A mme...?

Source : Kutlwano

Author : Mothusi Soloko

Location : Gaborone

Event : Social

 

Tota le gale masaitseweng go ka twe ke tsela nngwe ya go supa gore go na le fa botlhale jwa motho bo felelang teng. Ke ka moo e reng go diragala tiragalo e motho a sa e tlhaloganyeng, go bo go twe ke masaitseweng, kgotsa bangwe ba re ke diphera ditlhoka ba alafi.

 Mafega a me a go batla kitso a kile a mpaya kwa molapong wa Kolobeng malatsi a le mmalwa kwa ke neng ke utlwaletse fa noga-potsane e eja bakereki fa go kolobediwa. Ka maswabi ke ile ka boa ka nyobana e sa fotlhwa. Ka ipotsa gore tota ke eng karolo e ya botshelo e tlogetswe go se motho ope yo o eletsang go ithuta ka yone.

 Maikutlo a me a ne a dira gore ke phuruphutshe dibuka di le mmalwa, le moo ka se ka ka tswa ka sepe, ka ba ka ya go wela kwa legageng la ga Kobokwe. Le gone fela jaaka polelo tsotlhe tse ke di utlwileng ya nna mainane fela. “A gone tota batho ba le bantsi ba ka bua selo se se se yong,” ya nna potso e e agileng mo tlhaloganyong ya me. Fela mo letsomong la me la boammaaruri, dibeke tse di fetileng ke ne ka tsenwa ke letshogo le le tona, fa ke ne ke lemoga gore dipelaelo tsa me, morago ga lebaka le lekana di tlaa arajwa. Gone ga wa seru se se neng sa tsenya setshaba sa Botswana mo bohutsaneng jo bo golo. Badiri ba le bararo ba kompone ya metsi mo Gaborone ga utlwala ba nyeletse fa ba ile go theogelela kwa letamo la Gaborone.

Le fa go ne ga ntshiwa didirisiwa ka mefuta le bomaitseanape go batla boraro jo, beke e ne ya wela go se na le fa e le mokgwasa. Fela morago, dipuo tsa nna mafaratlhatlha, bangwe ba re boraro joo bo tserwe ke noga e e nnang mo tamong. Ke ne ke reeditse ka kelotlhoko e tona, ka e ne e le nako ya gore dipotso tse di saleng di agile mo tlhaloganyong ya me jaanong di arabiwe.  Ka ngwangwaela ka maabanyane, ka wela mo Old Naledi fa marekisetsong a dino, ka tlhoma dikgapetlana tsa Chibuku tse pedi fa pele ga me, ka di ipateletsa ka bonya jo bo tlhobaetsang. Fela ka utlwa polelo tse le nna di neng tsa mpoifisa. E ne e le la ntlha ke utlwa batho ba bua polelo e ka tsela e boammaaruri jwa yone bo neng bo ikutlwatsa.

Noga e e nnang mo letamong la Gaborone fa ke utlwa e borai fela thata e bile ga go motlhofo e ka bonala.  Bontsi jwa nako e iphetola mosadi wa lekgowa mme ba ba reng ba e bone ba re gantsi o tlaa a fitlhela mosadi wa teng a tlhapa, fa gongwe a na le bana ba gagwe. “Ga o kake wa e bona. Gantsi fa e bonala ya bo e tlhola,” ga bua rre yo mogolwane a araba potso ya yo mongwe. Mosadi wa lelwapa a bolela ka fa e kileng ya ba tshosa ka teng ba ile go rwalela. A bolela fa ngwana mongwe yo o nang le bogole wa baagisanyi ba gagwe a dirilwe ke gore e ne ya tshosa mmaagwe a itsholofetse.

Ba tlhalosa gore fa gongwe fa go le selemo ba atle ba e bone e phatsimisitse lesedi jaaka naledi e tsamaya mo letamong.  Rre mongwe a tlhalosa gore fa e tsaya motho e mo ja boboko e bo e mo nwa madi mme e re fa motho a le lesego e mo gogele kwa tlase ga metsi mme e mo fetola mosadi wa yone. “Masankoma gantsi ba a e dirisa fa ba alafa, e maswe noga ya golo fa,” ga bua rre yo mongwe. Ka tswa foo lebelo la maikutlo a me le feta la sefefo sa kgwanyape. Ka ralala lefifi ka leba ntlheng ya letamo. Ka pagama mo godimo ga ditotoma tsa mmu gaufi le letamo, ka lebelela metsi ka lebaka le le leele.

Moriri wa me wa tloga wa sosobana. Tidimalo le go phatsima ga metsi go tlhakane le tshisibalo ya lefifi di ne tsa dira gore ke boife thata. Ya ne e kete motho o eme fa morago game. Ka gadima mme ka seka ka bona sepe. Ka kgokologa jalo le thota tumelo le maikaelelo e le go bona dikarabo ka boammaaruri jwa dilo tsa mothale o.

Phuruphutsho ya mapodisi le masole e e neng e sena maduo ya godisa tumelo ya me e neng e reketla gore noga eo e ka tswa e le boammaaruri. E ba meditse! Fela mafoko a mogolo, Rre Thomas Kakome a rata go nkgoba marapo. A bolelela gore ga go na noga ya mothale oo mo botshelong mme e le go itlhamela ga batho fela. Ka tlhwaa tsebe thata, dipolelo tsa nna manyanyabea. Dikereke tsa omoga ka dithapelo, bonka-di-latlha le bone ba seka ba ipona tsapa mme ka go tlhoka lesego ba seka ba letlelelwa gore le bone ba latlhele tlhware legonnyana.

Yare fa setshaba se sale mo tshisibalong jalo, mokgosi wa tswa gore mongwe o bonwe. Ka le le latelang ga bonwa yo mongwe, fa wa boraro ene a bonwe moragonyana. Fela ditopo tsa bone tsa bo di sa supe dipe dikai tsa gore ba ne ba tserwe ke noga, go ya ka ba ba neng ba legaufi. Mme fela ngwana wa ga Kakome, Kasupa yo o tshwarang ditlhapi mo letamomg a re gone go na le dikgaga tse e reng batho ba nwela mo metsing ba wele teng mme go tsee nako go ba bona. “Tseo tsa noga ga se nnete,” a bua jalo. Mafoko a gagwe a engwa nokeng ke mothusa mookamedi wa koporase ya metsi, Rre Gaselemogwe Senai. “Ga go na ditshedi dipe tse di borai mo letamong le; fela go kile ga nna le kwena mme e ne ya bolawa, morago ga moo ga re ise re bone sepe,” a bolela.

Potso ke gore a go na le noga e tona e e nnang mo metsing e e iphetolang lekgowa? Mme fela jaaka tumelo dilo dingwe di thata gore o ka sokolola motho fa a dumela. Ke sone se bangwe ba rona ba tsiediwang ke bangwe ba itira baruti kgotsa bo nka-di-latlha. ENDS

Teaser:

Fa lefatshe le ntse le fatlhoga, dilo dingwe tse re neng re tsaya gore ke masaitseweng a magodimo di tswela mo pontsheng....

Blog

Editors Note

Polling

Is online betting an alternative income stream or a risk

Is online betting an alternative income stream or a risk

Results

Yes, it is an alternative income stream.: 0.00%

It is a risk. : 0.00%

Not sure.: 100.00%