Letsopa le tlodisa bomme melatswana

Source : Kutlwano

Author : Sesha Molebatsi

Location : Thamaga

Event : Potsolotso

Thamaga Pottery ke mokgatlho o o tlhamilweng ka ngwaga wa 1974. Mokgatlho o o simolotswe ke Bakgatla ba ga Thamaga ka thuso ya kereke ya Roma. E ne ya re ke tsena kwa Thamaga Pottery, matlho a me a kgatlhwa ke ntlo ya Setswana, e e agilweng ka mmu, e kgaphilwe ya bo ya kgabisiwa ke setswerere, se se neng se itse tota gore se dira eng. Ka lemoga gore mokgabisa o e ne e le tsela ya go supa fa ba mokgatlho o ba sa ntse ba babalela ngwao gape ba e tlotla.

Kago e e agilweng fa pele ga ya marekisetso, e e kgabisitsweng ka tlhaga e tala e e lakaselang ka bontle, e lekantswe ke setsweretshana sa mmala wa sebilo go supa tlhokomelo
e e tseneletseng. Fela fa o tsena ka mojako wa marekisetso a, matlho a gago a ka jesiwa monate ke makgabisa a a tsenyang dithunya, a dirilwe ka letsopa ke setsweretshana sa ngwana wa MoAferika.

Makgabisa ao a tsentse dithunya tse di kgatlhisang, tse di tsisang lesedi le mmoni wa tsone a
ka lebalang gore o mo Botswana. Mo marekisetsong a, go tletse didirisiwa dingwe le dingwe tse motho a ka di akanyang tsa mo ntlong, di beilwe bontlenyane e le ruri, go simolola ka bonnye go tsena ka botona ba tsone.

E re ka mosadi e le thari ya setshaba, a tshwara thipa ka fa bogaleng, mokgatlho o wa Thamaga pottery o simolotswe ke bomme ba Thamaga, ba banna ba bone ba neng ba direla kwa meepong ya Aferika Borwa. Bomme ba, ba ne ba sala ba tlhokomela bana mme ba sa bereke, go se na madi
a ba ka itshetsang ka one fa borre ba sa ntse ba le kwa ditirong.

Ka Motswana
a tle a re tlala se je bongwanake ke godile, ba ne ba tswa ka leano la motia, la go bona madi a ba ka salang ba itlamela ka one jaaka go duelela bana madi a kwa dikoleng, e le a go reka dikerese gore mantlwana a borutelo a phepafadiwe le madi a matshediso fela jalo. Ya bo e le gone jaaka bomme ba ba tsaya tshwetso ya go tlhama mokgatlho wa Thamaga Pottery, o re o bonang o supa bothakga gompieno.

Ba simolotse ba dira ka diatla badirisa letsopa go dira dinkgwana, dijana le diphafana, ba bo ba di rekisa gore ba kgone go thiba diphatlha mo malwapeng ka madi a ba neng ba a bona fa borre ba sa ntse ba ile go jaka.

Thamaga Pottery e simolotse e le mokgatlho o monnye mme gompieno o godile ka o na le maloko a le lesome le bosupa fa rre a le mongwe mo go bone. Mokgatlho o o na le lefelo le babopi ba direlang mo go lone gone kwa Thamaga, le marekisetso a didirwa.

Mookamedi wa Thamaga Pottery Mme Botlalo Keipeile, o tlhalositswe fa ba dirisa letsopa fela mo dilwaneng tsotlhe tse ba di dirang, mme a bolela fa ba reka letsopa leo kwa Aferika Borwa, ba dirisa madi a a tswang mo letloleng la bone ka e le gone fela kwa ba bonang madi teng.

Mme Keipeile a re letsopa le tla
le le boupe, ka jalo ba le tsenya mo metsing go le ntsha leswe, e re fa leswe le kokobala fa godimo ga metsi, ba a tsholole. Letsopa le tlaa bo le sala le ikgatile kwa tlase mme le dubiwe gore le kgone go dirisiwa motlhofo mme
fa ba fetsa, ba simolole go bopa se ba batlang go se bopa.

Morago ga go bopa se ba se batlang, ba se kgabisitse ka fa ba kgabisang ka teng, ba dirisitse le mebala e e farologaneng go kgatlhisa leitlho la moreki, ba tsenya se ba se bopileng mo sethuthafatsing sa bone gore se thatafale. Fa dilwana tse di tswa mo sethuthafatsing, ba di tshasa se ba se bitsang galase, go di babalela fa di tlhatswiwa kana di apeela gore di se ka tsa senyega, gape galase e e phatsimisa didirisiwa tse mme di lebege di kgatlhisa. Ba tlaa bo ba di busetsa gape mo sethuthufatsing sa bone gore galase e nwelelele mme morago e dirisiwa tseo di isiwa kwa marekisetsong go ya go bapadiwa.

Mongwe wa badiri ba Thamaga Pottery Mme Theko Dikobe, yo o simolotseng le mokgatlho o ka ngwaga wa 1990, o tlhalositse fa a ne a simolola go dira mo mokgatlhong ka ntlha ya
go tlhoka tiro.O bolela fa monna wa gagwe e le molemi morui, ka jalo ba sa bone madi sentle. Mme Dikobe a re o tshedisa ba lelwapa la gagwe le batsadi ka bonnye jo a bo bonang mo tirong,
ka jalo a leboga Modimo ka a kgona go oba letsogo.

Mme Dikobe o dira ngwaga wa gagwe wa bomasome a mabedi le bobedi kwa Thamaga Pottery, mme o bolela fa a sa ntse a itumelela tiro ya gagwe fela thata. O tlhalosa gore tiro
e e batla bopelotelele, lorato, botlhaga le boineelo gore motho a ntshe ga tshwene, a tle a ntshe dithoto tsa maemo a ntlha. O rotloetsa Batswana go tlhwaafalela tiro ya diatla le batsadi go rotloetsa bana ba bone go inaakanya le tiro e, bogolo jang banana ba ba
sa dirang sentle kwa dikoleng ka ba gobeya mo mebileng.

O tlhalosa fa go dira ka diatla go ka ba thusa gore ba se ka ba kgatlhiwa ke ditiro tse di duleng mo tseleng jaaka go utswa. Mo sebakeng se, ba mokgatlho o ba ruta banana ba le babedi, ba ba boneng botlhokwa jwa go dira ka diatla e bong Mopati Selabe, yo o tlhalositseng fa a rata tiro ya diatla
le Thandy Boitshepo Kgotlaetsile, yo a emetseng maduo a gagwe a mophato wa botlhano mme a rata tiro ya diatla fela thata ka a ne a e dira kwa sekoleng. Ba tlhalositse fa go le botlhokwa mo bananeng gore ba itshetse ka diatla ka ditiro di seo.

Ba mokgatlho wa Thamaga Pottery ba rutilwe go bereka ka letsopa ke ba Lekgaba Centre kwa Francistown. Gompieno ba ruta mongwe le mongwe yo o batlang go dira le bone mo madirelong a bone, gone kwa Thamaga. Mme Keipeile o bolela fa ba tlhokana
le banana mo madirelong a bone ka
a tlhalositse fa kgwetlho ya bone e le gore basha ga ba nne lebaka le bone ka ba se na bopelotelele, ba batla ditiro tse di bogadi bo gaufi. O tlhalosa fa
ba bereka thata le bagolo ka e le bone ba ba supang kgatlhego mo go direng ka diatla. A re mo mokgatlhong wa bone motho yo mogolo mo go bone,
o tshotswe ka ngwaga wa 1935 fa o monnye e le wa 1982.

O supa gore seemo se a tshwenya fela thata ka basha ba tletse mo mebileng ba se na se ba se dirang, mokgatlho o o neng o ka ba thusa gore dipalo tsa bone mo mebileng di fokotsege, o le teng. Ga ba itse Setswana se se reng metlhala ya khumo e mentsi, e tlhoka balati.

Mokgatlho o o tseneletse dikgaisano tse dintsi mme o
ntse o tswa ka tse ditsididi mo dikgaisanong tseo, mo e le sesupo
sa gore o dira tiro e ntle fela thata,
e e ratwang ke bajanala le setshaba ka kakaretso.

Mme Keipeile o bolela fa kemonokeng ya Batswana e le e
e nametsang, bogolo jang malatsi ano ka ba supa kgatlhego e ntsi. Ba bula letsatsi le letsatsi, go simolola ka nako ya boferabobedi maphakela go fitlhelela nako ya botlhano mo maitseboeng mme ditlhwatlhwa tsa didirwa tsa bone di simolola ka P20 go fitlha kwa go P1,500.

Ba direla
go bapa le kereke ya Roma kwa Thamaga go lebagana le sepatela. Mokgatlho wa Thamaga Pottery e le ruri tsere boikarabelo jwa go godisa matshego a tebelopele ya ngwaga wa 2016 ka o ruta setshaba le go fokotsa lehuma ka go itshetsa ka matsogo, go ipelega. Mokgatlho o o tlhoka thotloetso ya rona re le Batswana le kemonokeng ya banana gore o gole go fetisa fa o leng teng.

Blog

Editors Note

Polling

Is online betting an alternative income stream or a risk

Is online betting an alternative income stream or a risk

Results

Yes, it is an alternative income stream.: 0.00%

It is a risk. : 0.00%

Not sure.: 100.00%