Ba e tlhoka ba tlhoka boroko...

Source : Kutlwano

Author : -

Location : Kaudwane

Event : Interview

 

Ke yone kgomo e e neng e tsentse barui ba motsana wa Kaudwane mo kgaolong ya Kweneng phatlha le phatlhana fa ba ne ba leka go e inola mo ganong la ditau gore le bone ba tshwane le banna ba malapa a mangwe ka go tsena mo mererong ya thuo.

Go ne go se bonolo go atisa leruo kwa motsaneng oo. Barui ba ne ba ina ka je, go se nko e tswang lamina, ’sika loo tau lo bokwa jaaka dintsi tsa moraka go di itsa go kgoreletsa ditoro tse barui ba neng ba na natso.

Fela jaaka barui ba motia ba lefatshe leno, banni bangwe kwa Kaudwane le Diphuduhudu mo nakong eno ba ikutlwa ba le moko o thata go bua ba ntshitse phega ba setse morago motlhala wa maiteko a puso a go ba inola mo lehumeng ka go ba some mo mererong ya go rua. Basarwa ba kgaolwana eo e ne ya re ka dingwaga tsa bo 1997 puso ya ba abela leruo go ba rotloeletsa thuo.

E re ntswa dikgang tsa tshenyo ya dibatana e setse e le tsa maloba, ga se banni ba motsana oo botlhe ba ba kgonneng go latswiwa ke tlhware jaaka Rre Otukile Tshekamelo jaanong  setlhako go lela sa gagwe.

Rre Tshekamelo, yo mo nakong eno a nang le matlhape a a fetang masome a mane ke mongwe wa Basarwa ba Kudwane ba maiteko a bone a eletsegang morago ga gore puso e ba abele dikgomo di le tlhano mongwe le mongwe ba sena go fudusiwa kwa mafelong a boGope, Gugamma, Metsiamonong, Mothomelo le Gagalabadimo kwa Central Kgalagadi Game Reserve (CKGR) go tla gaufi le ditlamelo.

Go ruela mo lefelong la diphologolo go tlhalositswe e le kgwetlho, ntlha e e itemogetsweng segolo bogolo ke barui ba Kaudwane ba ba tlhalosang fa ba ne ba boka dibatana jaana dintsi di mamere kgamelo ya mashi.

Morui yoo mo nakong eno ke mongwe wa ba ba ka emang ba ntshitse phega go bo ele mogaka yo o neng a lwa e e matlho mahibidu ka gotlhe mo a nang nago go netefatsa tlhokomelo ya loruo lo puso e kileng ya mo segofatsa ka lone.

“Kgang ya go rua ke e e thata e batla motho a ititeile sehuba ka gore thuo ka nosi e mashetla mme go leka go tlhalosa bothata jwa yone ke mo mmoki mongwe a kileng a re; e batla monna yo o tsalang, a tsala a rulaganya dirathana, a tsala jaaka lesogo le kgaka.

Mongwe o ka kaya Rre Tshekamelo e le segatlhamela masisi ka jaana katlego ya go rua ga gagwe e ne e tsentse botshelo jwa gagwe mo diphatseng. O kaya fa jwa dintshi a ne a bo utlwalela ka batsei ba molelo go fitlha seemo se boela meriting mo dingwageng tse pedi tse di fetileng.

Ga se botlhe ba ba santseng ba setse motlhala wa maiteko a puso morago. Bangwe ba lela gore ditau di ba apesitse kobo ka letshoba fa bangwe go lebega ba dirile mo go tweng bojang jwa pitse ke jo bo mo, ba di jela tlhakeng.

A re mo mabakeng a mantsi o ne a lala mo kgorong ya lesaka a gotsitse molelo ka go sala morago tumelo e e reng tau  e o tshaba lobaibai, mme a simolole go kolopela motswaiso boatleng ka maiteko a gore di tshabe.    

A re e re ntswa a setse al e mo seemong sa go ikemela ka nosi ka tumelo ya gore o gatetse pele ebile o fetile dingwaga tse tlhano tsa go pepetlediwa ke puso, thulaganyo ya go rekisa loruo e santse e le kafa tlase ga ba boipelego go hema gore a tloge a jewe ntsoma jaaka go diragalela Basarwa ba bangwe.

Tshekamelo o rolela futshe maiteko a puso a go fudusetsa Basarwa gaufi le mafelo a a nang le ditlamelo hutshe, a supa fa  seo se ba butse matlho le go ba ruta magokonyane a matshelo a segompieno

A re fa e sale puso e tsaya kgato ya go teratelela lefelo la diphologolo go le kgaoganya le motse, barui jaanong ba tlhubile kobe segole, dikgomo di kgona go itisa ba tsweletse le ditiro tse dingwe.

Seemo sa dikgomo tsa ga Tshekamelo ke se se supang kgatelo pele ka jaana a di tlhabolotse ebile a na le mehuta e le meraro ya dipoo di akaretsa Cross Brahaman, Bonsmar le Sussex.

O kaile bothata jwa nako eno jo bo mo jesetsang mo kgobelong e le lenyora le gangwe le gape le tshedisetsang barui ba motsana oo mo poifong ka ntlha ya boitseme jwa bodiredi jwa khanseele potlana ya Letlhakeng.

Mafoko ag a Rre Tshekamelo a supagetse kwa sedibeng koo bobegadikgang bo itemogetseng seemo se se sa iketlang sa loruo lo lo gamotsweng ke lenyora teng.

Le fa go ntse jalo, Rre Tshekamelo o kaile fa ene a ise a itemogele bothata jwa malwetse a loruo ka jaana a inaakantse le dikgakolo tsa bakenti ka go sala morago thulaganyo ya go kentela malwetsi.

Morui yoo o kaile fa tanka e e nosang loruo ya dilithara tse di dikete tse some e sa kgone go lepalepana le palo ya loruo lo batho ba motsana oo ba ba nosang mo sedibeng sa khansele. Kgwetlho e nngwe e e lemosegileng ke ya go dutla ga mokoro ka o sa kgone go tshwara metsi, ka jaana bontsi jwa metsi a a kabong a nowa ke loruo a elela le lefatshe mme a dirile tikologo ya sediba makgobokgobo.

Fela jaaka Rre Tshekamelo, mongwe wa ba ba neng ba latswiwa ke tlhware ke mosadi mongwe kwa Diphuduhudu, Mme Mmalehuma Onthametse yo o itlhotlhorileng se leina la gagwe le se buang go tswa kwa tlung ya botlhanka go ya kwa kanana ka dikgomo tse pedi tse puso e neng ya di mo abela mme di atisa go fitlhelela di feta masome a mararo.

Mosadi yoo ke mongwe wa ba ba palo potlana ba ba atlilweng ke lenaneo la go abelwa leruo ke puso. 

A re e re ka jaana go twe e a re go tlogelwa tsatsing se ikise meriting, go bo a gama a ikotelela ga go mo kgobe marapo, a tlhalosa fa a gwetlhegile go rua ke botshelo jo a kileng a a bo tshela ka dingwaga tsa bo 1980 fa a ne a bereka mo dikitsing kwa Kgatleng.

“Ke fano gompieno ke le moko o thata ka jaana ke ne ka seka ka tswa lekgarejwana la seeleele  ka go palelwa ke go tsadisa talente e puso e neng e e nkabetse,” ga tlhalosa jalo mme Onthametse.  Mosadi yoo o ipona e le mofenyi fa bontsi jwa banna ba tikologo eo ba senang ba senang ntswa puso e ne e ba neile.

 

Maitekio a barui bao a phirimisa ditumelo tsa bangwe ba ba nang le go nyatsa fa batho ba lotso lwa Sasarwa ba sa nonofa go ka tsena mo mererong ya temo-thuo. Bone ba dumela mo goreng mokoduwe go tsosiwa o itekang.

“Re tshwanela go fetola maikutlo a batho mo go akanyeng gore batho ba lotso lwa Sesarwa  ga ba na bokgoni  jwa go itirela go inoga mo go tsweleleng re ikaegile ka dithuso tsa puso,” Mme Onthametse a tlhalosa.

 

Kgaolo ya Diphuduhuddu go kaiwa e tshwaraganye le bothata jwa go tshabelelwa ke malwetse a loruo a tshwana le mokokomalo le pholotso.

Tlhaloso ya modiredi wa lekalana la botsogo jwa loruo kwa Diphuduhudu, Rre Tikini Ganakgomo e supa fa mokokomalo, o o supagetseng mo dingweng tsa dikgomo tsa ga Mme Onthametse, bo a tshelanwa, mme ga bo aname ka bofefo.

 

Rre Thabo Mosimanewakgotla, mogolwane yoo o okametseng kgaolwana eo a nna kwa Ngware ene o tlhalositse fa mokokomalo e le bolwetse jo bo tshelanwang mme se se nametsang e le gore ga bo aname ka bofefo, ka jalo fa molemi a tsibogile ka nako o ka  kgona go bo laola.  Seemo sa tlhaelo ya dikoloi tsa puso go ya ka Rre Mosimanewakgotla ke kgwetlho mo maitekong a go neela batho ditirelo, ka jalo barui ba patelesega go anywa boitseanape jwa bakenti go tsibogela dilo dingwe tse di amamng tlhokomelo ya leruo gore ba kgone go tsaya kgato mo boseyong jwa bodiredi.

 

Dikgaolo di tswana le Diphuduhudu le Kaudwane di kgona go salela morago mo go tsibogeleng malwetse a loruo ka jaana ba sa kgone go itirela sepe ntle le thuso ya lephata la ditirelo tsa tennyanateng.

 

E re ka barui bao ba sa dumela mo kgannyeng e e reng mmopi o jela moka lebeeng, seemo sa botshelo jwa bone mo nakong eno se sesupa kgatelopele le katlego ka jaanong ba agile le go tsamaya ka dikoloi.

Teaser:

E a re go e boka ba re ke yone mogodungwana o molelo, more o fisang banna ditedu, ba bo ba tswelele ba re ka e tlhoka ka tlhoka bororo, ka nna nayo ka boa ka bo tlhoka.

Blog

Editors Note

Polling

Is online betting an alternative income stream or a risk

Is online betting an alternative income stream or a risk

Results

Yes, it is an alternative income stream.: 0.00%

It is a risk. : 0.00%

Not sure.: 100.00%