Koporase ya Ncaang e a tsabakela

Source : Kutlwano

Author : Keonee Kealeboga

Location : Hukuntsi

Event : Social

 

Koporase e e simolotse go dira ka 1994, mme le fa dikgwetlho di nnile teng, e kgonne go itshetlela go tla go fitlha mo nakong eno. Mo puisanyong, mogolwane wa yone Mme Keiponye Motswapupung o tlhalositse gore le fa gone kwa tshimologong go ne go le bokete, seemo se ne sa fetoga fa botsamaisi jwa koporase bo simolola go dira diphetogo mo kgwebong. Motswapupung a re e re ka jaana koporase eo e letla batho go tsaya dilwana ka sekoloto, go tsena ga madi mo kgwebong go ne ga ya tlase fa bontsi bo ne bo sa duele dikoloto tsa bone.

Komiti e e tsamaisang koporase e ne ya thulanya ditlhogo go tla ka maano a go fetola seemo se mme leano ya nna gore bareki ba lekanyediwe sekoloto, le gore ga bana go letlelela go kolotisa motho go feta selekanyo se a se beetsweng. Gape motho fa ise a duele molato ga kake a kolotisiwa. “Go dumalanwe gore go sena moreki ope yo o tlaa kolotang dilo tsa madi a a fetang P300, ebile moreki o tshwanelwa ke go phimola sekoloto sa gagwe pele a ka kopa se sengwe,” Motswapupung a tlhalosa.

A re go dira jalo go ba tsiseditse pharologanyo e eseng kana ka sepe ka jaanong bareki ba itse gore fa ba sa duele ba tswalela ditsela. Jaanong koporase ya bone e simolotse go dira dipoelo. Motswapupung a re mo nakong eno ba mo thulaganyong ya go katolosa kgwebo ya bone Maikaelelo ke go simolola go rekisa dithoto tsa kago go tlhofofaletsa banni ba motse oo go ka ikagela matlo a sennela ruri. A re e re ka jaana tsela ya lekgarapana e e golaganyang Ncaang le Hukuntsi e le maswe, ba ba nang le dikoloi ba gana go isetsa banni dithoto tsa kago ka ba tshaba go senyegelwa ke dikoloi.

Letlhoko la dipalamo ga le kokonele banni fela ka le yone koporase gangwe le gape e iphitlhela e tshwanelwa ke go duela madi a mantsi go thapa dikoloi tsa beng go isa dithoto tsa yone kwa Ncaang morago ga go di reka kwa Hukuntsi. “Tsela e e a re sotla, fa gongwe le fa re tswa go reka dilwana re tsena fa tse dingwe jaaka disukiri di thubegile. E be e nna tatlhegelo le poelo morago mo koporaseng ka re ka seka ra rekisetsa batho dilo tse di senyegileng,” a tshwaela a lebega a sa je monate.

Motswapupung are makgetho a le mmalwa ba kile ba nna le mathata a go reka dijo tse di senyegile, di na le tshupa go tswa kwa ba rekang dithoto tse ba di rekisang teng. Ka jalo bareki bane ba busa dijo tse di tshupa le fa badiri ba koporase ba ne ba tlhomamisitse fa nako ya tsone ya tiriso e ise e fete ka nako ya fa ba di reka. Le fa go ntse jalo a re beng ba madirelo a ba rekang kwa go one ba ne ba ba tlhomamisetsa fa batla dira bojotlhe jwa bone go baakanya seemo seo. Motswapupung o lela gape ka letlhoko la motlakase mo motsaneng wa bone. A re go bo motlakase o se yo go itsa kgwebo go atologa ka jaana ga ba kgone go dirisa setsidifatsi go rekisa dithoto tse dingwe di akaretsa dino tsididi le maungo.

Mo nakong ya gompieno khansele ya Hukuntsi e rekela batlhoki le bana ba ba se nang batsadi dijo mo koporasing ya Ncaang. Selo se a re se dirile pharologanyo e kgolo mo kgwebong ya bone. Leloko la komiti e e tsamaisang koporase e o Kebotswemang Molefhe le ene o gateletse toro ya bone ya go godisa koporase ya bone. A re fa kgwebo eo e ka gola koporase ya bone e ka kgona go lwantsha letlhoko la ditiro le le shenneng meno koo ka go tlhamela banana ba motsana oo ditiro.

Molefhe a re o eletsa go bona koporase eo e na le koloi e ya yone, selo se a reng se ka ba fokoletsa go ikaega ka dikoloi tsa beng go ba isetsa dilwana kwa motsaneng wa bone. O batla gape koporase e aga dikago tse dingwe go di firisetsang bagwebi ba bangwe ba ba tlhokang fa ba ka direlang teng.

Molefhe o itumelela thuso e ba e bonang go tswa mo lephateng la dikoporase ba a reng gangwe le gape ba ba thusa ka koloi go dira ditiro tsa koporase. Le fa go ntse jalo, o ngongoregela tiego ya lephata leo mo go ntsheng dipego tsa go dupa dibuka. A re tiego eo ke yone e e dirileng gore mo nakong eno komiti e bo e ise e tlhophololwe le fa ntswa nako ya yone e sale e wetse. Fa a arabela matshwenyego a go tla thari ga dipego, mogolwane kwa lephateng la dikoporase Motse Othabanye a re le fa gone go le boammaaruri dipego di a tle di diege seo ga se itse komiti go bitsa tshwara ditlhopho.

Ka tshwanelo, Othabanye a re dikoporase di tshwanetse go dupa dibuka tsa tsone ngwaga le ngwaga, fela ka ntlha ya gore ga di kgone go itupela dibuka di baya fela mo lephateng la dikoporase go le ba dupela dibuka. O tlhalositse gore ka jaanong lephata le tlhaelelwa ke bodiredi, le nna gangwe le gape le iphitlhela le sa kgone go dupa dibuka tsa dikoporase ka nako.

A re le fa go ntse jalo, ba dira bojotlhe jwa bone go dupa dibuka tsa dikoporase mo nakong e khutshwane e baka e kgonang, e re morago ga se ba ntshe dipego ka bofefo jo bo kgonegang. “Dibuka tsa koporase ya Ncaang di dupilwe la bofelo 2010, mme re tshwanetse ra lemoga gore dikoporase tse dingwe di tsaya dingwaga di ka nna nne go ya kwa go tse tlhano di sa dupelwa dibuka,” a tlhalosa jalo, a solofetsa gore ka lesego, e tlaare mo bogautshwaneng dibuka tsa koporase ya Ncaang di dupiwe.

Othabanye a re dikoporase di tshwanetse tsa tshwara diphuthego tsa tsone ngwaga le ngwaga go sekaseka ka fa di tsweletseng ka teng. Selo se a re se ka ba thusa go bona megopolo e mesha mo bathong e e ka fetolang ka fa ba dirang dilo ka teng.

“Diphuthego tse di botlhokwa fela thata. Kana gore motho a bo a se mo komiting ga go ree gore ga a kake a tla ka megopolo e mentle. Ka jalo go botlhokwa gore dikomiti di tshwara diphuthego tsa tsone ngwaga le ngwaga go batla megopolo e mesha,” a tshwaela. ENDS

Teaser:

 

Le fa lefatshe leno le ne la welwa ke seru sa go phutlhama ga dikoporase mo dingwageng tsa maloba, go na le dingwe tse di neng tsa falola go wela ka motlhobodika o. Sengwe sekgantshwane sa dikoporase tse ke ya motsana wa Ncaang, o o dikhilomithara tse di masome a robang bobedi kwa borwa jwa Hukuntsi kwa kgaolong ya Kgalagadi....

Blog

Editors Note

Polling

Is online betting an alternative income stream or a risk

Is online betting an alternative income stream or a risk

Results

Yes, it is an alternative income stream.: 0.00%

It is a risk. : 0.00%

Not sure.: 100.00%