Ngwao boswa

Source : Kutlwano

Author : Lucrecia Chima

Location : Gaborone

Event : Interview

Go ne go leba yoo sebete mo tseleng e kgolo ya Gaborone-Francistown - dikoloi di iteisana borathana ka lobelo di lebile Rasesa; maikutlo otlhe a le mo moletlong wa ngwaga le ngwaga o o bidiwang Son of the Soil.

Mo ngwageng o moletlo wa Son of the Soil o ne o tshwaretswe kwa Masimo Gateway ko Rasesa. Masimom Gateway ke lefelo le go tshwarelwang ditiro tsa ngwao gantsi.

Son of the soil, ke moletlo o o rotloetsang ngwao ya Setswana, e go lebegang e nyelela ka mo nokela.

Ke ka moo, barulaganyi ba moletlo o, ba ba ipitsang Bana Ba Mmala, ba neng ba bona go le botlhokwa go simolodisa moletlo o, o mo ngwageng wa bosupa o ntse o dirwa.

Mo dingwageng tse di fetileng moletlo o tota o ne o tshologelwa thata ka nako tsa motshegare, go setse go jewa dijo tsa motshegare. Le fa gontse jalo, ka go lemoga fa bangwe ba sa itse go apaya dijo tsa setso Bana Ba Mmala ba simolola go rotloetsa barati ba letsatsi le go simolola go tla mo mosong gore ba tsenye letsogo mo kapeing.

Fa go le phakela, go jewa dijo tse o ka di fitlhelang mo malapeng jaaka manyonyomane, melala le menoto ya dikoko.

E re ntswa mo malatsing a gompieno batho ba a ja bo Nandos, Pizza, le Kenturkey, go lemotshega fa dijo tse dingwe tsa mo gae kana tsa setso di santse di ratwa.

“Hee, ke akanya ke le ko primary, re ne re ja ma run-away (menoto) le ma look-around (melala),” ga latlhela rre mongwe wa batsena moletlo.

Go rialo ke fa a buletse dikgang, mongwe le mongwe a gopola tsa fa a sa ntse a le monnye. Ija! Batho ba di bua ka go farologana.

Go santse go le foo yo mongwe a botsa le ka malutu tota, tse tsotlhe di supa fa batho ba lapisitswe ke di khenekhene.

Go tserema ga letsatsi ya bo e le matsapa fela, go se yoo kgobegileng marapo ka go ne go thinkgetswe go dubiwa marotho; go buiwa dinku le dipodi. Go gopotsa motho keresemose ele ya maloba.

Ba tsena modiro o bane ba dira jalo ka go gakologelwa nako tsa maloba, mme ga bo go lemosega fa ba akola e le ruri.

Go simolotswe ka mmino wa Setswana ka go farologana ga one, e le go jesa batho ba ba neng ba se kae ba baneng ba setse ba gorogile monate.

Ya re letsatsi le ntse le suta dikoloi tsa mabono tsa simolola go tshelegela; tse dingwe go le mo lebaleng gore ke tsa Aferika Borwa, go ya ka dinomoro tsa tsone tsa itshupo (number plate).

Ka moono wa modiro e ne e le ‘Kapari ya Setso,’ bomme ba bo ba dirile go swela, ba apere mateisi a mebala e e farologanyeng, mesego e le ya mafatshe a sele. Go ne go leba yo o sebete, ba utwalega jang! Bo rre le bone basa salela ko morago ka ba ne ba apere setso ka  marokgwe a masetlha, go le gontle tota. Ya re dipitsa di ntse di e sha marago, ditante tsotlhe tsa bo di setse di tletse e bile bangwe ba simolotse go phuthulola ditilo tsa bone go tswa mo dikoloing.
Ba ne ba ntse ba tsamaisa nako ka iphafana, go nowa gemere, le bojalwa jwa Setswana (mokuru) jo boneng bo lebega bo kgatlhegelwa ke bontsi.

Nako e e neng e letetswe ya goroga, ya go letsa leino. Ijoo! ke fa di apeilwe ke ditswerere, di lebega. Ele mafaratlhatlha, lehata, letlhodi, bogobe ja lerotse, seswaa, setampa, lephutshe la Setswana.

Go ne ga jewa ga ba ga latlhwa; dijo tsa teng di sa fele mme tsa nna tsa tshololwa fela. Ga digelwa dijo ka lemonade, seno se se dirilweng ka morula.

Go tsweng foo ga jewa tlhako, serala sa mmino se ne sa bulwa ke seopedi Annafiki ka Mpolelele Re Babedi, pina e e neng ya tshikhinya ba le bantsi maikutlo.

Go tsweng foo setlhopha sa Mahalapye sa dira go swela. Sa tlhatsiwa mantswe ke beng gae. Morago ga tsena ba mmino wa Hosana.

Fa ba fetsa ga tsena bomme le borre go supa kapari tsa bone, ba gata ba gatoga, go leba yoo phaketseng. Ba diaparo tsa bone di neng di kgatlha leitlho thata ba atswiwa ka dimpho.

Tse dingwe e le tsa mosego wa Seherero, mosese wa balloon mo go tse dingwe. Ga bo go le maboko, metlae tse tsotlhe. Ba bangwe ke ba le mo boitumelong go bona ditsala tse di saleng di ile, e le one makgatlhanela thapong tota.

Dibui le tsone tsa seka tsa salela kwa morago, Dr Rodgers Molefi, yo e neng e le sebui sa tlotla, o ne a akgolela Bana ba Mmala tiro e ba e dirang ngwaga le ngwaga. Molefi a re banana ba le nosi ga ba kake ba kgona go somarela ngwao. Ka jalo bagolo ba tshwanetse go tshwaraganela tiro e le bone go amogana kitso.

“Bana ba, ba simolotse kwa moding ka basa rolelwa thuto e ke ope, ntswa ba supile maikaelelo a bone batho ba ba golwane gaba a tsenya letsogo ka seabe sa bone ga se lemosege,” a bua jalo.

Onearengwaoyasetsoe santsee kgatlhegelwa ke bontsi, mme e bile a re banana ba ka dira dikgwebo tse di ka arabang se. Dr Molefi o ne a re e re ntswa batho ba bogologolo ba ne ba sa rutega, ba nebanalemeilaeenengehaphadilotse dintsi. “Dijo tsa Setswana di na le dikotla e bile ga di tshwane le tse tsa segompieno tse di tsosang malwetsi a mantsintsi. Jaanong kana malatsi a ga le tlotle meila.”

Nyiko Mlambu go tswa Aforika Borwa oneareoithutilegolegontsikangwaoya Batswana e bile a re o lemogile fa Batswana e le morafe o o kitlanyeng.

“Ke ratile Maphane (phane), ke la ntlha ke e ja ntho e,” Nyiko a tlatsa. Fa le dikela kefa go jewa koma go santse go ipaakanyetswa mainane le bo dithamalakane mo go tse dingwe.

Goyapelegolebegafamoletlowa Son oftheSoilotlaategalegofeta goyaka dipalo tsa ngwaga ono.

Teaser:

 Son of the soil, ke moletlo o o rotloetsang ngwao ya Setswana, e go lebegang e nyelela ka monokela.
Ke ka moo, barulaganyi ba moletlo o, ba ba ipitsang Bana Ba Mmala, ba neng ba bona go le botlhokwa go simolodisa moletlo o, o o mo ngwageng wa bosupa o ntse o dirwa.

Blog

Editors Note

Polling

Is online betting an alternative income stream or a risk

Is online betting an alternative income stream or a risk

Results

Yes, it is an alternative income stream.: 0.00%

It is a risk. : 0.00%

Not sure.: 100.00%