Letlhoko la madi tshimologo ya boleo

Source : Kutlwano

Author : Mothusi Soloko

Location : Gaborone

Event : Fiction

 

Keorapetse e ne e le ngwana yo o goletseng mo lehumeng la nta ya tlhogo. Batsadi ba gagwe ba ne ba na le kgomo e le nngwe fela, e ba neng ba tshela ka mashi a yone mme e re nako ya mariga, go nne leshekere. O ne a bua ka go kwakweetsa, mo go neng go dira gore balekane ba gagwe ba mo  je setshego fa a re o a bua.

Tota mosimanyana yo o ne a lebagane ke dikgwetlho tse le motho yo motona di neng di ka mo kgaola mokwatla. O ne a dira  lekwalo la bararo, mme e re ka nako ya dijo tsa moso, bana ba sekole ba mo senke ba batla go bona mantsakabola a gagwe, jalo ba mo je setshego. Le fa a ne a tshela ka lolese,  o ne a le botlhale, e bile a se na sepe le ditshego tsa bana ba sekole, di itaya ka kwa ntle jaaka tlhobolo ya bujane.

 Go tloga fela mo boseeng jwa gagwe, e ne e le ngwana yo o farologaneng le ba bangwe ka dintlha di le dintsi. Go utlwala gore mme mmaagwe o ne gakgamala fa a mo utlwa e le la ntlha a re “mama.” Tota mosadi wa Modimo o ne a amogetse gore morwae o timilwe puo. Dikakanyo tsa ngwana yo di ne di tshosa, o ka re ga se tsa ngwana. A gola a ntse jalo, e le motho yo o sa tlhaloganyesegeng. Letsatsi lengwe batsadi ba gagwe ba tswa kwa tshimong, ba fitlhela a bolaile potsane, fa ba botsa ka kgakgamalo gore o diretse eng jalo, a ba araba ka gore o ne a batla go bona gore podi e na le meno a le kae. Ya re mo go le le latelang ba fitlhela a bolaile koko, karabo ya nna gore o ne a batla go bona gore koko e ja mmidi jang e se na meno.

Lengwe la malatsi ga tsoga kgaruru kwa sekoleng. Thuto e ne e le ka gore go rata madi ke tshimologo ya boleo. “Madi ke saatane, bongwanaka, go rata madi ga go a siama, madi ke one a dirang gore batho ba utswe, ke one a dirang gore batho ba ithekise mebele, ke one a dirang gore batho ba bolaane,” ga bua morutabana wa gagwe MmaMogwera a bo a sala a e boelela ka Sekgoa a re, “Money is the root cause of all evil,” A tsaya metsotsonyane go rile tuu! o ka re o emetse gore thuto e nweelele mo ditlhaloganyong tsa bana.

Ya re a ntsha tlhogo, a fitlhela Keorapetse a lebile kwa ntle ka letlhabaphefo, mogopolo wa gagwe o se fano. “A lo a utlwa bongwanaka,” a botsa, mme bana ba araba ka mogoro. Keorapetse o ne a gopotse botshelo jwa ga rraagwe, a ipotsa gore a ga se letlhoko la madi le le mo jesang setshego sa bana ba sekole. A ipotsa gore a ga se letlhoko la madi le le dikileng le tsentse mogolowe  mo kgolegelong ka tlhogo maoto a le teng. Molato wa kgeleswa ke gore mogolowe o dikile a thubile mo semausung sa baagisanyi mme mo gompienong, o disa poo. “Keorapetse, ke raya le wena, ka re a o a utlwa,” morutabana a ipoeletsa. “Ee mma ke a utlwa… mme ga ke dumalane,” a araba jalo ka boleta mme setlhopha sa gagwe sa mo  leba,  sa bo se thubega ka ditshego. Baithuti botlhe ba tlhoa tsebe go utlwa gore o a bo reng jaanong.

 A gopola letsatsi le a neng a utswa mae a koko ya baagisanyi a a apaya go koba tlala, a gopola ka fa mmaagwe a tshelang ka go tlhotlhoma le malwapa o kopa mmereko ka teng. Mogopolo wa gagwe wa dumalana le ene gore dilo tse mme gone…di dirwa ke letlhoko la madi. O ne a tlhomile dikgono mo tafoleng, a tshegeditse tlhogo fa a itlhalosa, morutabana a aga a mo nyaletsa go bua a ntse jalo, mme seo sa se ka sa mo tshosa. “Nna ke dumela gore letlhoko la madi ke lone tshimologo ya boleo, e seng one madi ka sebele morutabana.”

A tlhalosa ka iketlo e e fedisang pelo, e tlhakanye le go kwakwaetsa. “Fa batho ba ka bo ba na le madi botlhe, bogodu bo ka bo bo se yo, bontsi jwa magodu ga se bahumi, batho ba ka bo ba sa ithekise mebele fa ba ne ba na le madi, batho ba ka bo ba sa sotle ba ba se nang madi. Fa motho a se na madi o eletsa dilo dingwe, a dire dikoloto tse e reng kwa morago, di se ke di mo tshedise sentle. Fa gongwe di felele di mo isitse kwa kgolegelong, ke letlhoko la madi e leng tshimologo ya boleo,”

Ya re a re wa tswelela MmaMogwera a mo tsena ganong, “Mosimane, ga utlwe sentle ne? Ra re go rata madi ke gone go sa siamang, batho ba ba ratang madi ga ba tshele sentle e bile ba dipelo ditshetlha,” le ene fela jalo a tsena morutabana ganong, ya nna kgaruru.

A gopola mohumi wa moAmerika, Bill Gates, a gopola Oprah Winfrey, a gopola mogaka wa mmino Michael Jackson, a gopola batho ba ba foforiwang ke phamokate mo Aferika. “Fa e ne e se ka madi a ga Bill Gates, MaAferika a ka bo a wetse mo isong. Oprah o agetse basetsanyana dikole mo Aferika, ka madi a gagwe. Batho ba botlhe ba, ba ngwaa dimpa mme ga ba na dibe jaaka o bua. Go rata madi ga go na bothata bothata ke letlhoko la madi,” a wetsa.

MmaMogwera a kwankwanyetsa fa tafoleng ya gagwe, a goga thamaga, a harantlholola ditsebe jalo Keorapetse a ntse a bua, “Baebele ya re Petere o rekisitse Morena Jesu ka sheleng tse pedi a mo rekisetsa Bajuta, a le bona gore ke raya jang? Fa  ene e se go rata madi ga ga Petere a Jesu o ka bo a sule,?” setlhopha sa arabela gongwe ka gore nnyaa.  Keorapetse a botsa Morutabana gore a fa Petere e ne e le mohumi a o ne a ka bo a rekisitse Morena Jesu? Bajuta ba ne ba na le madi, ba dirisitse madi go bona se ba se batlang, Petere o ne a se na madi, ke ka moo go nnileng motlhofo gore a rekise Morena Jesu. Fa a ka bo e ne e le mohumi, o ka bo a ganne madi ao.

Ya re ba sa le foo, ga tsena morutabana Rra Nkgele, a reetsa kgang e ka manontlhotlho, ya ne e kete e tlaa mo tsenya mo sekgweng. Fa a tswa molomo, a boka Keorapetse go se nene, “Morutabana ga a ke a fosa monna Keorapetse, a o a nkutlwa, madi ke mmaba bongwanaka,” a tlhalosa. Kago a thubega ka ditshego, ijoo ka e bile a se na maitseo a bo a segetswe mo lehureng fa go nyadiwa morutabana, basetsanyana ba ithiba melongwana ba hupetswe ke ditshego fela jalo le bone, mongwe a palelwa ke go itshoka, a ngannganyega, a beile gore fa a otlhaiwa a otlhaiwe.

Ra Nkgele a tswa ka mojako, MmaMogwera a sala a tlhontse sefatlhego. Ya re fa a sa le foo, a bona ba ba rekisang dithoto matlo ba ema fa ga gagwe. Rre wa teng a tla ntlheng ya setlhopha sa gagwe, mosepele o ka re wa monna a meta tshimo. MmaMogwera a tswa ka lebati la kwa morago, ba na ba sala ba tshega gore ba bo ba gelole keledi. Monna itaya se fololetse. Moragonyana MmaMogwera a boa, a leba Keorapetse, a tloga  tsenya tlhogo. ENDS

Blog

Editors Note

Polling

Is online betting an alternative income stream or a risk

Is online betting an alternative income stream or a risk

Results

Yes, it is an alternative income stream.: 0.00%

It is a risk. : 0.00%

Not sure.: 100.00%