Botsadi, Moopelo le bana

Source : Kutlwano

Author : Lucretia Chima

Location : Gaborone

Event : interview

 

 

Fa o batla go bona gore wa mme ke tau, mo pote ka fa ngwaneng, ijoo! O ka di bona kana wa di utlwa  tsotlhe. Tota ka fa mosadi a ntseng ka teng fa go na le mongwe yo o tshwanetseng go otlhaya ngwana wa gagwe ke ene, ka mma batho ba teng ba itse go loma ba fodisa. Bangwe ba re mosadi o betsa ngwana wa gagwe ka letsogo la moja a bo a dirisa la molema go mo fodisa.

Ga o kake wa tumpola ngwana wa gagwe o bo o re dilo di ka apara tshiamo, nnyaa! Fa o ka se leka, ke gone o ka tlhaloganyang gore Setswana se se reng mmangwana o e tshwara ka fa bogaleng go tewa jang. Fa e le gore ngwana o ne a le molato, ga go ke go buiwa, fela go ka buiwa bosetlhogo le go tlhoka pelo ga gago. Le fa gone mmenyana a ka tswa a itse mokgwa wa ngwana wa gagwe, ya letsogo ga a ka ke a e amogela motlhofofela jalo.

Kana motho wa mme ga a batle go bona keledi mo ngwaneng wa gagwe e bile e buletswe ke motho a sa itse dithabi. Mme lorato lwa bomme le bopelokgale jo jwa bone ke tsone tse di dirileng gore ba ba tlhaloganyang ba bone go tshwanela gore bomme ba lemogwe kgotsa ba gopolwe mo Tshiping ya bobedi mo kgweding ya Motsheganong ngwaga le ngwaga.

Ngwaga o, letsatsi la bomme le tlaa ketekwa ka Motsheganong a le 13, mme e bile go tlwaelesegile gore ka letsatsi leo, marekisetso a dijo a a tlala a bo a penologe ka batho ba tlakisa bommaabone. Letsatsi le ka lone go lebogwang mme, e le mosadi ope yo o go godisitseng e bile a go rutile sengwe se se botlhokwa mo botshelong.

Mme e bile go setse go lemotshega gore ga le kgakala ka mabenkele a kgabile ka mekgabisa le dimpho tse motho a ka di rekelang mmaagwe jaaka dithunya, dinkgisa monate, ditlhako tsa mo kamoreng le tse dingwe. Ba ba nang le pata ba isa bommaabone kwa dioteleng, fa ba bangwe ba reka digouta, dimpho tse di a tleng di kgaole basadibagolo dipelo jaaka ntlo e ntsha kgotsa dikoloi.

Mme fela jalo Kutlwano e ne e ya tswa letsholo go ya go utlwa gore bomme ba diopedi bone letsatsi le le raya eng mo go bone, bogolo jang e le batho ba ba nnang ba le mo tseleng, ba opela bosigo le motshegare. Mme re ne ra kgona go bua le ba le bararo e leng Naledi Kaisara kana Slizer, Magdalene Mogwe yo o itsegeng ka la Charma Gal e bile a bina mo setlhopheng sa mmino wa Setswana sa Culture Spears le Onalenna Gabasiane kana Punah yo gape e leng mongwe wa setlhopha sa Ladies of Jazz.

Charma Gal, yo o sa ntseng a le magorogo masha mo lenyalong, o na le ngwana wa mosimane, George, yo o dingwaga di ferang bongwe. Ntswa fa gongwe diopedi di etle di nne le go nyadiwa e bile ba lejwa jaaka batho ba ba se nang boikarabelo, seo ga se ame Magdeline gotlhelele.  Mo go ene mme ke mme, go sa kgathalesege gore o dira tiro e e ntseng jang. A re ntswa a kgona go lekalekanya tiro ya gagwe le tlhokomelo ya ngwana, o lemogile gore pelo ya botsadi e di feta tsotlhe.

“Fa re le mo mesepeleng, ke nna ka tlhobaelo gore a Papi o jele, o babkwa lwapeng. Ga o kake wa tlhoka go tshwenyega.” Ntswa go na le mme yo o mo thusang mo lwapeng, Magdeline o nna le kgaitsadie yo o tlhokomelang morwae fa ene le monna wa gagwe, Kabelo, yo o  opelang le ene mo setlhopheng, ba le mo go tsa mmino. Mo go Charma Gal letsatsi le, fela le malatsi a mangwe, ka ene e se motho wa dilo tse dintsi.

“Ga ke tlotle Mother’s Day le fa e le Valentine tota. Ke lemotshwa ke dimpho tse George le rragwe ba di nthekelang. Le fa ke sa gakologelwe letsatsi la bomme, la borre ke le gakologelwa sentle,” a latlhela ka monyenyo a leba rraabo.

Le fa tiro ya gagwe e tsaya nako e ntsi, Magdelene o utlwana le ngwana wa gagwe e bile o bua thata ka ene. Ke fa a tlhalosa gore o mo rerisa sengwe le sengwe sa molwapeng. Ntswa ba akanyetsa ngwana yo mongwe, Charma Gal o tshoga gore Papi o ka nna a se ka a rata kgang e, ke ka moo a santseng a tlaa buisana le ene.

“Papi ke ngwana yo o tlhaloganyang tota, tlhaloganyo ya gagwe e fetile dingwaga tsa gagwe. Ka a itse tiro gore ya me e tsaya bontsi jwa nako ya me, ga a letele gore ke goroge kwa lwapeng gore ke mo thuse ka tiro ya sekolo. Go le gantsi o tla a feditse, sa me e le go leba gore o dirile sentle fela,” a bua a le motlotlo.

Ka lelwapa la bone kwa Mogoditshane le nna le tletse ba merero ya mmino, Mmagwe George jaaka ba mmitsa mo lwapeng, a re se, se dirile gore ngwana wa gagwe a nne le boikarabelo jo bontsi aaka go tlhokomela dibuka tsa gagwe le tse dingwe. Fa a le kwa lwapeng, ga se Charma Gal wa sekgantshwane, ke mama’ fela jaaka bomme ba bangwe ba bidiwa ke ba bone.

“Fa ke sa dire sepe ke fa ngwanake nako ya me, kana ga ke batle gore a mpone ka sewelo e ka re ke molatedi wa me yo ke ka mmonang ka go kgabola.” O ne a re le bone jaaka batsadi ba bangwe, keletso ya bone ke go bona bana ba bone ba gola go nna batho ba ba rileng mo botshelong.

Slizer, yo o neng a tuma ka pina ya Batswana ba mpotsa gore ke tswa kae, o tlotla letsatsi la bomme ka e le letsatsi la go ipelela bomme jaaka batho ba ba botlhokwa mo setshabeng. Seopedi se, se jaanong se nnang kwa Aferika Borwa ka go le mafulo matalana, o ne a tlhalosa fa letsatsi la bomme le le botlhokwa e bile le ba kgothatsa ka le sa tlhaole ope gore a o nyetswe kgotsa ga a nyalwa jaaka ene.

Ntswa a nna a opela kwa mafelong a a farologanyeng, Slizer o kgona go kgaoganya tiro ya gagwe le nako ya go nna le ngwana wa gagwe. Morwae, Kabo, o dingwaga di le some. “Bibo ke seikokotlelo sa me, o a nthotloetsa, a nkgakolole bogolo jang fa a ka lemoga gore e ka re ke tshwenyegile,” a bua ka moko. Are fa letsatsi leo le atamela o simolola go akanya gore Bibo o ya go mo rekela eng. Ka a sa ntse a le mmotlana Bibo gantsi o thusiwa ke mmaagwemogolo, Ponatshego Kaisara, go rekela mmaagwe sengwe se se ka mo itumedisang.

 

Teaser:

…a go motlhofo go di pataganya? A re utlwe dikgeleke tsa bomme tsa moopelo.

Blog

Editors Note

Polling

Is online betting an alternative income stream or a risk

Is online betting an alternative income stream or a risk

Results

Yes, it is an alternative income stream.: 0.00%

It is a risk. : 0.00%

Not sure.: 100.00%