Dithubaruba
Source : Kutlwano
Author : Keonee Kealeboga
Location : Molepolole
Event : Culture
Bosheng jaana, morafe wa Bakwena o ne o kokoane kwa Molepolole go tlotlomatsa le go ipelela ngwao ya one. Tsholofelo e le gore ngwao e e age mo dipelong tsa banana le dikokomane tse di santseng di fatlhoga gore e re isago ba bo ba itse ka botlalo medi ya bone.
Moletlogadi o, o o itsegeng ka leina la Dithubaruba, o ne o phuthile matshwititshwiti a Bakwena go tswa dikarolong tsotlhe tsa kgaolo ya Mokwena. E re ka jaana merafe ya Batswana ka bontsi e na le barwarraabo mo mafatsheng a a mabapi jaaka la Afrika Borwa, Bakwena go koo ba go tlwaelesegileng ba bidiwa Bafokeng, le bone ba ne ba tsile go ema ba ga bone nokeng.
E rile bakwala dikgang ba Kutlwano ba goroga kwa Ntsweng kwa moletlo o neng o tshwaretswe teng, ba lemoga fa paakanyetso moletlo e ne e le e e maatlametlo. Balalediwa ba tlotla ba ne ba setse ba gorogile ka bontsi, ga bo go setse fela gore phala e lele Bakwena le baetleetsi ba akole tswina ya ngwao ya Sekwena. Ga nna fela jalo, tiro ya simologa ba ba phakeletseng ba ise ba shwegashwege.
Fela kwa tshimologong ga itshupa fa batsena-moletlo ba tlaa tlhola ba jesitse matlho monate. Bomme ba Bakwena, ba latlhetse ka dijeremane tse di botala jwa loapi le ditsale tse ditshweu; ba ne ba gorosa dikgafela fa kgotleng e e neng e baakanyeditswe moletlo oo. E ne e rile metsotsonyana pele ga moo, Kgosikgolo wa Bakwena, Kgosi Kgari Sechele III, a goroga a tlaa a potapotilwe ke borangwaneagwe.
Mo mafokong a gagwe a kamogelo baeng Kgosi Kgari o ne a supa boitumelo ka kgolo ya moletlo wa Dithubaruba ka go tlhatlologana ga dingwaga, a supa fa ngogola moletlo o o ne wa gola go menagane. “Mo ngwageng o o fetileng, moletlo o o ne wa itemogela kgolo e e seng kana ka sepe. Re eletsa batho segolo jang Bakwena ba ne ba ka tsena moletlo o ka dipalo tse di kwa godimo. Re eletsa gape gore moletlo o o anamele kwa dikgaolwaneng tse dingwe tsa kgaolo ya Kweneng,” ga tshwaela jalo Kgosi kgolo Kgari.
Go ya ka kgosikgolo, go anama le kgaolo ga moletlo o ke gone mo tota go ka supang ka botlalo kgolo ya one. O ne a gwetlha batsena-moletlo go dirisa kitso e ba tlaa e anywang mo moletlong oo go itshekatsheka go bona fa ba ka tswang ba fapogile tsela teng le gone go tlaa ka maano a gore go ka tweng go busetsa morafe mo ngwaong. O ne a kopa magosana le bagogi ba morafe gore go tsiwe ka megopolo ya go tokafatsa le go atolosa moletlo go o anamisa le kgaolo yotlhe.
Kgosi Modisaotsile Mokate go tswa kwa Phokeng kwa Afrika Borwa, yo o neng a emetse Kgosi Loruo Molotlegi wa Bafokeng, o ne a rolela futshe barulaganyi ba moletlo wa Dithubaruba; a re moletlo o o botlhokwa thata ka jaana maikaelelo a one e se fela go tsosolosa ngwao mme gape ke go fa Bakwena sebaka sa go kopana le go lomagana le fa ba sa nne mo lefelong le le lengwe.
A gatelela se ka go tlhalosa fa batho ba ngwao e le nngwe ba seke ba latlhana, ke ka moo Bakwena ba Phokeng ba dirang bojotlhe go seke ba tlolwa ke go tsenelela moletlo oo. “Re batho ba le bangwe, ba ba kgaogantsweng fela ke molelwane. Go nna teng ga rona fano ke sekao sa setlhogo sa moletlo o se se reng Bana Ba Kgwale Ba Bitsana Ka Molodi, ga bua jalo Kgosi Mokate.
Kgosi Mokate gape o ne a gatelela botlhokwa jwa gore morafe mongwe le mongwe o tshegetse ngwao ya one. “Ngwao ke seipone sa batho, e phuthetse dilo tse di botlhokwa tse e ka reng re di dirisa sentle tsa re inola mo lehumeng, jaaka go betla, go loga, go bopa dinkgwana, moopelo, le poko,” ga bua jalo Kgosi ya kwa Phokeng.
Mothusa mokwaledi kwa ofising ya ga Tautona, Dr Jeff Ramsay, yo o neng a le sebui sa tlotla o ne a rulaganya magosi a morafe wa Bakwena, le go ala ka botswerere ditso tsa bone. O ne a supa fa bontsi jwa merafe e e buang puo ya Setswana e akaretsa Barolong, Bangwato le Batawana e dule mo morafeng wa Bakwena mme ya felela e ikemetse ka nosi ka ntlha ya ditiragalo tse di farologanyeng di akaretsa dintwa.
Go natetsha letsatsi le ga bo go phuthilwe badiragatsi le ditlhopha ka go farologana, mme ya re Solly Sebotso, yo o opelang pina e e ratwang bobe ya Pidipidi, ya re a di gasa ga leba yo o sebete fa bagolo ba ema ka dinao go ya le molodi wa yone. Ga bogelwa, ya ne ekete go iteisanwa borathana go bona gore mo gare ga dibini tse, tse di neng di akaretsa molaodi wa kgaolo Mme Thobo Mapitse, Morena Pidipidi sentlentle ke mang.
Kwa bofelong go ne ga supega fa tota mofenyi e le morafe otlhe wa Mokwena, o o kgonneng go godisa dithakga tse di tshwanang le Sebotso. Rakatara yo mongwe, Malefo Mokha, yo o itsegeng mo go tsa mmino ka leina la Stampore le ene a dira go swela, a supa bokgeleke jo a tlwaelesegileng ka jone mo go kgaritlheng letlhale.
Fa go tlaa kwa pokong, letlhogoputswa Rabojalwa Keetile a bo a dira go tlala ka diatla. Le fa gone dingwaga di setse di kgabagantse, poko ya gagwe ya bo e loile, e supa fa tota boboko jwa gagwe e le sefalana sa ditso tsa Bakwena ka a ne a di latedisa ka bokgabane mo lebokong la gagwe. O ne a thathologa fela motho wa maloba, a sa etse baboki bangwe ba malatsi ano ba dirisang mokwalo, fa o se yo ba itomaka diteme fela.
Mme wa mmoki, Boipuso Leatso le ene a seka a salela kwa morago. Se se neng sa kgatlha batho thata ya nna moduduetsi wa gagwe, yo le fa e le motho wa rre a ka tlhabisang bomme ba le bantsi ditlhong ka mogolokwane. Ditlhopha tsa mmino di akaretsa Machesa, Dipela tsa ga Kobokwe, Sekepe, Ntsu tsa Malwelwe, le Matsubutsubu, tsa bo le tsone di dira bontle go itumedisa batseana-moletlo.
Baeng go tswa kwa Phokeng le bone ya bo e se babogedi fela. Setlhopha sa koo sa Bafokeng Arts Theatre sa itshupa fa le sone magokonyane a pina se a itse sentle. Lebebe le le tseneletseng la mmino wa Bakwena le ne rulaganyeditswe go tswelela bosigo jotlhe go jewa tlhako. ENDS
Teaser:
Le fa gone mekgwa ya sesha le metsenelela ya dingwao tsa ditshaba tse dingwe di setse di itshetletse mo matshelong a Batswana, merafe e e farologanyeng e eme ka dinao go tlhomamisa gore dingwao tsa yone ga di nyelele...














