Balemi ba iphotlhere
Source : Kutlwano
Author : Mothusi Soloko
Location : Lejwana
Event : Interview
Pula e dikile e le boutsana, ka moo balemi ba lema morago ga nako, le fa e le ba go ka bong go twe “ya matsoga pele e ja se se nonneng” le bone fela jalo ba dule ba iphotlhere ka dijalo tsa bone di ne tsa garimolwa ke letsatsi. Mo baleming ba, go na le molemi wa senatla, Mme Mmapholo Mogorosi kwa Lejwana gaufi le Kubung.
E re ntswa e le molemi yo mmotlana, balemi ka bontsi ba bonela dilo mo go ene. E ya re fa go tlhotswe ene, bontsi bo ipotse gore bone ke ba ga mang. Fela jaaka bontsi jwa balemi, mo nakong eno o itlhobogile, pelo ke yone fela e santseng e mmeile kwa masimo.
E sa le e re ka nako ya dipula tsa ntlha a bo a baya tema. Ya re fa tsa morago di wa, a feleletsa ka lesope la gagwe. Fa dilo di ne di apere tshiamo, o ka bo a bone dikgetsi tsa mmidi di ka nna masome mararo, mme mo gompienong le fa e le setlhotlha ga a a se bona.
Mo boemong jwa mabele, tshimo e tletse mhero le dithunkwane tsa magapu le mokatse- dikai tse ditona tsa gore motseto o tlaa fapoga marago. A re dipula tse di boutsana le letsatsi la senyetse di bolaile thobo ya bone. Fa e le ka fa leruong gone a re ke matlhotlhapelo fela.
“Pula ya gompieno e tsile morago, fela fa pula ya ntlha e fetsa go sitlhamologa, go ne ga tla mogote o o neng wa bolaya dijalo di sa le kwa tlase. Monogwaga ke mathata fela,” o buile jalo. Molemi yo wa senatla a re pula e e boutsana e tla jaana ka batho bangwe gone mo Lejwana ba ne ba bapotse lefatshe.
“Go dikile go tsile batho mo ba tsile go rema makgalo. Re lekile go ba tsibosa fa mokgalo o sa rengwe, mme ka lona baša le itse thata ba seka ba re kgwa kgaba, bana ba ga Rankhibidu le bone ba dikile ba bolaile tlhware, jaanong ga ba yo rona re mo mathateng, ga ke itse gore moratshwana o ke tlaa lala ke o isitse kae,” a bua jalo Mogorosi.
Mogorosi a re fa ngwaga o le monamagadi thobo ya gagwe o e tle a e ise kwa Botswana Agricultural Marketing Board (BAMB), mme a dirise madi a a aboneng go intsha mo lehumeng. Ka fa leruong a re pele ga go omelela dipodi tsa gagwe di ne tsa tlhaselwa ke leroborobo la pholotso.
“Gompieno re hatela dikgomo kwa molapong ka tamo e kgadile lefatshe le lone le le lesetlha, ga go na se dikgomo di se jang,” a rialo. Molemi yo mongwe gaufi le Kumakwane, Rre Tshenelo Oremeng a re o sale a itlhobogile fela di tloga.
A re gale le gale e a re kgwedi ya Ngwanatsele e wela a bo a setse a beile tema. “Gompieno pula ga e yo. Re ne ra bolawa ke pelo re re re tlaa bona sengwe re bo re baya tema, mme ke jaaka o iponela fela jaana. Jaanong ke gore re ye go ikwadisa kwa namola leuba,”
Oremeng a re dijalo tsa gagwe o di rekisetsa fa thoko ga tsela e e tswang Gaborone e ya Kanye. Ka jalo a re dipoelo fa ngwaga o le monamagadi ke tse di nametsang. “Re ntse re rekisa dikgatlapuane fela mme le tsone di jelwe ke letsatsi. Kgwedi e fa e wela re tlaa bo re boela gae, re itlhoboga,” o bua jalo. Molomaganyi wa ditiro tsa lenaneo la ISPAAD le le thusang balemi go ntsha maduo a a botoka, Rre Lepodise Telekelo, a re seemo sa dijo mono ngwaga se tlaa wela tlase.
Telekelo a re kwa ntle ga gore pula e tsile thari, mogote le one o ne wa gaila dijwalo. “Mmidi o tshaba leuba mme ka jaanong Batswana ka bontsi ba sa leme mabele, re sa ntse re kanoka gore thobo ya gompieno e tlaa tla e eme jang,” a tlhalosa.
Teaser:
“Go dikile go tsile batho mo ba rema makgalo. Re lekile go ba tsibosa fa mokgalo o sa rengwe, mme ka lona baša le itse thata ba seka ba re kgwa kgaba, bana ba ga Rankhibidu le bone ba dikile ba bolaile tlhware, jaanong ga ba yo rona re mo mathateng, ga ke itse gore moratshwana o ke tla lala ke o isitse kae”











