Kgaitsadiake go nkgobolola
Source : Kutlwano
Author : Mothusi Soloko
Location : Gaborone
Event : Polelo
Batho ba Modimo…! ke jetse malatsi a Botsalo jwa Morena mo kgobedung! Kgaitsadike, Mmamosese, o nkgobolotse mo go botlhoko e bile ke ikotlhaela gore ke a bo ke ne ke re ke ya kae tota! Le nna ke gore ke rata go leka ditlhare bothito, mosadi yo ke a mo itse, ke kgaitsadiake, wa ga mme le rre, o bosula! Ke le kgwile lethe, ka bo ka le katela, ke itshwere khubu, ga ke kitla ke baya lonao kwa ga gagwe.
A ruri kgaitsadikae o tshwanetse go nkgobolola ka bokete jo bo kanakana! Kana tota e bile ga se go nkgobolola, mo ke go ntlhapatsa! Malome Mmampodi o tshwanetse go itse kgang e! A tlhe bogolo a nkgobolole jaana tsala ya me e se yo. Fa e le gompieno ke swabile nko go feta molomo.
Dilo di simolgile jaana, e ne ya re fa re ya malatsing a boikhutso a Botsalo jwa Morena, kompone ya rona e ne e sa re duela sentle, re filwe sephatlo fela. Ka go bona metsi a tlala dipota, ka gopola tsala ya me, Shimane o o direlang kwa khanseleng ya Lobatse. Ka feta ka mo rolela selelo sa me, a dumelana le nna go re re ye gae mmogo gore a nkimolole lehuma ka a ne a lefilwe sentle. Gone ke mang yo o ka kgonang bobotlana jwa malatsi ao? Ga se go tloga o tlhobogwa ke makgarebe fela?
Ra leba kwa gae, ra goroga go le Labotlhano wa beke pele ga ya letsatsi la Botsalo jwa Morena! Ra gorogela mo sefitlholong, ra se wela godimo ka dimpa. Kgaitsadiake a tlhapile! Setlogolo Katlego a ya go re alela kwa ntlong e e kwa morago, ra isa marapo go beng! “Lo tlaa robala sentle Thusi,” Mmamosese a re laela.
Ya re fela fa bo o sa ra bo re tswa ka kgoro, re tlhotlhoma le malwapa a bogotlhotlhwa kae. Fa le pagama, re ne re setse re le kwa ga Paper. Pele ga re tsena koo, re fetile fa ga Mmaletlhakwana, ra phamola di le pedi, ra se ka ra diega ka a ne a paraladitse menwana. Fa ga Motsereganyi gone re ne re dumalane go re re ya go feta re eme ka dinao, jwa teng ga bo ke bo bela, ke tlatlola o apeye. Motho wa Modimo o kgaupediwa ke rona bareki ka gore ga re katoge nkgo, o ka re re ditonki di utlwile monko wa moroko.
Maikaelelo a rona e ne e le gore re ya go bo tseka, le fa re ka fitlhela e sa ntse e le magwaana, re a tsaya re ya go bo leka kwa pele. Kana kgengwe le ene o tle a lekwe. Owaai! Kae? E rile fela fa re tsena, Shimane a betsa diphafana di le tharo, ra gatlha mala ka tsone gore e re fa re ntse re tsamaya mo go tse tsa dithini, re bo re beeleditse. Kwa ga kgaitsadiake go ne go apere tshiamo, ba di apeile dimotamelomo.
Mo mosong wa letsatsi la Botsalo jwa Morena, fa re phutholola mesobana, Katlego a bona mosese, kgaitsadiake a bona tshupanako. A itumetse go gaisa le sone segwagwa sa pula!
Ga tloga ga tsena Kago, ra atlana, a tloga a re tse tlhano! Shimane a gana go gaisiwa, a tlhatlosa mosepele, a re tse thataro. Ra boa le moriti re ntse re bo thuga, Tlou le ene a tsena, a goga di le nne! Ra bidikama mo go one matute a morara, thabisa digwagwa! Dipotsane tsa re di tsena ka jarata ra di kganelela kgakala! Metlae e ile godimo, letlhaku le gogwa. Go re re tswa go robala leng gone, go ka itse bone baloi ba bosigo.
Re tsositswe ke Katlego a re mmaagwe o kopa madi a sukuri, Shimane a ntsha diponto tse tlhano a lebile go sele, a tloga a boela go letsa legalapa ramogoma. Fa re ntsha tlhogo, mosepele wa letsatsi le fetileng wa simologa, poeledi ya nna mmoeletsane! Mosepele ole wa tse pedi tse tharo, wa ikgara jaaka sebokolodi sa monamatsela, re bo simolola kwa ntlheng, re thoba dingalo, re bo re simolola tse disha. Tota go a re e re nako e go letla o e dirise, re ne re bona gore lefatshe ke la rona, le a re dumela fa re le gata.
Malatsi ka a se ka a gana go tsamaya, a feta ka ponyo ya leitlho! La tla letsatsi la gore monate o fele, mongwe le mongwe a gopole kwa a kopang morogo teng. Ra itaya dipata, melomo ya setlhafala. Ra fitlhela le madi a sepagamo a se yo! Kgaitsadiake ya nna botshabelo.
Ke sale ke utlwa lofeelo lwa gagwe masa a tla a rwele, ka itse ke sa bolelelwa gore ga e ntsha e kgologolo. Ya re fa ke sa reeditse lofeelo, ntsanyana ya mokgerwa ya tlhaba mokgosi. Ya kgweswa ke motho “A e tswe fa, tota yone e tlhola robetse fela, fa e sa thanye pelo jaana, e tlaa tsoma leng tota e re bolaisa tlala? A e tswele e bile e tloga e iphutholola mala kwa.” Nkgonne a e kgibola ka marago a lofeelo” Owaai ka belaela gore a tota go tewa semetshe. Ya re fela fa ke dipoga mo go tsa bosigo, ka tlhamalela kwa fa morago, ka fatsa dikgong, ke garile mogatla. Ya re ke phatlola la bobedi, sebetlela sa tsapoga, sa ya go wela gaufi le Mmamosese. “Ga twe ke eng tota batho ba phatlolaka dikgong o ka re ba a lwa jaana? O tlaa re hatlha tlhe motho ke wena! Tota o fatsa jang fa o kgokgoetsega jaana? Le gone o tlaa roba selepe seo sa me,” a omana jalo a akga diatla.
Owaai! o fetogile Mmamosese! Ke mo itse a ntse jalo, fa o utlwa a bua jaana, ga ke ka ke ka bona sepe! Shimane a tsoga, ra kokomala fa thoko ga gagwe go rile tu, o ka re re ditholo di bothile! Kgantejana ka phunya sekaku. “Nkgonne, kana bosigo re letse re latlhile madi a sepagamo, jaanong re ne re re …a ga o re adime re tlaa go bona kgwedi e fela,” A tlola jaaka noga ya mokwepa e gatilwe mogatla. “Ga ke ka ke ka go adima madi a me, o ntse o kgokgosetsa majalwa o sa itse gore o tshwanetse go boa, ga ke na madi a a kolopang masogo! A ke nna ke rileng o je madi jaaka mogwana? Hee batho! a kgaitsadiake o tshwanetse go nthaya a re ke kgokgosetsa majwala? Ke eng bogolo a sa re ke nwa bojalwa. Nnyaa ga ke rate a dirisa lefoko leo. Ke ne ke sa kgokgosetse majalwa ke ne ke bo nwa! Shimane a gotlhola go se nene!
“Rayang basetsana ba lo ntseng lo ba gogagoga ba lo pege. Nna ga ke na madi ke ya go duelela ngwana kwa sekoleng, lo ntse lo sasankega motse otlhe mo o kare lo bala ditema, lo sa mpone ka sepe. Gompieno lo tsile go ikgara fa thoko ga me, lo re ke lo adime madi lo a itiya bonnaka, tsamayang fela lo ye go adima madi kwa lo neng lo reka bojalwa teng,”a tswelela!
Ka ipotsa gore tota fa ke tlaa tla go palamelwa ke motho ditanka mme ke na le moeng, ke tlaa mo raya ke reng? Shimane a nteba ka boitlhobogo, ka ikutlwa ke tlalelwa. Tota lebaka e se gore Mmamosese o gana ka madi, lebakalegolo e le mafoko a a a dirisang, a a ntlhabang mo pelong. Tota reng kgaitsadiake? A re ke ruga madi? Ke kgokgosetsa majwala? Ke a sasanka? Re ikgara, e bile re gogagoga basetsana? Ijoo! “Tota bokao le maikaelelo a mafoko a ke eng?” Ka ipotsa. Mafoko a a botlhoko, a a gatelelang thata, a supa go tenega, le boleng jo bo kwa tlase ka tiriso ya one! Ka ema ka dinao ka bua le ene, a nkaraba ka bogale! “Rra wee, lesa go papanka mo jarateng, ka re ga go na madi,” Go papanka? Nnyaa!
Ka Modimo re ne re sa sasanke, ga re a ruga madi, ga re a kgokgosetsa majwala gape ga re a ikgara! Gape ga ke papanke. Ke eng bogolo a sa re feditse madi ka bojwalwa, e seng majwala, ke eng re ne re gogagoga basetsana. Nnete ke gore ga re ise re gogagoge mosetsana ope, re ne re na le Boipelo wa ntsalake fela!
Kutlobotlhoko ya re kgokgoeletsa kwa ga Rangwane, ra re matlakamaleo, fa re fitlhela madi a motshelo, ra a wela godimo jaaka moretlwa mmamphula ke ntse. Ra boela kwa ditirong. Fa e le kwa ga kgaitsadiake gone, ka re ga ke kitla, ke ikana ka tlhale e ntshole tshweu… ke baya lenao! Mafoko a a neng a a dirisa a botlhoko e le ruri! Ga ke a rate. ENDS
Teaser:
...ntsanyana ya mokgerwa ya tlhaba mokgosi. Ya kgweswa ke motho “A e tswe fa, tota yone e tlhola robetse fela, fa e sa thanye pelo jaana, e tlaa tsoma leng tota e re bolaisa tlala? A e tswele e bile e tloga e iphutholola mala kwa.” Nkgonne a e kgibola ka marago a lofeelo” Owaai ka belaela gore a tota go tewa semetshe...











