhe, mme go bokete bogolo jang ka o a bo o sa rutelwa tiro go le pele,” a tlhalosa.
Le fa go ntse jalo ga se batho botlhe ba ba nang le maitemogelo a a batlegang a. Go nna le kgatlhego ke gone go tsamaisang botshelo, mme ya ga Kgajwane e papametse. O rata dilo tse dintle mo botshelong go tswa bonnyaneng. O bua ka lorato, boikokobetso, tlotlo le go kgathala ka bana. “Ke utlwa ke segofetse fa ke le mo gare ga bana,” a bolela. Ke rata go bona ba ntsha ga tshwene.
Ke sone ke batlang go bona lenaneo la Inola la bana le boetse moweng,” a bua a gatisetsa. Lesh o tsweletse ka go nna boineelo mo tirong ya gagwe le mo bareesting ba ba mo ratang mo a bileng a tumisite bareetsi ba ba leletsang mogala thata mo seromamoweng jaaka bo-Rre Dithatho kwa Gantsi, Matlhola- a-di-bona kwa Lobatse, Rre Kolo, Rre Direlang le ba bangwe. Palo ya bareetsi bano ba lenaneo la Phutha ditshaba a gola.
Ka dinako tse dingwe motho o patelesega go hapoga tsela ya barati ba gagwe, mme a letlelele megopolo e mengwe e e tlhokegang ntswa e sa ratwe ke botlhe.
Go papametse gore Lesh o pharologano le bagasi ba le bantsi ga a ke a ikgogona go ntsha se a dumelang e le boammaaruri fa a le mo phefong. Lesego Kgajwane yo o mo utlwang mo seromaoweng le kwa ntle ga seromamowa e ntse ke ene yoo. Le fa go ntse jalo, motho o tlhoka go kopana le Kgajwane a mo itse a semo tirong, jaaka e le mme yo o tshephileng thapelo ka boineelo e bile a rata bana. Lesh ka nnete o tshwanelwa ke go tuma mo a go itiretseng e bile o tlaa tswelela a le morotloetsi mo go botlhe.
Teaser:
Lesego Kgajwane yoo tsetsweng e le ene fela mosetsana mo lelwapeng la bana ba le barataro, ke sekgantshwane, e se fela mo balekaneng ba gagwe, mme go ntse jalo le mo go bo kgaitsadie.












