Diopedi tsa mo gae di dira go swela

Source : Kutlwano

Author : Lucretia Chima

Location : Gaborone

Event : maitiso a moopelo

 

Mo malobeng go ne go tlwaelesegile gore baopedi ba ba tumileng ba mafatshe a mangwe jaaka Yvonne Chaka Chaka le moswi Brenda Fassie, ba Afrika Borwa, ba duelwa madi a mantisi fa ba opela mo maitisong. Selo se sa tshwenya thata baopedi ba Botswana mo ba setseng ba supa ba diromamowa ka monwana ba re ke bone ba rotloetsang batho go rata mmino wa mafatshe a sele ka go letsa one fela boemong ja wa mo gae.

E re ntswa go na le tlotlo thata mo baopeding ba kwa ntle, baopedi ba mo gae ga ba a ineeela. Ba a ingapangapela mo e bileng go supafala fa seemo se se kgakala le go fetoga. Go fitlha jaana lefatshe leno le lone le setse le ntshitse baopedi ba tlhwatlhwa jaaka ba mmnino wa jazz, Punah Gabasiane, Shanti Lo le Culture Spears ba mmino wa Setswana, le ba ba bangwe fela jalo. Diopedi tsa mo gae ga se bale ba maloba ba ba neng ba itshoga. Ba gompieno ba tshasa go ba go tshwanela. Se se supa tota gore dikgaisanyo tsa ga Tautona tsa meopelo di tsisitse maduo, bogolo jang ka di rotloetsa diopedi tsa mo gae go ntsha mmino wa tlhwatlhwa.

Dingwe tsa diopedi tse di akotseng lenaneo le di akaretsa e ne Punah, Tebbie le ba bangwe. Le fa go twe mongwe le mongwe o paka dijo tsa ga mmaagwe, kgang ya gore moopelo wa mo gae o godile ga se poko fela. Batswana ba ba neng ba tseneletse maitiso a a neng a akaretsa seopedi sa South Africa, Bulelwa Mkutukana, yo o tumileng ka la Zahara bosheng, ba ka ala kgang e botoka ka se se diragetseng. Le fa bontsi bo ne bo rekile dithekethe tsa maitiso a go bona sone setungwane sa pina ya Loliwe, Zahara, se ba neng ba se solofetse ga se a ka sa diragala. Maitiso a a neng a rulagantswe ke ba Dladleng Entertainment kwa Lion Park, e kare a ne a diretswe go supa talente e e tletseng mo lefatsheng leno.

E re ka e le tlwaelo gore fa seopedi sa maemo a ga Zahara se pagama serala se feelelwae tsela ke diopedi tse di potlana, go ne ga nna fela jalo. Seopedi sa ntlha go pagama serala e ne e le Lister Boleseng ka sebelebele; a tshikhinya ba ba tsileng moletlo ka porompeta. Ke fa a tshwere balatedi ba gagwe ka melodi e tshwana le O Tlhokana le Nna, ka ntlheng e nngwe a e tla a ba re tlaa! Ka metlae. Megolokwane e ile magoletsa.

Fa a tswa ga tsena Punah, wa ga Gabasiane, mohumagadi wa mmino wa Jazz. Punah yo o setseng a kile a gapa dietsele di le mmalwa, ke mongwe wa basadi ba ba tumisitseng mmino o mo gae. Ga a ratelwe mmino wa gagwe fela, bontsi bo mo ratela kapari ya gagwe e e kgatlhang leitlho, jaaka mesese ya mosego wa Seherero.

Punah o ne a senya balatedi ba gagwe ka dipina go tswa mo alebamong ya ntlha go fitlhelela ka e ncha.  Ke mongwe wa diopedi tsa mo gae tse di sa swabiseng fa ba hiretswe go natefisa. Fa a fetsa, seopedi go tswa kwa baagisanying, Johnny Mkhali, yo o tlwaelesegileng ka la MJoni  a itathela, ijoo! Ka a itse dilo tsa gagwe, a dira go swela. A opela tsa gagwe tsa maloba jaaka Dinaletsana le  Ba Tlogeleng Batle go Nna. Babogedi ba gana go utlwa; ba kopanela le ene mo phefong Batswana ka ba itse dipina tsa gagwe bobe. Seopedi se go tswa goo-lowe ke motho yo o ratang Batswana le bone ba mo rata bobe.

MJoni o ne a tumile thata ka nako tsa bo Phillip ‘Mokgankgara’ Moshotle, modiri yo o neng a tumile thata wa Seromamowa sa Botswana, a mowa wa gagwe o robale ka kagiso. A tswala ka dipina go tswa alebamong ya gagwe ya bosheng, kefa twalaza a ba a tsipa Mjoni. Mmino wa twalaza o tumile kwa gagabo fa wa tsipa o tumile mono gae. Ya re a tswa foo, ga tsena Shanti-Lo, monna yo o ratwang ke dikgang thata. 

Talente ya gagwe, kapari le bong ja gagwe ke dingwe tsa dilo tse go kwalwang thata ka tsone. Seopedi se fa e le la ntlha o se bona, o kgona go lemoga gore o itse se a se dirang tota, e bile o setse a kile a opela kwa meletlong e metona jaaka Cape Town Jazz, wa ngwaga le ngwaga. E ne ya re mo ngwageng o o fetileng a ya go jesa ba rata mmino ba kwa Sweden kwa a tlogetseng bontsi bo batla gapegape teng. Shanti Lo o ne a opela dipina tse di akaretsang Chiwele le boloi, a swaya pina o kare motho a le mo moweng.

Ya re a fetsa bontsi jwa simolola go bothologa ntswa tota ba ne ba tsile go bona mmakatara, ga se Zahara! Le ene ka a ne a tsentswe mo mosong tota nako e setse e ile, batho ba ne ba setse ba tsamaile ba beilwe pelo ke bana ba mogae. Zahara ke seopedi se o ka se tshwantshanyang le wa kwa Enyelane, Adele. Ga se batho ba go ithakgatha, wena reetsa mafoko a a dipina tsa bone fela, a a go ama.  Fela ka letsatsi leo e ne e kare ga a a tsenya nama le mowa mo dipineng tsa gagwe.

 Bontsi jwa batho ba ne ba supafala fa ba sa kgatlhega mo go kalo ka ba ne ba simolola go ikgoga a ntse a tsweletse a opela. Ba ba neng ba emetse go mmona ka matlho ba seka ba mo swabisa ka ba ne ba goga Loliwe le ene. Ya re a fetsa bontsi ja bo bo setse bo tsamaile, selo se bontsi  bo neng bo dumela gore se dirilwe ke go mo simolodisa morago ga nako.

Ka go twe moporofeta ga a ke a tuma kwa ga bone, ke dumela fa Zahara kwa a leng teng a ba bolelela ka ditswerere tse a di boneng mo Botswana. E gorogogile nako ya gore barotloetsi ba mmino ba simolole go fa baopedi ba mo gae tlotla e e ba tshwanetseng.

 

Teaser:

Ee! Ke nnete motho ga a a tshwanela go ipoka, motho o bokwa ke ba bangwe. Gongwe e kare gotwe ke bafe ba ba tshwanelwang ke tlotla ya poko motho a bo a sa fosa fa a akanya baopedi ba mogae

Blog

Editors Note

Polling

Is online betting an alternative income stream or a risk

Is online betting an alternative income stream or a risk

Results

Yes, it is an alternative income stream.: 0.00%

It is a risk. : 0.00%

Not sure.: 100.00%