Ba re Tswapong ga se botshamekelo

Source : KUTLWANO

Author : Keonee Kealeboga

Location : TSWAPONG

Event : Kanoko

 

Letsatsi la kgwedi ya Phalane le ne le tserema ntle le pelaelo. Fa mongwe a ne a ka go raya a re oura ke ya borobabongwe mo mosong, o ne o ka belaela gore tshupanako ya gago e eta e latlhegelwa ke botlhale jwa yone jwa go dira tiro ya yone ka fa tshwanelong. Kgorogong ya rona mo motseng wa Mokokwana kwa Tswapong Bokone, ra ema fa lengweng la malwapa a ntlha fela jaaka o tsena ka motse go botsa ka tsela e e yang kwa kgotleng.

Ga se ka ga nna thata go bona kgotla; kwa re fitlhetseng batho ba ka tsena mo seatleng ba ntse foo go ba le digongwanagongwana go lebega go se sepe se se kalo se ba se dirang. Dipelaelo tsa rona tsa re raya tsa re ke badiri ba lenaneo la Ipelegeng ka ba ne ba bapile le didirisiwa tsa phepafatso di tshwana le digarawe le diharaka.

 Fa re tsena mo kgotleng, ra tsamaela kwa segongwanyaneng sengwe go dumedisa le go tlhola gore a kgosi o teng. Nnyaa, kamogelo ya nna e e kgotsofatsang. Mme mongwe, Diteko Morebodi, a re tseela fa ofising ya ga kgosi go leta teng fa mong a motse a ne a sa ntse a ile go bidiwa kwa lwapeng, kwa go neng go twe o rile o ya go tsaya sengwe teng.

Mo nakong e e seng kalo a goroga kgosi, Rre Goitsekgosi Balebetse. Fa re sena go ithola, jaaka e le tshwanelo, ra itsese kgosi fa moono wa loeto lwa rona e le go lekola Batswapong ba ba kwa bokone jwa kgaolo. Tota le fa gone re ne re eletsa go utlwa ka motlhala wa Batswapong go tswa Goo-Lowe, re ne re batla thata go utlwa ka tumelo ya sedimo, e go bolelwang e itshetletse kwa kgaolong eo.

Kgosi Balebetse o ne a lebega a sa phuthologa go le kalo go bua ka kgang e. Sefatlhego sa gagwe sa bo se ganelela fa fatshe, e kete motho a se na keletso ya go re leba mo matlhong.

“Kgang ya badimo e masisi bongwanaka. Ke kgang e e tlhokang tlotlo le go sisimogwa,” ya nna jaaka kgosi a bula molomo.

Le fa go ntse jalo, a dumela fa a tlaa re ngathela go se kalo ka tumelo ya bone e le Batswapong ka sedimo. O ne a re go se ke a tsenelela kwa teng jaana, ke ka go bo kgang ya badimo e sa phasumelwe fela, e batla batho ba ba e itseng  ka botlalo, segolo bogolo e le ba ba kgonang go bua le bone.

Go ya ka tlhaloso ya gagwe, kgosi yo o neng a busa pele ga gagwe, e leng Kgosi Leoketsa Lekhutile, e ne e le ene motho wa bofelo yo o neng a itse go bua le badimo mo motseng wa Mokokwana. Ya re mo khularong ya gagwe, motse wa Mokokwana wa itshalela fela o se na yo o o golaganyang le badimo.

“Tumelo ya badimo e teng, mme e bile re e obamela thata re le ba morafe wa Batswapong. Ke segarona, re a e tlotla e bile re batla go bona mongwe le mongwe a e tlotla,” a tlhalosa jalo, a supa fa tumelo e ba solegela molemo ka tswa kgakala e tshegeditse morafe oo le go o bopaganyana go tswa bogologolo.

Go ya ka Kgosi Balebetse, tumelo mo badimong kwa Tswapong e ikaegile ka meila e e farologaneng, a batho ba morafe oo ba solofelwang go e tshegetsa ka dinako tsotlhe gore dilo di ba tsamaele sentle. A re mongwe wa meila e metona ke go palangwa ga lentswe la Tswapong, a tlhalosa gore motho fa a ikaelela go le palama, o tshwanetse go tsaya tetla kwa go ba bogosi, go sa nne jalo o ka tlhagelwa ke kotsi e e maswe a le gone koo.

A re gantsi batho ba ba tlolang meila e ya sedimo, ba a nyelela mme go tshwanelwe ke gore go ye go kopiwa kwa bonnong jo botona jwa badimo kwa motseng wa Goo-Moremi. Kgosi o tlhalosa gore mo makgethong a le mantsi, batho ba ba nyeletseng bao ba bonwa ba setse ba tlhokafetse, fa ba se kae ba a tle ba ye legofa. Kgosi Balebetse a re dikai di dintsi tse di ba bontshang gore badimo ba teng ba a tshela. Dingwe tsa tsone o di nankotse jaana:

•           Go a kgonagala gore e re o ntse o tsamaya mo sekgweng se se mo godimo ga lentswe la Tswapong, o fitlhele maungo a ka tshwana le mmupudu kana leungo lefe fela, a kgobokantswe. A re mo mabakeng ao, go a letlelesega gore o ka nna fa fatshe wa ja mangwe a maungo ao, mme ga o a tshwanela go a olela ka sengwe wa tsamaya ka one.

•           O ka fitlhela metsi a beilwe sentle mo selwaneng e bile a khurumetswe ka botswerere, mme fela jaaka ka maungo, o ka a nwa wa a tlogela foo. Go a paka ke molato o o ka kgopisang badimo mme ba tloga ba go otlhaa mo go botlhoko.

 

•           Kgosi a re gape badimo ga ba batle ope a bua ka bone ka lesotlo le go tlhoka tlotlo. A re batho ba ba dirang jalo ba na le go ka tlhagelwa ke dikotsi tse di farologaneng, e le yone tsela ya badimo ya go ba gagamatsa diphogwana.

Kgosi Balebetse o ne a tlhalosa fa badimo ba na le seabe mo matshelong a selegae a Batswapong mme e bile ba tla mo motseng wa Mokokwana gangwe le gape.

“Le mo gae badimo ba a tla mme fa ba tlile, o tlaa utlwa ka medumo e e farologaneng e e sa tlwaelesegang, ba bua ka mantswe a masesanyane. O ka ba wa tsaya gore ke medumo ya dikatse di lela. Ba kgona go tla le mo dintshong, mme fa ba tlile mo losong, ba tima dipone go sale go ntshofetse,” a tlhalosa jalo, sefatlhego se supa tlhwaafalo e e tseneletseng, ka a bua ka tumelo ya gagwe, e a boifang.

A re fa ba tlile mo losong, gantsi ba a bo ba tlile go latola moswi mo morafeng. A re thulaganyo ke gore fa motho a tlhokafetse, mme e bile motho wa go nna jalo e le wa letso la Sepedi, mongwe mogolo yo o itseng go bua le badimo o ya kwa lefelong le le kgethegileng go ya go latola moswi.  Bapedi, go ya ka kgosi ke setlhopha sa Batswapong ba sereto sa bone e leng mmutla. A re morafe o ke one o tshwaragano ya one le badimo e nonneng thata.

Kgosi a re lefelo leo le itsiwe fela ke ene, ka e le ene a buang le badimo. Ka letsatsi la tebelelo, badimo e nna gone ba tlang go tla go latola moswi, mme gantsi molaetsa wa bone e nna gore moswi o sule ka mabaka a fe kana o bolailwe ke eng. A re fa tsamaiso ya tatolo e sa salwa morago, go kgona go tlhagoga matsubutsubu a diphefo mme a lalaanye ditlhare a bo a rwale marulelo a matlo a a latlhele kwa!

Le fa go ntse jalo, Kgosi Balebetse o supile fa a sa gakologelwe tiragalo e mo go yone kotlhao ya badimo e wetseng motho yo o seng wa morafe wa Batswapong; le tsone dikgang tsa go nyelela ga batho, o totobatsa gore ga a itse epe e e kileng ya ama motho wa morafe o sele. O belaela go re se se ka tswa se dirwa ke gore batho ba merafe e sele bone ga ba dumele mo sedimong ka seemo se Batswapong ba dumelang ka sone? Kgosi o ne a se ka a rata go arabela potso eo! A ke one masaitseweng.

Mo puisanong ya rona, Kgosi Balebetse o ne a supa fa dikereke di le teng mo motseng wa Mokokwana mme e bile dingwe tsa tsone di kgala tumelo ya sedimo di sa kgale mathe ganong. A re o tshwenngwa ke go kgala badimo ba Setswapong, ka go tlhakatlhakanya ditlhaloganyo tsa banana mo ba felelang ba sa tlotle tumelo ya sedimo le ngwao yotlhe ya morafe wa Batswapong.

Le fa gone kgosi a kaile fa lefelo la tatolo le itsiwe fela ke yo o buang le badimo, Mme Morebodi ene o ne a kaa fa go na le lefelo golo gongwe mo nokeng nngwe e e bidiwang Manowe, fa go latolelwang baswi teng. Sebe sa phiri ya nna gore ka letsatsi le ne le ntsha kolobe mo hokong, kgosi a ganana le kopo ya go re pega lentswe la Tswapong. Fela, o ne a re isa go ya go re bontsha metsi a a tlang a ela a tswa mo lentsweng. Moedi o wa bo o tletse didiba, tse kgosi a reng ke tsone tse Bakokwana ba nosang leruo mo go tsone. Didiba tse, ka go twe ga di ke di kgala, ke tsone tse e reng go le komelelo le dipompo tota di kgadile, banni ba nwe mo go tsone.

Fa re sena go boa kwa go boneng moedi wa metsi, ra tsena mo motseng go batla mongwe wa dikereke tsa pholoso morago ga go utlwa fa e le tsone di gananang le tumelo mo sedimo. Mme morebodi a re isa kwa lelwapeng lengwe, kwa re fetileng ra kopana le lekgarejwana la leina la Onalenna Molatedi. Onalenna, yo a reng o tsena kereke ya Greater House, o ne a supa fa tumelo ya sedimo e sa ree sepe mo go ene.

“Nna ke goletse mo Mokokwana mme ga go na le fa e le sepe sa badimo se ke kileng ka se bona. Ga ke bone bomosola kwa tumelo ya sedimo, le phefo e e buiwang eo e foka fela le fa go sa swa Mopedi,” a tshwaela jalo.

Go ya ka Onalenna, ga go na kgotlhang fa gare ga sedimo le Sekeresete kwa Mokokwana.

“Re kgona go lala mo thapelong ya bosigo jotlhe mme bosigo bo se fela re sa kgorelediwa ke sepe,” ga gatelela Onalenna.

Tota le fa re sa kgona go palama lentswe la Tswapong kwa Mokokwana, re ne ra se ka ra ineela mme ra tsweledisa loeto lwa rona mo kgaolong. Mo kgatisong ya kgwedi e e tlang o tlaa kopana le rona kwa matlotleng a Bangwato kwa Palatswe yo mogologolo, a ga se kwa Old Palapye! ENDS

Teaser:

 

...tumelo mo badimong kwa Tswapong e ikaegile ka meila e e farologaneng, a batho ba morafe oo ba solofelwang go e tshegetsa ka dinako tsotlhe gore dilo di ba tsamaele sentle...

Blog

Editors Note

Polling

Is online betting an alternative income stream or a risk

Is online betting an alternative income stream or a risk

Results

Yes, it is an alternative income stream.: 0.00%

It is a risk. : 0.00%

Not sure.: 100.00%