O ILE STAMPORE

Source : Kutlwano

Author : Lindi Morwaeng

Location : MOLEPOLOLE

Event : Mmino

Ke fela banna ba ba botlhale ba botlhabatsatsi ba ba neng ba itse gore go tlaa tsholwa leng mogaka kgotsa nailedi, le gore o tlaa tsalelwa kae. Le fa go ntse jalo    bontsi ja batho ga ba ke ba itse go fitlha mogaka yo tlang a tsetswe.

Le  fa go ntse jalo fa motho yo a tsaletswe go nna mogaka yo o se kitlang a lebalwa ga go na se se ka kgaupetsang thulaganyo e ya mmopi. Mogaka yo re buwang ka ene e leng Malefo Mokha yo o tumileng thata ka la “Stampore” ke naledi ya seriti se se ntseng jalo.

 Mo nakong eno e lefatshe le hutsafaletseng leso la gagawe, go lemosega fa ditiro tsa mogaka yo di sa kwalwa gope. Go ntse go ntse jalo talente ya gagwe e e faphegileng e salela mo dipelong tsa ba le ba ntsi.

Naledi ya seopedi se, e ne ya simolola go phatsima dingwaga di le masome matlhano le bobedi tse di fetileng fa a ne a belegwa kwa Molepolole mme a tswelela a galalela le go feta dingwaga di ntse di tlhatlologana, ka go fenya dikgoreletsi tsa ngwao le tsa letso le mmala, a gola go nna sekgantshwane se se ratwang ke batho botlhe.

Le fa a ne a tsaletswe mo lelwapeng le le sa itsegeng, o ne a tumisiwa fela ke lentswe le katara ya gagwe.  Talente e fela e le nosi e ne ya isa Stampore kwa mankaleng kaleng ya mo tumisa thata ntswa a ne a sa itewa seatla.  

Mmino wa gagwe o ne wa tshamekiwa mo diromamoweng tsa mono gae le go ya kwa mafatshefatsheng wa bo wa dirisiwa mo baesekopong ya ntlha e e kileng ya gatisediwa mono Botswana ya No. 1 Ladies Detective Agency e e tumileng ka leina la  Mmaramotswe.

 Fa motho a batlisisa thata go itse gore Stampore ke mang le go re lerato la gagwe  la katara le ne la nna la simologa kae jaaka e ne e le moka ke yone tsala ya gagwe, ga go gakgamatse go fitlhela a tsaletswe molapeng la ditswerere tsa kopelo.  Kwa ntle ga moswi rre-rraagwe yo o neng a letsa segankure, barwa rraagwe le bone ba ne ba letsa diletso tsa setso.  

Abuti wa gagwe Sebini Mokha o gakologelwa fa a ne a ruta Stampore le monnawe yo mongwe yo o le ene a leng  mmasekanata yo o tumileng e bong Kotaeshele go letsa katara ya motontonyane a sale mmotlanyana  kwa motsaneng wa Maanege. Katara e e ne e dirilwe ka motontonyane wa mafura a a apayang e le mathale mararo. O tlhalositse fa lerato la gagwe la kopelo le ne la simologa foo. 

O gopola gape jaaka moswi monnawe a ne a tle a letse katara ya gagwe maitseowa a sena go tlhola a tlhantlhetse kwa madisong. E ne ya re morago Stampore a thapiwa kwa  Kanye go ya go disa, mme ka dituelo tsa teng a ithekela katara e e mathale mane. O ne a ithuta go letsa katara e koo mme a tlhokotsa maitemogelo a gagwe.

 E rile ka dingwaga tsa bo 1980 ya nna gone Stampore a itsegeng kwa Molepolole.   Joel Kgosiemang, mongwe wa balatedi ba ga Stampore o tlhalosa ka fa dipina tsa ga Stampore di neng di ratega ka teng fa ba ntse ba gola. A re ka ba godile mmogo kwa Molepolole, o ne a lebelela Stampore nako tsotlhe mme a rata dipina tsa gagwe.

O gakologelwa go re ka dingwaga tseo bo 1980 o ne a le dingwaga di supa kgotsa thataro fa bana ba ne ba kgobokanela mmasekanata yo fa ba mmona mme ba mo sale moorago go ya kwa a neng a leletsa teng kwa thata kwa   koporasi ya  Molepolole. Ba ne ba tle ba mo kope go ba opelela mme a dire jalo ,kgabagare batho ba mo kokoanela. Bangwe ba ne ba mo latlhelela dithebe ba becha dipina fa bangwe ba mo rekela bojalwa go lebogela monate wa dipina.

O ne a tle a okise babogedi ba gagwe go re ba beche dipina ka go letsa tse ba di ratang a di oma fela gore ba rokotsege ba ntshe madi, kgotsa bojalwa ke gone a ba di tshamekele.   A re se se kgatlhang leitlho ke go re mo malatsing ao batho ba ba tshwanang le ene ba ne ba opela ka ntlha ya lorato la kopelo fela e seng dituelo. Botlhami ja gagwe le jone bo ne bo faphegile ka jaana o ne a thubega fela ka pina a i se ke a e nnele fatshe a e rulaganya a opela fela ka tse a di boneng mo botshelong.

“Ga ke ise ke bone talente e e kalo e le ya tlholego fela,” ga gatelela  Kgosiemang  ka lentswe le tletse kutlwelobotlhoko le tlotlo mo rreng yoo wa sekgantshwane segolo. Pina nngwe e motho a e gakologelwang ka bofefo ke ya Re Batswana, e mo go yone a opelang ka leeto la gagwe le babangwe kwa Lontone.  E rile go goroga koo Maesemane ba mo dumedisa ka segabone, mme a sa ba tlhaloganye. Ka a ne a sa ba utlwe a ikarabela ka sa gagwe a re  I dondi cum, I dondi care.

 Bontsi bo tlaa gopola  Stampore ka dipina tsa gagwe di tshwana le ya Re Batswana, Mathaithai le tsedingwe, mme fela go sengwe ka ene se se mo tlhaolang mo go babangwe.  O ne a letsa katara ya gagwe e lebile kwa morago.

 Kwa phitlhong ya gagwe kwa  Molepolole, sebui morago ga sesengwe se ne se boka thata  moletso wa gagwe wa katara o o faphegileng. Tsala ya gagwe  Banjo Mosele a re ba ne ba kopana ka 1991 mme a makadiwa ke ka fa Stampore a neng a letsa katara ka teng.

“O ne a letsa moletso o o pharologano, a  tlatsa ka go re fa ba ile go letsa kwa   South Africa, o ne  tlhakanya babogedi tlhogo ba bo ba batle a ipoeletsa gantsi. Mmasekanta  wa kgale Taolo Moshaga, a re o itsile Stampore dingwaga di le masome mararo tse di fetileng, mme a re mo go ene e ne e se seopedi e le tsala, jaaka a re o kile a nna le ene kwa gagagwe kwa Gaborone West. Moshaga a re  Stampore o ne a letsa katara ya gagwe ka botswerere jo bo rileng.

O ne a mo tshwantshanya le bommantswitswidi ba katara jaaka  Andris  Bok le  Tlhabano Molatlhiwa.  A re ga a kitla a lebala botshwerere le botlhami ja gagwe le ka fa a neng a rulaganya kopelo ya gagwe ka teng.  O tsaya moletsi yo e le motho yo o telente e kwa godimo thata mme a ne a le boikokobetso thata.  Le gale, Moshaga o bile a supa go re le fa Stampore a ne a na le talente seemo sa gagwe sa botshelo le sa itsholelo ga se supe jalo, a re go tlhoka lekgotla le le sireletsang ditshwanelo tsa bataki ke gone bothata jo bogolo.

Solly Sebotso wa pina e e tumileng ya Pidipidi a re Stampore e ne e le mogaisani ka ene yo o mashetla fa a mmona la ntlha nako e e fetileng fa a ne a santse a leletsa kwa koporasi ya Molepolole. A re le gale o ne a lebagana le kgwetlho eo mme a godisa  mmino wa gagwe go o isa kwa godimo. A re Stampore o mo rutile go tlhopha pina le go e fetsa.

Mookamedi wa ga Stampore, Solomon Monyame yo o itsegeng ka  Solo B, o tlhalositse fa a sale a ratile mmino wa  ga Stampore jaaka a godike a di reetsa mo seromaoweng sa RB1, mme a tlhotlhomisa thata ka mogaka yo. A re ka nako eo Stampore o ne a le mo konterakeng le ba Eric Ramko. Ka 2007, o ne a mo kwadisa kwa komponeng ya gagwe ya Small House Records mme ba gatisa alebamo ya bone ya ntlha ya A Re Batswana. Ba ne ba bopa setlhopha sa maloko a mararo se bidiwa Stampore trio.

Monyame o tlhalositse go re le fa batho ba ne ba amogela boraro jo, kgwetlho e kgolo e ne ya nna gore ba seka ba fetola molodi wa ga  Stampore. Fa a tlhalosa ka fa ba neng ba tswa ka setlhopha se ka teng, Monyame o boletse fa kgatlhego ya gagwe e ne e le go isa setumo sa ga Stampore kwa godimo go feta. Go ne ga seka ga nna motlhofo go gatisa dipina tsa gagwe sesha , ka ba ne ba tsenya diletswa tse disha di tshwana le dikatara, le di key board mme jaanong molodi wa utlwala jaaka wa jazz. 

E rile kwa bofelong ba atlega  ba kgona go rulaganya ditlhamo tsa ga Stampore ba sa di fetole molodi ka gope. Morago ga go fufula mo ba ne ba ntsha dipina tse di amogelwang sentle thata ke tsebe ya moreetsi. Monyame a re se se tshwenyang fela ke go re itsholelo ya baopedi mono Botswana e kwa tlase thata. Ba ne ba leka meletlo ya mmino, fela ga seka ga bereka, ke fa ba swetsa go ipapaletsa dikompone, mme ke gone kwa ba neng ba  atlega. 

O tlhalositse fa  Stampore a ne a bona dipoelo mme a agelela lelwapa la gagwe. le go ikagela ntlo. Le fa go ntse jalo o bile a tlhalosa gore kgwetlho e tona ya gagwe fa a ne a dira le Stampore e ne e le boikgapho, ka jaana a ne a kgona go tla tirong a itshietse tse di babang. Le gale o ne a kgona go fenya kgwetlho e mo dingwageng tse pedi tse di fetileg. 

Monyame o gakologelwa gore Stampore le fa a ne a na le talente e se ka na ka sepe, o ne a ntse a le boikokobetso e bile e le tsala. Ba kgonne go gatisa dialebamo tse tharo mmogo mme ya bone ga e ise e gololwe.

Stampore o setse a kile a letsa kwa mafatsheng a a farologaneng go balelwa la ga Mmamosadinyana le Amerika.  O setse a kile a gaisana le baletsi babangwe ba mafatshefatshe jaaka  Don Laka, Freshly Ground le Eve. Dingwe tsa dipina tsa gagwe di tswakantswe le mmino wa segompieno ke baletsi ba banana.

O tshotswe ka 1961 mme a tlhokafala Hirikgong a tlhola ga rataro kwa Molepolole a sena go lwala ka nakwana. Tlhatlhobo ya gagwe e supile fa a ne a na le bolwetse ja sikiri. O tlogela mosadi wa gagwe le barwa rraagwe ba bararo.

Le fa a tsamaile, ditiro tsa gagwe di tlaa nnela ruri  le mmino wa gagwe o tseelwa godimo ke bontsi. BOKHUTLO

Teaser:

 

fela talente re tlaa sala re e akola...

Blog

Editors Note

Polling

Is online betting an alternative income stream or a risk

Is online betting an alternative income stream or a risk

Results

Yes, it is an alternative income stream.: 0.00%

It is a risk. : 0.00%

Not sure.: 100.00%