A ke Lerato?
Source : Kutlwano
Author : Keabetswe Idoh Dintwe
Location : Gaborone
Event : Polelo
Dikole di ne di eme, kgwedi e le ya Sedimonthole. Mmaoratwa a feta ka fa morago ga lelwapa looraKgodumo, a opela pinanyana e e bonolo, a akga sekoo sa parafene fa a tlaa kopana le Lefatshe, a tswa ntlha ya kwa marekisetsong. A emisa baesekele ya gagwe e dipone di mebalabala, e le dinaka di lebileng kwa morago, e bile na le dinomoro tsa ikwadiso. Moeka a rwele setlhako se sefatshwa, ka dikausu tse ditshweutshweu, o ka re go ka twe ke tsa motho a ya dikolobetsong. A letsa molotsana o o bofitlha, a tloga a sekamisa baesekele, a tlhoma ka ntlha ya setlhako ka matsetseleko. O ne a sa rate go bona nko ya sone a ntsho, e tletse lorole. E ne e re fa a bona go nna jalo, a somole letsela ka bonako mo pateng, a lo phaile, go senoge go phatsima mo go fatlhang.
A tsetlela go bapa le mosetsana, a ntsha le leino la tshipi ka monyenyo yo e keteng wa mmabontle, a ntse mosweusweu, wa mmenyana e le go inamainama fela, a akga sekoo. Go tsietsega ga go kgatlhwa ke borokgwe jo bo tlapisitsweng kwa tlase, hempe e tshweutshweu jaaka sefokabolea le hutshe e e lefofa la kgaka. O! tota motho o ka bo a lebetse fa pejana, gongwe o ne a tlaa bona mo go botoka.
O tloga a dumedisa, “Ashee, nna ke bidiwa States, wena sesi?” Dilo dingwe di bonegwa ka motswaiso, gone puo ya Sesotho yone ga twe e thusa eng? Go ka itse beng, dilo tsa go eta ka loleme, kana ke gone go kokoroga? Kgang ya tloga ya nna ya go kwala ka lonao, wa moeka a tloga a bona gore matlho a tloga a tsepa ka kwa morago, a emisitse ngwana ka sekoonyana. A tloga a kgaogana nae, a tenyalala, a leba kwa gae, seromamowa se letsa e e reng ‘ba dipitse bonang ba dinao, batho ga re lekane re se meno,` a isa mashi a kontase kwa ga malomaagwe, Kedumetse. Teng koo a feta a phunya kgang e e mo pelong, kana ga twe le pelong ga le tshetse. Pelo molotsanyana, fa e batla sengwe, ga e robale. Mogolo a bo a setse a a tsere ka tsebe, a solofetsa go sala a a tshela mo bagolong. Moeka o tlogile foo a tsamaya ka lekeke, a setse a ikutlwa gore o ya go nna maroka.
Mmaoratwa a tsamaya a ipotsa gore monna yole tota a reng, a re a o ba tlang eng? A tloga a lesa mogopolo wa teng go tsewa ke phefo. Ga feta dibeke di ka nna pedi, a tloga a bona malomaagwe a etse kwa ga bone. Molato wa go tlholana ke eng? A tsaya emere a ya go ga metsi kwa motobetsong, gone kwa a fetileng a utlwa dikgang tse di mo tseisang manye. Fela fa sena go ga, a sutisa emere. Fa a re matlho ntloga, ke fa go tsena Kelebone le Gopolang, le bone ba tla go ga metsi, ba tabola kabu mo koping. Ba feta ba e fetisa ka metsi pele ga Gopolang a tswa dilo ka tlhaa.
“Dumela tlhe MmaRantlhane, a bo o rumaruma? A reng Lefatshe, o a nyala?” tsa mo felela morutseng ditlhale. Fa a sa ntse a akabetse gone foo, Kelebone a re, “ A ke utlwa sentle? Ke gore Lefatshe bathing, o ka re tlodisa matlho fela a ya go tsaya ngwananyana ene yo?” Mmaoratwa a sala a sa itse gore o ka botsa mang gore go diragala eng. A rwala emere ya gagwe a tsewa ke sedidi, sa mo kgokgoeletsa kwa lwapeng.
Fela fa a sena go rola, ke fa a bidiwa ka kwa mahure. Teng a fitlhela lekgotla la batsadi, ba le bane, mmamalomaagwe a tloga a a phunya. “Ora, kana ba ga Rantlhane ba ne ba le fa, ba tsile go go baya letlhokwa.” Wa mosetsana a tlelwa ke boitumelo le go tshoga, a tsholetsa sehuba, “go tewa jang mmamalome? A bo a setse a mo kapetse mo phefong, a mo tlhalosetsa ka gore tsela ya botshelo jwa mosadi e betlwa ke go nyalwa. Ba mo amogana jalo, a tloga a felelwa ke dipotso, a sala a ba lebile fela. Ya re mole, kgang ya wela, ba tloga ba ya go tla le dimpho tse di lerilweng. Mo teng go le diaparo tse dintle, dibaga le ditlolo. Ka a goletse mo lehumeng la go tlhatswa mosese bosigo, a bona gore o tlaa bo a itse go e fapaanya. E rile fa Lefatshe a boela kwa meepong ya Randfonteinka kgwedi ya Hirikgong, ke fa pelo e boetse mannong, mmatlasaagwe a se bone. Mmaoratwa o ne aya go simola lekwalo la borataro, a simolola go amogela motseletsele wa makwalo, a tla a kwadilwe mainamafatshwa. Sengwe se a neng a seke a se lebala ke gore o rometse madi a a duelang sekole le a dijo. A fetsa lekwalo la bosupa, a ya go tsena kwa go se segolwane a ntse a itse gore o tloga opelelwa dikuku di monate. O ne a tlhatswegile letlalo le le boretshana, ka a ne a romelelwa ditlolo tse di tswang kgakala, dinkgamonate re sa bue, a itshela tse di utlwalang. Nnyaa ruri, makwalo ale a sa kgale, a tla a tshwantshitse dipelonyana ka kwa ntle go supa fa a tswa kwa go wa pelo le mowa.
Ya re fela fa a fetsa mophato wa boraro, mafoko a tsolopana, morero wa simologa. Kana jaanong go ne go raya gore ditoro tsa go tswelela le thuto di a phirima. E rile fa maduo a mophato a tswa, ene a bo a setse a ile kwa bogadi, mme bile a ka se tlhole a ntsha tlhogo gope, go ya ka fa a boleletsweng ke batsadi ka teng fa a laiwa. A tlelwa ke mogopolo wa boikotlhao, fa a utlwa balekane ba gagwe boNkidi ba mmolelela gore o amogetswe kwa sekoleng sefe. Owaii! O ne a tlaa reng, dikgwedi di ne di setse di le tharo a gadimile? Lefatshe a tsaya boikarabelo, a dira ka natla kwa meepong, a itse gore mosadi le ngwana ba a ja, o a nwa, oa tlhapa.
Batsadi ba tloga ba kgarametsa gore bana ba nyalane, ba ise ba raelesege. Ya re morago ga dingwaga tse pedi ba ntse ba tshwaragane ka thapo ya lenyalo, Mmaoratwa a ikopela go tswelela le dithuto, moeka a dumela, mme a le bete se molangwana. Gone o tlaa reng fa a sa mo letle? Kana tiro ya moepo ga e tshepagale, o ka ribegediwa ke letlapa, ya bo e nna gone gotlhe. Bana ba ba babedi ba tlaa sala ba a ja eng? Mmaoratwa a boela toro ya gagwe ya dithuto, a amogelwa kwa sekoleng sa Moeng go sena go sokolwa ka lebaka. A feta a nna mogolwane wa batlhokomedi ba baithuti ba bangwe. O ne a ratwa ke baithuti ka ene, ba mo tlotla.
Botshelo jwa relela, Mmaoratwa a sa tlhoke se se tlhapang, dimonamone e bile a ipona e le ene sekgantswane sa kapari. O ne a le pelotlhomogi, a tle a neele baithuti ba bangwe, ba a neng a bona gore ba a tlhaelelwa. Lefatshe o ne a tle a mo etele gone kwa Moeng, ba fete ba nne fa tlase ga setlhare sa morojwa. Ba lekolane foo mme e re dikoloi tse di yang Palapye di ise di felele, a boela gae.
Dilo tsa tsamaya sentle jalo, Mmaoratwa a kwala ditlhatlhobo, a tloga aya Tirelo Setshaba kwa motseng wa Mbalambi kwa kgaolong ya Bokone Botlhaba. Fa a boa koo, a ya go tsena kwa Mmadikolo. Ke gone kwa tsela e simologileng go tsena ka sekgwa teng. Lefatshe ka nako eo, ke fa setse a tlogetse tiro, jaanong a simolotse kgwebo ya dipalamo tsa setshaba. E a re fa a ya go mo tlhola moeka, a felele ka sutu le thai. Ditlhako tse di phatsimang a sa di lebala. Hutshe ke yone e a neng a boleletswe re ga e sa tlhole e le botlhokwa.
Mmaoratwa o ne a nna a kokobetse jaaka leeba le nelwe ke pula fa moeka a le teng. Metlae e a e tlwaetseng kwa sekoleng, e mo timeletse. E re fa a mmuledisa a ya kwa maemelong a dipalamo tsa setshaba, a mo kope gore ba tseye tsela nngwe go twe ea tlhabanyetsa, leano e le gore ba fapoge mebila e e nang le matlho a mantsi. Wa mosadi o tlaa ya go ntsha tlhogo ba setse ba dule ka kgoro ya sekole e e kwa bokone, ba leba kwa bophirima go emela dipalamo. Ya re fa dingwaga di ntse di ya, a bonwa ke segatamarokgwana sengwe, go twe Tumelo. Ba dumalana go tsaya dilo ka borepe, ba lebile gore di fula di le lebisitse kae.
Ga tla nako ya gore mong wa lelwapa a kope gore go tsholwe ngwana wa bobedi, a bo a tshetse lebolobolo ka motlhaba. A mmolelela gore o batla go phirimisa toro ya gagwe ya go tswelela le dithuto, moeka a boela kgang ya gagwe morago, ka tsholofelo ya gore dilo di tlaa tokafala mo isagong. Tsa ya jalo di iketlile dithuto, tsa bo tsa wela, ga tla nako ya go aloga. Moletlo wa jewa sentle fela kwa mmadikolo, wa tloga wa ya kwa lelwapeng. Batsadi ba galaletsa mosadi fela thata, mme ba sa lebale rre, gore o mo file sebaka sa go tokafatsa dithuto. Ya re fa meriti e sena go wa, ga iwa kwa pesong ya nama. Koo ke gone sekaku se ile sa ipatla sentle. Segatamarokgwana yole ke fa a le teng, a ipatile ka ba go neng go twe ba tsene nae sekole. Ka nako ya fa go jewa, ke fa Lefatshe a ntse le bokgaitsadie, bale ba ba tseneng sekole mmogo ba itlhaotse.
Kgang ya itlhalosa mo malatsing a makhutshwane, kana jaanong Mmaoratwa o ne a itewa ke motho ka sekgono. Lefatshe a ikuela ka bofefo. Banyalani ba bidiwa, mme ya re kgang e ise e ye kgakala, Mmaoratwa a ntsha molala, a gola a nna kana ka tlou. A kgwa molalatlhageng, abolela gore o nyadisitswe a buduletse. A ba kgoba marapo fa a ba botsa go re, “ a go susumetswa dijo mo ganong ke lerato?” kana mme gone batsadi ba me ba lebile fela gore Lefatshe o tlaa tlhabolola kwa lwapeng. Batsadi ba dumalana go boela gae, ba ya go e bua sentlwana. Ba leka go fapa kgang ka kobo, a le supa le le fa. Kwa bofelong a ba botsa gore a go tlobelelwa ka mafoko a batsadi ke lerato? A go tsenngwa sekole ke dikgole? Batsadi ba gagwe ba tloga ba boela morago ba swabile nko go feta molomo. Ka a ne a bone tiro e e mo dueling sentle, Mmaoratwa a bona gore go botoka fa a ka duelwa ditshenyegelo tsa go tsenngwa sekole le magadi, a tswe mo dikgoleng, a ipatlele serati, sebatlelwa se padile, go lekilwe. BOKHUTLO











