Mashi a kamela...monate!

Source : Kutlwano

Author : Keonee Kealeboga

Location : Tshabong

Event : Interview

 

O ka akanya eng fa e kare o etetse golo gongwe ya re fela o botswa gore o ka sielwa eng wa ikopela mashi a lebese mme e re o fetsa go lelala ka galase, o itatswa melomo, wa itsisiwe fa o sa tswa go kodumetsa mashi a kamela? A o ka itumelela gore o bo o nnile le sebaka sa go ikutlwisa? A kante o ka letlelela dibete tsa gago go kokobala jaaka batho bangwe ba re go a tle go ba diragalele fa ba ka tshokane ba jele sengwe se ba neng ba sa dumele fa ba ka se ja kana ba se nwa mo botshelong?

Ke dumela fa o kile wa kopana kana wa utlwalela batho ba o ka fitlhelang ba ikana ba bo ba itoma sekgono gore le fa letsatsi le ka tlhaba kwa Bophirima, ba ka se je dijo dingwe; e ka nna nama ya tonki, makakauwe kana eng fela se o ka se akanyang, se se didimosang bangwe mebele. Mo loetong kwa motseng wa Tshabong mo bosheng jaana, setlhopha sa bukana ya Kutlwano se ne sa etela kwa lefelong la dikamela la Tsamama, le le gaufi le motse oo.

Maikaelelo a loeto le e ne e le go ya go ikutlwisa go palama dikamela mme e bile ditsholofelo tsa gore batlhokomedi ba tsone ba tlaa re letla go dira jalo, tsa bo di le kwa godimo. Fela jaaka re goroga, ra se ka ra senya nako mme ra botsa gore dikamela di kae. Tlhaloso ya nna fa di sa tswa go bolodiwa morago ga go gangwa.

Go ne ga itshupa fa go se ope wa rona yo o neng a akanya fa kamela e ka gangwa. Ya re go lemoga kgakgamalo ya rona, mongwe wa batlhokomedi ba dikamela tse di nnang mo lefelong le, a tsena mo ntlong nngwe gautshwanyane mme a tla a tshotse mashi ka lebotlolo.

“Ke a mashi a kamela a bagolo, le ka a nwa la ikutlwela ka fa a leng monate ka teng,” a bua jalo a otlolola letsogo gore mongwe a amogele lebotlolo leo.

Ya re go bona e kete re tlaa etsaetsega, yo mongwe modiri wa lefelo leo a tlhalosa fa mashi a kamela a siame thata ka a thusa go lwantsha makoa a tshwana le madi a matona le bolwetse jwa sukiri. Yo mongwe modiri wa koo le ene a latlhela ka gore, “Mashi a kamela a siame thata. Ke molemo, a tshwana fela le a tonki.”

Ga lebega fa mokgweetsi wa rona Mme Neo Lekwapa, a ne a gwetlhiwa ke ditlhaloso tseo mme a amogela lebotlolo a bo a isa kwa molomong.

“Hei, nna tota, go ne go ka mperekela botoka fa ke ne ke sa bone kamela fa,” ga bua mokapa-ditshwantsho Godfrey Mpuse a tsholeleditse matlho kwa dikameleng tse tharo tse di neng di le gaufi le fa re neng re eme teng.

Fa a fetsa go rialo, Mme Lekwapa a fetisetsa lebotlolo kwa go ene mme a le amogela fela le fa a ne a lebega a ngodiega.

“Heela, mashi a a siame fela. A monate tota, a tshwana fela le a kgomo,” mafoko a a ga Mme Lekwapa go lebega a ne a nametsa Mpuse pelo ka le ene a tlogile a lelala ka lebotlolo.

Fa a sena go hupa, o ne a supa fa e le boammaaruri mashi a kamela a le monate. Le fa go ntse jalo go ne go lebega a sa dumele ka botlalo se le ene a neng a se bua, mme ka tshwanelwa ke go a itekeleletsa gore ke tle ke itse gore a ke tlaa ke dumalana le mafoko a ga mang mo bobeding jo.

Morago ga go lelala ka lebotlolo, ka wela, ka  dumalana le Mme Lekwapa. Nna le ene ra amogana lebotlolo ra bo ra le kgaritlha mme ra botsa gore go gangwa leng gape re tle re kope go sielwa lebese gape loeto la rona le ise le wele.

Fa re sena go kgaogana le lebotlojana le la mashi, re ne ra nna le keletso ya go bona gore gone mme kamela e gangwa jang, mme ya re re kopa batlhokomedi ba tsone go re kaetsa ba amogela kopo eo ya rona. Fa rona re tsamaela kwa masakeng re patilwe ke Rre Cornelius Lebang, yo o katisang dikamela kwa lefelong leo, bangwe ba batlhokomedi ba ne ba tsena mo sekgweng sa polase eo go ya go phutha dikamela.

Fa re goroga kwa masakeng, Rre Lebang o ne a tlhalosa fa ka ntlha ya bokwagodimo jwa kamela bagami ba yone ba e gama ba eme ka dinao; le gone gore kamela e gangwa ke batho ba le babedi ka nako e le nngwe. Botubi ruri… A re se se dirwa ka go bo kamela e ntsha mashi ka pele mme gape e a busetse ka pele, ka jalo go le botlhokwa gore e re e ise e a busetse, bagami ba bo ba kgonne go tswa ka sengwe se se botoka.

Ka go sa tlhaloganyeng gore e a bo e busa mashi jang, ra kopa Rre Lebang go tlhalosa botoka; mme tlhaloso ya nna gore go na le ka fa kamela e letlang mmele wa yone go ntsha mashi ka teng le ka fa e dirang ka teng go a itsa go tswelela a tswa. Boammaaruri jwa kgang tota ya nna gore re ne re sa kgone go tlhaloganya ka botlalo gore tota ga twe botsipa jo jwa kamela jwa go laola go tswa le go kgala ga mashi, e bo diragatsa jang.

Rre Lebang o ne a gatelela mafoko a re neng re a utlwile fa re goroga ka bomosola jwa mashi a kamela; mme a supa gore mo godimo ga go thusa mmele go lwantsha malwetse ka bontsi, mashi ao gape a humile kotla ya Vitamin C  e ba botsogo ba tlhalosang fa e thusa go thibela bofofu.

Mo nakong e e seng kae, ga tla moraka o o seng kana ka sepe wa dikamela; palo e tota ope wa rona a neng a sa e solofela. Go ne ga tlhalosiwa fa dikamela tsa lefelo leo di feta makgolo a mabedi le bosupa ka palo. Borre ba batlhokomedi ba se ka ba senya nako, ba tshwara kamela nngwe ka kgole. Ba babedi ba bone e bong borre Mosimaneotsile Maruping le Neo Kgannyeng bone ba e gama mongwe le mongwe a le kwa letlhakoreng la gagwe, fa motlhokomedi yo mongwe ene a e tshwere ka kgole e e neng e e tsentswe mo molaleng.

Morago ga go gama, re ne ra fiwa mashi gape go nwa mme tatso ya a a sa tswang go gangwa e ne e farologana le ya a ntlha re a nwa. Go ya ka boranyane jwa inthanete mo www.camelmilkusa.com mashi a kamela a mosola mo twantshong ya malwetse a tshwana le kankere ya lebele le dikankere tse dingwe, bolwetse jwa sebete, kgotlholo e tona; mme e bile e na le dikotla tsa Vitamin C le B ka selekanyo se se kwa godimo ga sa mashi a kgomo gararo.

Go ya ka www.camelicious.ae, mashi a kamela a tsamaelana le mashi a motho ka boleng ka jalo a siametse go sielwa masea go rotloetsa kgolo e e tshwanetseng. Gape website e e tlhalosa fa mashi a kamela a sa bipele jaaka a kgomo ka one a silega ka bofefo mo mpeng. www.camelicious.ae e bolela gape fa mashi a kamela a siametse letlalo, ka jalo a siametse go tsenngwa mo ditlolong le molora o o tlhapang go itsa letlalo go supa dikai tsa go tsofala ka bofefo. ENDS

Blog

Editors Note

Polling

Is online betting an alternative income stream or a risk

Is online betting an alternative income stream or a risk

Results

Yes, it is an alternative income stream.: 0.00%

It is a risk. : 0.00%

Not sure.: 100.00%