Di ole makgolela

Source : Kutlwano

Author : Mothusi Soloko

Location : Gaborone

Event : Interview

 

Re gorogile kwa ga ngaka Ramontshonyane ka maabanyane a malatlhantshwana. Ra fitlhela bana ba gagwe ba gatile borotho jwa diphaphatha ka moritshana. Ka maswabi Ramontshonyana a bo a se teng. Le fa go ntse jalo, ngwan-a-ngwana wa gagwe a re isa ntlheng ya molapo kwa ka gale e areng le phirima a tshabele serame teng.

Yare fa mme yo o tshelang le ene a bona ngwana-wa-ngwana a tla a tshematshema fa pele ga rona, a kgaoga pelo. A kubugela ngwana ka bogale jwa selepe. “Mosimanyana ke wena, o se ka wa tlhola o tsamaya le batho bosigo o sa ba itse, ba tlaa go tsaya ba ya go dira dipheko ka wena,” a galaotega, e ka re lentswe la gagwe le ka utlwala kgakala kwa molapong.

Re ne ra ngwangwaela jalo le mmila o o boelang kwa lwapeng la ga Ramontshonyana le letona. Fa re feta fa motseng wa ga mmangwane, ka kokobetsa lentswe ke tshoga gore o tloga a nkutlwa, a tloge a gopole gore le nna jaanong ke simolotse!

Re fitlhetse molelo wa mariga o fofela godimo, melomoyana ya bana e ntse meputswanyana, ba a ja diphaphatha ka tee. Ra feta ra ora molelo fa Ramontshonyan e ne a ya go ipaakanya, moragonyana a tla go gabola kopi ya tee pele ga tiro e simologa.  Ka utlwa ke swaswabagana moriri, mmele wa me o ka re o utlwile phefo e o iseng o e utlwe mo botshelong. Ra ipolela.

Ka mo tsenya matlho fela thata, ka lemoga gore go na le sengwe ka ene se se boifisang. Boikanyo a obamela fa tsebeng ya me a re, “se ke mankge monna,”Ditedu tsa gagwe di ne di wela tlase jaaka tsa banna ba mobaebileng e bile di le diputswa. “Mme jaanong le tiswa ke eng fano, a botsa a ntse a goduma mogodungwane ka botswerere jo bo gakgamatsang.

Ya re fela fa kere ke a mo araba, a kgothula segotlhola se se ka tlalang toisi ya setlolo, a se pharela fa thoko ga leiso pele ga a se phuthaphutha ka kupa ya molora, a bo a se latlhela mo leisong.

Boikanyo a tswatlakanyetsa mathe kwa, dibete di tletse ka mahatlha. “Ke tsile go bona gore go tlhatlosiwa maemo ga me go tsamaya fa kae kwa mmerekong le go bona gore botsogo jwa me bo ntse jang.” Ga ipobola….

”A se ka a tswa molomo a tswelela le mogodungwana wa gagwe a iketlile. Ya re a fetsa a tomoga a didimitse a ya go tsena ka ntlwana ya Setswana pele ga a a re biletsa mo teng. Ya re fa ke shadikanya matlho, ka bona matlalo a dibatana a akgega mo leboteng. Fa fatshe go na le a mangwe e ka re ke a dinoga, fa thokonyana go na le tshutlhankga ya medi ya ditlhare.

A ntshita a le tlhaeng, ka ikgomotsa ka gore, go tsamaya ke go bona. Fa e le gore matlalo a dikatse le a dinoga a ka nthusa go tlhatlosiwa maemo kwa tirong ke tlaa bona, ka bua ka pelo.

Re sa le foo, Ramontshonyana a goga letlole go lebega le dirilwe ka letlalo la tlhware. A tloga a feela ka letlhokwa fa fatshe moragonyana a re ke khuele mowa mo kgetseng mme a nkopa gore ke moetse. A di gasetsa fatshe, sejaro sa ya go wela gaufi le setlhako sa ga Boikanyo.

 A di lebelela ka tshisibalo, a tshikhinya tlhogo  a ise a re ,” Di mpherefere, ke matlhakola a mantsho, mosimanyana wa segatlhamelamasisi le motsetse o ka o tsena le go o anya o ka o anywa.  O se ka wa kgatlhwa ke mogatla wa nku wa ba wa e sala morago ka gore o tlaa thulwa ke konyana” a di buisa. O ne a ntlhoma matlho o ka re ke motho a tlhomoga pelo a nkopa gore ke di tseye gape. “O batla go tlhatleelwa,” a mpolelela.

Ka di nopola ka bongwe ka bongwe, ya re ke fetsa a nkopa gore ke bue fa morago ga gagwe. “Ke a itaola, o matlho o a bona, o nko o a dupelela, mpolelela,” ka boelela se a buang, morago ka di pharela fa fatshe, sejaro sa ya go wela fale moremogolo a ema jaaka pinagare fa gare ga tsone. A di kanoka ka kelotlhoko e e tseneletseng.

Tsa tshwara masika ka kwa ga mme le kwa ga rre tsa se ka tsa ba fosa. Ya re fa re boelela la boraro, tsa tshwara letheka le la me le le thubetseng ruri, tsa tshwara le tlhogo e e opang ke sa e utlwe. 

Monnamogolo a re e opela ka koteng. A di boka motho wa maloba, ya re a re a tswa molomo, a re kwa tirong tsela tshweu.  “Lekwalo la gago la tlhatloso maemo le teng, mookamedi wa gago fa a tshwanetse go le go neela o thibelwa ke sefifi.  O tlhokana le go tlhapisiwa, o tlaa le go neela. Gone nnete e a tlhokafala, letheka lone ke bolwetse jo ke tshelang le jone, tlhogo jaaka a bolela ga ke ise ke e utlwe. 

A tloga a tshwara kgaba e a bolelang fa bangwe ba bagolo ba me ba ngongoregela gore ga ke ba fe madi. E bile a tlatsa ka gore fa ke se na go amogela,  madi a me a itsamaela jaaka dipampiri. “O tshwanetse go tlhapisiwa gore dilo tse tsotlhe di nne sentle. E seng jalo o tlaa berekela lefela,”  a mpolelela.

Ya re fa re fetsa a oba letsogo a re tlhatlhobo e lefiwa ka masome a matlhano. Fa re tla kwa go tlhapiseng, a paralatsa menwana a kua dikete di le pedi ka ba ka kgaoga pelo ka ke ne ke re gongwe o mo rekela sekerese fela kgang e bo e fedile.

Tota mme ka ke setse ke itse gore lekwalo le teng, ke eng nka se tsene mo kantorong ya mogolwane wa me ka mmotsa ka lone kgotsa ka ya go le ipatlela mo kantorong ya gagwe. 

Ya re mo mosong wa le le latelang ka tsena ka mogolwane wa me, ke mo tsaya dinopolo ke re gongwe mmutla o ka rotha madi. Ga se ka ga nna nko e tswang lemina.

Fela ka ikgomotsa ka gore fa e le dipitse re tlaa di bona ka mebala. 

Teaser:

 

Ke tsile go bona gore go tlhatlosiwa maemo ga me go tsamaya fa kae kwa mmerekong le go bona gore botsogo ja me bontse jang.”

Blog

Editors Note

Polling

Is online betting an alternative income stream or a risk

Is online betting an alternative income stream or a risk

Results

Yes, it is an alternative income stream.: 0.00%

It is a risk. : 0.00%

Not sure.: 100.00%