Go a iwa kwa Kuru

Source : BOPA

Author : Ketshepile More

Location : Ghanzi

Event : Kuru Dance Festival

Mono gwga ba ne ba tshwaretse moletlo wa ngwao kwa polasing ya Dqae Qare gaufi le motsana wa D’kar kwa kgaolong ya Ghanzi. Moletlo o o tlwaelesegile ka leina la Kuru le le tserweng mo go la kurumase, le raya go itirela. E rile ka 1980 ba letso la Sesarwa ba lemoga fa nako e gorogile ya go intsha mo lehumeng ka go itirela ka mokgwa mongwe.

Ka ba ne ba le sego go rekelwa lefatshe la D’Kara ke basweu bangwe, ga go aka ga ba tsaya sebaka go simolola sengwe se se ka ba tshetsang. Basarwa, ka lekgotla la kereke ya bone la Kurumase, ba ne ba tla ka methale ya go inamola lehuma. James Morris, mongwe wa bathai ba lekgotla kgotsa mokgatlho wa Kuru, a re o thaetswe ka fa tlase ga tsamaiso ya sedumedi.

Mangwe a maano a go itshetsa ya nna go simolola tshingwana ya merogo, go suga matlalo, go roka, le go dira ka botaki. Go tokafatsa botaki jwa bone, segolo bogolo, Morris a re ba ne ba etela Tsodilo go kopisa botaki. Kwa Tsodilo ba fitlhetse botaki e le jo bo dirilweng ke batho ba ba sa rutegang; ba bolela polelo ka go taka, e le ruri ya bo e le bontle jo bo kganyang. Ke ka moo le bone ba neng ba bona gore ba bolele polelo ya botshelo jwa bone ka go taka. Fa o ela tlhoko, botaki le ditshwantsho tsa morafe wa Basarwa ke diphologo le ditlhare. Morris a re di supa ka fa ba tshelang ka teng.

Segolo bogolo o tla fitlhela phofu mo ditshwantshong  tsa bone, ka jaana phofu e le phologolo e e nang le bokao jo bo tona mo Basarweng. Fa ba lwantshana le lehuma jaana, Morris o tlhalosa gore e ne e le go sheleketa tota, ba reka ba rekisa dithoto. E re ba rekisitse ba bo ba atswa beng ka sengwenyana. Se se salang ba ne ba se boloka, madi a teng a kgone go isa bangwe dikoleng tsa ditiro tsa diatla jaaka kwa Kanye le Mochudi.

Le fa gone mananeo a a ne a ba inola mo lehumeng, go ne go sa lekana. “Sengwe se ne se tlhaela, ke fa re lemoga fa re ka dirisa dingwe tsa dingwao tsa rona,” Morris o tlhalosa jalo a re la ntlha fela ba gakologelwa gore pina le mmino wa bone di humile e le ruri. Go pata pina le mmino Morris a re ba ne ba dira ntlo ya ngwao kwa D’kar. Ntlo e e dirisiwa go supa ngwao ya Sesarwa le thekiso ya ditsangwao mo bajanaleng.

Ke teng fa Basarwa ba neng ba itshupa bothakga ba tswa mo sekgapheng ba simolola go dira ka diatla go supa le go tsholetsa ngwao ya bone. Kwa pheletsong dingwe tsa bontle jo di ne tsa bona thekiso kwa moseja, ka jalo kgatlhego ka ngwao ya Sesarwa ya gola.

Moletlo wa Kuru o ne wa simologa ka yone tsela e. Ba ne ba simolola ka go supa pina le mmino wa Sesarwa fela, mme ba lemoga fa ba tshela le merafe e mengwe mo kgaolong ya Ghanzi jaaka Baherero.

“Re ne ra simolola go phatlalatsa moletlo wa rona le kwa mafatsheng tota, selo se tshikintseng kgatlhego ya batho basweu. Morris a re kgatlhego ya basweu e ne ya dira gore ba ba rotloetse dingwaga tsotlhe tse di fetileng. Morotloetsi yo motona wa moletlo wa gompieno e ne e le NCA. Ba Botswana Craft le bone ba kile ba nna ba rotloetsa meletlo e e fetileng Kwa tshimologong go ne go se na dikatso dipe mo go ba ba binang, ya re morago fa mokgatlho o ntse o gola ka go amogela mekgatlho e mengwe, ga simololwa dikatso.

Motho o ka ipotsa gore a go tswakanya ngwao ya Sesarwa ka dingwao tse dingwe ga go ke go isa seriti sa yone kwa tlase ka mokgwa mongwe.  “Go ikamanya le merafe e mengwe go tlotlomaditse ngwao, e seng ya Basarwa fela, le ya Batswana ka kakaretso,” ga supa jalo Morris, a re Batswana jaanong ba kgona go ipela ka ngwao ya bone. Mo dingwageng tse di fetileng, moletlo wa Kuru o ne o ketekwa malatsi a le mararo: Labotlhano go fitlha ka Tshipi. Jaanong diphetogo di nnile teng, o ketekwa ka Labotlhano le Matlhatso fela. Le fa go ntse jalo, selo se ga se itumedise Morris yo o eletsang gore go dirwe jaaka pele, go boelwe mo tsamaisong ya bogologolo. “Go pitlagane, ga go fe batho sebaka sa go itumela sentle ka phuthologo,” ga ngongorega Morris.

A re maitseboa a Labotlhano ba supa tiro ya tshisibalo, Matlhatso ke gone jaanong go supiwang boitumelo jwa pina le metshameko. A re Matlhatso go ditiro dintsi tse di ka bong di ketekwa go fitlhelela ka Tshipi. A gatalela gore Labotlhano go dirwa ditshupegetso tse di masisi, jaaka kalafi e ka yone baalafi kgotsa dingaka tsa setso di itshupang bokgoni.

“Pina ya tshisibalo ke sephiri se setona, ga e batle go kgorelediwa e bile ga e batle ditshwantsho,” Morris a tlhalosa jalo. O tswelela ka gore dilo tse tsa sesha di kgoreletsa tsamaiso ya tiro ya go phekola. A re fa go phekolwa go solofelwa gore go nne le tlotlo le tshisibalo, a lemotsha gore mmmogedi le ene o kgona gore a phekolwe. A re jaaka fa ba tlaabo ba bina pina ya go phekola, ba kgona gore ba go lemoge o le kgakala. “Bogolo jang fa o le mo seemong se se tlhoaafetseng tota e bile ba lemoga fa o tlhoka thuso ba a go tsaya ba go alafa,” ga rialo Morris.

Ntle le jalo, go ya ka letlhogoputswa, fa motho a eletsa go ka phekolwa e le ka bo gagwe, o ka tsena mo go bone ba ba opelang pina le ene a dumaduma pina. Ka gongwe o ka tshokane a filwe kalafi kgotsa a sidilwa mmele. Letsatsi la Matlhatso go thuntshiwa lerole, motseto o fapoge marago, megolokwane e lelela boatleng, go jewa pina. Mmino o supa boitumelo jwa badigaratsi mme le bone babogedi ba natefelelwe jalo. Go na gape le metshameko e e akaretsang go tlola koi le go kapisa lerotse le e mengwe fela jalo. Moletlo wa Kuru o bona tshologelo e ntsi go tswa ntlheng tsotlhe tsa Botswana, go tswa mafatsheng a a mabapi le a moseja. Bokgabane jwa ngwao le bothakga jwa badiragatsi di ngoka tshologelo e e kana kana e. E re go ntse jalo, go na gape le meletlo e mengwe e e tlwaelesegileng ka go bidiwa ya ga Tautona; e ka yone ngwao, bodiragatsi le botaki di supiwang. “E re ntswa meletlo ya ga Tautona e re tseetse moono le maemo, e thusitse  gore batho ba tswe mo dikgapheng tse ba ntseng ba le mo go tsone ba itsee motlhala,” Morris a lemotsha jalo.

A re mofuta le mmino wa Sesarwa di farologane jaana; Manaro, Macoekhoe, Xanakhoe, Qgoo,  Zucwase,Tsaokhwe, le Tcaba.  Jaanong o itumelela gore lentswe la motsadi (Tautona) le gwetlhile ba le bantsi go balelwa le bone banana tota gore ba lemoge boleng jwa ngwao. Le fa moletlo o, o nnile le dikatlego mo dingwageng tse di fetileng, o ne wa tlhoka go ketekwa ngogola. Lebaka legolo go ya ka Morris e ne e le letlhoko la madi, ka barotloetsi ba ne ba seka ba thusa jaaka gale.

Gongwe go tlhoka go nna teng ga moletlo ngogola go ba thusitse gore ba kgone go lemoga le go baakanya dilo dingwe. Mongwe gape wa bathai ba mokgatlho wa Kuru, Aron Johannes, o tlhalosa gore moletlo wa Kuru o kile wa bo o tshwarelwa kwa D’Kar. Ka go ne go nna go tletse tlhakatlhano ya banana le bojalwa, ba bona go le botoka go o fudusetsa kwa polaseng ya Dqae Qare.

“Kwa polaseng seemo se kgona go laolesega, le fa gone nnotagi e ntse e kgabola, re leka thata gore bo seka jwa tsena,” ga tlhomamisa jalo Johannes a re go botoka thata go na le fa ba le kwa D’kar. Kgwetlho e nngwe mo go bone ke gore ka dinako tse dingwe bana ba letso la Sesarwa ba ba ileng dikoleng fa ba boela gae ba tla ba lebetse ngwao. A re moletlo o leka jalo gore e re ba boa ba nne le gone go ba gakolola ngwao.

Segolo bogolo o supa tlhabologo ka monwana a re ke yone e tsietsang bana ka ngwao ya bone. Tsholofelo ke gore mo pakeng e e tlang moletlo wa Kuru o nne mashetla le go feta, ka jaana barulaganyi le bathai ba one ba ikaelela go oketsa disupiwa tsa ngwao. Dilo di tshwana le ditinkane, digaba tse e leng diletswa tsa Setswana, ke dingwe tse go solofelwang gore mmogedi a di fitlhele.

Go simolola monongwaga, moletlo  o ne o ipelelwa ka setlhogo se se reng; Go Kabakanya Itsholelo ka Ngwao. Barulaganyi le bathai ba moletlo ba tlhalosa gore polasi ya Dqae Qare ga e na go tsoga fela fa go na le moletlo wa Kuru. Ba re ba e buletse mongwe le mongwe fela yo o ka eletsang go direla moletlo teng, fela fa a duela bonnyennyane. Gape ba ikaelela go le tlhabolola go kgatlhisa bajanala, ka jaana le na le diphologolo tse di ka supiwang le fa go jelwang teng. ENDS

 

Teaser:

Qhaos xau u tama ha sa xhowa ha (tshaba e e senang ngwao ke monka e suleng). Morafe wa Basarwa ke mengwe ya e e santseng e tshegeditse ngwao. Seo ba se supa ka go e ipelela ngwaga le ngwaga...

 

Blog

Editors Note

Polling

Is online betting an alternative income stream or a risk

Is online betting an alternative income stream or a risk

Results

Yes, it is an alternative income stream.: 0.00%

It is a risk. : 0.00%

Not sure.: 100.00%