Ga se la motloga -pele
Source : Freelancer
Author : Keabetswe Dintwe
Location : Gaborone
Event : Polelo
Pula e e ne na ka dikgadima kwa masimong a Mmamorara, go thibile lefifi la mma ntshwarele ngwana ke ale. Go utlwala go tsorotla ga pula ya matlakadibe, go phothosela ga metsi mo molapong wa Dikgotshane, le leratla la tladi. Kentse a utlwa a segwa ke mala a masesanyane, botlhoko ja teng bo le bofitlha bo ganelela kwa tlase ga mohubu. A itse a sa bolelelwa gore a, ke leralalo. O ne a sa le rutwe ke motho ka gore o ne a setse a tswa madibeng ga raro. La ntlha a tla a tshotse kweletla ya mosimane, Mahube. La bobedi le laboraro ya nna basetsana, Nchadiko le Selebaleng, ka go tlhomagana jalo.
A tshuba lobone, a tloga a tsosa mmaagwe, Mmasetlhora, motho moleele marumo a dira re thiba ka ene. A le matshweka jaana, le matsogo a a lemetseng kwa ntle, o ka tloga wa re ke motho a le sebodu; mo nee tiro o tle o bone. O ka e ruthaka a sala le dijo a sa di batle, a tlhola fela ka mogodungwane, more o fisang banna ditedu.
Mmasetlhora o ne a ntse a eme malalaa a laotswe, ka a ne a akanyeditse kwa pele gore fa nako e ka ba raka ba se na koloi, a mo tlamele jang. Diphala tse ke tsa gagwe, o tlhola a di letsa. Le baagisanyi ba gagwe ba a mo itse, ba mo tshephela gore o diatla di tsididi. Gone o ne a itse gore ngwanyana yo wa gagwe o letheka leleele, a ka tlhodisa motho le tlala, le mmu a o mo o tlogedise mo seboaneng, o itire seolwana.
Ka lesego, ya re fa a ya go tsosa modisa wa loruo la bone go baakanya sekotsekara go isa molwetse kwa gae, a mo fitlhela. Ka nako eo ke fa pula jaanong e supa gore e a sa, go didimetsa kodu ya maru ntlha ya tlase. E le setlile lefatshe mo le neng le rabutsega, go le bophadiphadi gongwe le gongwe.
Rabotanka a rwala masutlha a gagwe a ditlhako, a kgosomelela kwa sakeng la ditonki a ntse a ipotsa gore a tota o tlhatlhetse dipotsane tsotlhe mo serubing. Gone o ne a gakologelwa a di tswalela, a feta a totomela fela mo motshetelong ka a ne a boleletswe ka seemo. Ka bonako a di pega ditweega, a goga sekotsekara a se atametsa.
Kwa ntlong mosadimogolo o ne a setse a baakantse, a bofile sengwe le sengwe, a se beile ka fa mannong. Ya tloga ya emelela karaki ya ditonki ya leba kwa Kgageng e sisela, ya dikologa seloko sa ga Kgori. Kana mo nakong ya dipula ga se tlakatlakelwe, le fa motho ka a belwa ke mpa e sa ruruga, a ka se akanye go se ralala, a tloge a re baabo ba mo hularetse.
Ba goroga kwa kokelong, ba amogelwa ka oomabedi. Moragonyana fela ba sena go goroga ba bo ba bolelelwa gore go gorogile sepotoko sa molamu wa motlhware, monna ga a betlwe o monokwa fela.
A reelelwa rraagwemogolo, Keokilwe. Ngwana a gola a le matlho a botlhajana, Keokilwe ka sebele, mong wa leina, a aga a supa gore tota go tsile yo o e tlaa reng fa a ikela badimong, a bo a mo kaeditse matsekane a le mmalwanyana ka botshelo jwa moraka.
O ne a a tle a lebe Mahube mme a bone a le dinala di metsi, a ipotsa gore a lesaka la gagwe e tlaa re mogang a iketse badimong, la mela thepe le mokapane. E re fa dikakanyo di ile mafisa jalo, a ikgomotse ka gore ditlhaka di tlaa mo namola, o tlaa nna mabalane.
A tlala ka boitumelo fa a ntse a bona Keokilwe a gola, a bona a na le kgatlhego e ntsi fela thata mo leruong. O ne a rata go thusa thata go tlhaolela dipotsanyane, a tloga a tswela le tsone fa patlelong fa di fulafula mo mosong, ene a palame thotobolo ya molora a letsa molotsana. Ga nna ga supagala gore tswaatswaa e tswa gale, modisa wa kgomo o tloga nayo, thupa ya dikgomo re e kgetla di eme.
Ga tla nako ya go re go iwe kwa sekoleng, ka meno a a fa pele a mogoma a ne a setse a itshupa gore ke nako ya gore bosigo bo se, a ye go lekana mashetla le ditlhaka.
Keokilwe a gana a re ngwana o sa ntse a le monnye. A supa gore kana ngwana wa mosimane ga a tshware ka bonako jaaka wa mosetsana. O ne a aga a botsa gore a leina ka ene o tlaa kgona tlala ya kwa gae. Kana go ne go raya gore o ya go nna le boNchadiko ka Mahube ene o ne a setse a le kwa dikoleng tse di kwa kgakala. Ya nna gore mo ngwageng o o latelang a tlaa tsamaya ka tlhaloganyo e tlaa bo e tiile. Kae!?
Ya re ngwaga oo o ya fifing, Keokilwe a ikela badimong. Ka ditlamorago tsa loso di se ka di itsiwe, ga nna gore mosimanyana a name a ntse a le kwa masimong, a thusa go thibela dipotsane. Ya bo e le gone jaaka balekane ba gagwe ba mo sia. A nna a sala podi morago fela jalo, a tlhoboga ka tsa sekole. E ne e a re fa bomolekane ba gagwe ba tlile masimo fa dikole di eme, ba nne bamo sugasuge.
A nna a leba jaaka ba dira, go fitlhelela a itse go kwala leina la gagwe. Go bala gone o ne a go leka mme ka bonya. Fa e le dipalo tsone o ne a di lemoga ka gore o ne a itse go bala dikgomo le dipodi tsa ga gabo tsotlhe. Go ne go se na ope yo o neng a ka mo tsietsa ka go bona gore a di mmogo. Fa e nngwe e sa goroga, go itse ene pele. A tloge a tswalele tse dingwe, a ye le tsela e e yang kwa sedibeng go tlhola gore a ga e a salela mo go tsa batho. A disa podi, a tloga a disa kgomo.
Ya re nako nngwe a utlwalela lenaneo la thuto ga e golelwe kwa Kgageng. A nna le kgatlhego e ntsi fela thata. O ne a dira thulaganyo ya gore fa e le letsatsi le a yang kwa dithutong tseo, o tswalela dipodi mo tshimong ya ga Mmothi, ka e ne e setse e iphetola legola.
A nna a totoba jalo le tsone go fitlhelela a tsena mo seemong se a a ka yang go kwala ditlhatlhobo tsa dikgato ka go tlhomagana. A fudusediwa kwa gae, go ya go wetsa lekwalo la borataro le la bosupa. A feta ka tse ditsididi mosimane wa pheta ka pejana.
Ka go lemoga gore o tlaa tshwenngwa ke ditlhong tsa go itsewe ke balekane ba gagwe ba ba neng ba setse ba le kgakala, a ikanya go ya go tsena sekoleng se se kwa kgakala. A feta a itshwara sentle, a ja tlhoa, a tlhoafalela dithuto tsa gagwe. A fenya mophato wa magare ka tse ditsididi. A ya kwa go tse dikgolwane. Le gone a tla a di padimotse ka jaanong o ne a setse a bona marang a botshelo a tsamaya fale, mahube a jone a setse a butswa.
O ne a tlhopha dithuto tsa temothuo mme a amogelwa ka oomabedi go dira dithuto tse di tsayang dingwaga tse nne. Fa a le kwa sekoleng jalo, a lemoga gore golo fa dithuto di tshwana fela. Rraagwemogolo o ne a aga a mo ruta gore dipodi di tlhokomelwa jang, di noswa jang mme fa a ya go rutwa ka tsa seeng, a lemoga gore pharologanyo ke mekgwa fela. Se se dirwang sone se sengwe fela, le gone a lemoga gore bananyana ba a neng a tsena le bone, ba ne ba tlhaelela kgakala fa ba rutwa ka gore bontsi bo ne bo goletse mo diponeng.
A totoba le tsone jalo namane e tona, go fitlhelela a wetsa. Ka dingwaga di ne di setse di kgabagantse, a ikopela ditsha tsa bonno, kgwebo le tshimo fa a ntse a le kwa sekoleng. Ya re fela fa a sena go latlha pene kwa sekoleng sa ithutelo temothuo, a romelwa go ya go ikoketsa dithuto kwa ntle ga lefatshe ka a ne a dirile bontle thata. A tloga a boa mme jaanong a tshwanelwa ke go nna motlhatlhelela dithuto. A simolola tiro jaanong a amogelwa go le botokanayna.
A tsenya dinala mo mmung a lema, a gata boloko jwa kgomo, a itse gore Modimo o o nko e metsi ga o tlhokwe ke ngwana wa Motswana. A amogela ka atla tsoopedi ka a ne a bona dipoelo kwa tshimong le kwa sakeng. Morago dingwaga di le lesome a ntse a theogetse, a tlogela tiro, a bona gore go tsogelela moso le moso go mo dia go ala diatla, a a ja mamphemphe a a tswang mo mmung one o a goletseng mo go one. ENDS
Teaser:
Kwa ntlong mosadimogolo o ne a setse a baakantse, a bofile sengwe le sengwe, a se beile ka fa mannong. Ya tloga ya emelela karaki ya ditonki ya leba kwa Kgageng e sisela, ya dikologa seloko sa ga Kgori...











