Maano go sita a loso fela
Source : Kutlwano
Author : Ndingililo Gaoswediwe
Location : Gaborone
Event : Potsolotso
E mang tota yo o ka batlang go gaisiwa ke morubisi, nonyane e motho a e ilang ka tumelo ya gore ke morongwa wa baloi, dinonyane le tsone di e ila bobe? Ka bomadimabe, fa nonyane e ya Modimo e ka tswela fa ntle motshegare, di tla e goelela nong tsa loapi, e kete di bone mmaba noga.
Opelela godimo tlhe wena morubisi ka go lebega bontsi bo kabilwe ke ditshoka tsebeng, bo sa utlwe molaetsa wa gago. Batswana ka bontsi ba na le mowa wa gore fa motho a tsweletse mo botshelong go na le go mo galaletsa, ba mo kgobe. Mokgwa o o kekela jaaka molelo wa mariga mo tsala nngwe ya me nngwe mo Facebook, e neng ya botsa gore gare go tseneng.
“Fa motho a rekile koloi, o tlaa ba utlwa ba re o kgweetsa sekoloto, fa e fela kgwedi ya gagwe pampitshana ya kamogelo o tlaa fitlhela o ka re mokoloko wa maina a badiragatsi ba mosthameko wa motshikhinyego fa o fela. Fa rre a tsaya boikarabelo jo bo feletseng mo lwapeng, ke gore o a bo a jesitswe. Fa o tlhatlosiwa maemo kwa tirong ke gore o ja le diboso. ”
Di marara, mme nngwe ya kgang tse ba le bantsi ba ratang go bua ka yone ke go tlhoka thutego ga mothusa tona wa dikgaolo le ditlhabololo tsa magae, Mme Botlogile Tshireletso.
Ka mpeetshane kwa bukaneng ya Kutlwano a sa ke a kgaoga, tsela ya ya go felela kwa Extention 11, kwa MmaTshireletso, jaaka a itsege, a nnang teng. Maikaelelo e le go ya go itseela ka tsoopedi gore mosetsana yo wa kwa Mahalapye, o kgothadiwa ke mang go dira ka natla le gore ka o tshwere ditiro tse di fetang diatla tsa gagwe ka palo, o kgona jang.
MmaTshireletso, kana ke re nkukuagwe Game, ka go lebega e le ene ngwana wa ngwana wa gagwe yo o gaufi thata le pelo ya gagwe, ke mothusa tona, molomaganya ditiro tsa tlhabololo magae a a kgakala le ditlamelo mo metseng e le masome a marataro le bosupa e e mo dikgaolong di supa. Godimo ga moo ke mopalamente wa kgaolo ya botlhophi ya Mahalapye Botlhaba, e e nang le metse e le lesome le boraro.
Kwa lwapeng ke mmaagwe Major Tshireletso, morutabana Girlie le ngaka ya tsa matlhoko a tsa leruo, Olorato. Gape ke nkukuagwe basetsanyana le basimanyana ba supa. E re ntswa ba sa nne le ene botlhe, ba itse gore ke motswedi wa lerato le dikgakololo tsa botshelo.
Mongwe o ka ipotsa gore ngwana wa ga Babui le Ramompati Seitiko, o kgona jang go pataganya tiro le kgodiso ya bana ka batsadi ba gagwe e sale ba iketse badimong.
“I know how to put my things in order; you can`t manage without a proper programme. I stay here in Gaborone to fulfill my ministerial duties, go out to cover all the 67 RADP (Remote Area Development Programme) villages and I always make sure that I serve my constituents,” a bua ka sejatlhapi se se tlhapileng ka bo ka lebala le go mmotsa gore a ke ngwanyana wa kwa Dilaeneng kana wa kwa Mowaneng.
Matlho a tlala le lebotana, a ke le mo letsomong la setlankana sa kwa mmadikolo mme a se ka a se bona. MmaTshireletso yo o ngwaga di masome matlhano le borobabongwe (59), o supa fa ene a tsene sekole kwa Russia, go ithutela tsa polotiki ka ngwaga wa 1982.
Ga se ka thato ya gagwe go bo a ne a sa tsweledisa dithuto go ya ka dikeletso tsa gagwe. O simolotse sekole se sebotlana sentle kwa sekolong sa Mahalapye African, se mo nakong eno se bidiwang Mahalapye. Fela fa a sena go tswa ka maemo a ntlha, a bidiwa kwa go se segolwane sa Madiba, mme ka ntlha ya go kubugelwa ke bolwetse, o feletse a tsaya sebakanyana go ikoka mme ya re fa a boela, a fitlhela phatlha ya gagwe e thibilwe mme a felela a isitswe sekoleng se sele.
MmaTshireletso a re ka bogologolo nyalo e ne e tlotlilwe thata, o ne a tsena mo kgolaganong pele a ka kwala ditlhatlhobo. Ya bo e le jaaka a laela sekole. E re ntswa a ne a rata monna wa gagwe, pelo ya bo e fisega ka tota toro ya gagwe e ne e le go ipona a le kwa yunibesithing.
Ka mmatla kgwana a sa robale, nkuku yo wa senatla a tsweledisa dithuto ka tlhaeletsano mme ke gone e rile morago a ya sekoleng ngwaga tse pedi kwa Soviet Union, e mo nakong eno e itsege ka la Russia.
Fela fa a le ngwaga tse di masome mabedi le boraro, a fedisa tumalano ya lenyalo go sala toro ya gagwe morago.
“I am where I am today through distance learning. I missed a lot of opportunities because I was dependent on my parents who spent most of the time at the cattle post and I relied on other people`s advice. By then, I had no mentor, nobody encouraged me until I joined politics and got sponsorship.” a tlatsa jaaka a ne a dikaganyeditswe ke bana ba bana ba gagwe.
Keletso ya ga nkukuagwe Game e ne e le go tsweledisa dithuto mme a paledisiwa ke gore o ne a inaakantse le tsa polotiki mo phathing ya Domkrag. Ka ngwaga wa 1979, o ne a tlhophiwa go nna mokwaledi wa kgaolo ya botlhophi ya Mahalapye mme ngwaga o o latelang, ga simolodisiwa mokgatlho wa banana kwa Mahalapye mme a nna mongwe wa ba komiti.
A pagamela lere, a tlhophiwa go nna mokhanselara, kwa e rileng morago ya nna ene mme wa ntlha go nna mothusa mokwaledi wa kgaolo ya legare. A ipoeletsa kgetlho la bobedi go nna mothusa mokwaledi wa ntlha go direla maemo a ka lobaka.
Ka kwa Russia ba ne ba mo rutile go gapa maikutlo a batlhophi, a tswa ka tse ditsididi a fenya ditlhopho tsa setshaba ka ngwaga wa 2004. A ipoeletsa gape ka ngwaga wa 2009. Botlhaga jwa gagwe jwa dira gore a tlhophiwe go nna motlhokomedi wa ditsamaiso, a etse tlhoko gore a maitlamo a puso a dirwa jaaka go tshwanetse. A se ka a swabisa ba ba mo tlhophileng, a tshela seme mo go ba ba salelang morago ngwanyana wa kwa Dilaeneng, a bo a diragatsa diphetogo mo melawaneng e e tsamaisang palamente.
Morwa Khama (Lt Gen. Seretse Khama Ian Khama) le ene a mo okeletsa tiro, a mo tlhoma go nna mothusa tona wa lephata la dikgaolo mme ka ngwaga wa 2010, a tlhatlaganyediwa morwalo gore e nne molomaganya ditirelo tsa go tlhabolola metse e e kgakala le ditlamelo.
Mme MmaTshireletso a re ga go na lebopo lepe le a sa yang kwa go lone le dinepe tsa gagwe di supa jalo. Tse a di fitlheletseng tsone di batla a ka kwala buka ka gore fa ke ka re ke a di go tlhomaganyetsa, pena ya me e ka felelwa ke inki.
“When I was appointed to Cabinet many started bluffing and I was not worried because I was capable to deliver. I don`t know the university doors, it is not a secret and I empower myself through reading. My hobby is reading. The very same doubting Thomases are now appraising me,” ga tlhalosa MmaTshireletso yo o neng a kgabile, fa re bua puo ya segompieno re ka re o a ba kgaphisa kwa moaparong.
Bomme ba ba tlhokang kgothatso ba ka anywa go le gontsi mo mmeng yo e reng ka la Tshipi a ye go obama kwa Methodist. Fa a latlhela mo go tsa sepolotiki, a re o tlaa bo a ya go simolodisa Tshireletso Foundation, e e tlaa bong e itebagantse le go rotloetsa bomme le ba ba golotsweng mo dikgolegelong ka setshaba se le maoto a tshupa go ba amogela.
Le fa diemo di ka nna thata jang, MmaTshireletso a re bomme ka e le bone thari ya setshaba, ba itsetsepele go fitlhelela ditoro tsa bone. Jaaka bomme lefatshe ka bophara ba tlaa bo ba ipelela letsatsi la bone, mme yo ene a re la gagwe letsatsi o ya go le keteka le ditsala tsa gagwe tse a ntshanang natso se inong e bong bana le bana ba bana ba gagwe. Edited Keabetswe Idoh Dintwe 11/04/2013
Pina di opetswe, maboko a tlhamilwe. Le nonyane tsa baloi tota tsa opela; Lesang mahuha, Lesang mahuha, huha huha. E mang tota yo o ka batlang go gaisiwa ke morubisi, nonyane e motho a e ilang ka tumelo ya gore ke morongwa wa baloi, dinonyane le tsone di e ila bobe? Ka bomadimabe, fa nonyane e ya Modimo e ka tswela fa ntle motshegare, di tla e goelela nong tsa loapi, e kete di bone mmaba noga.
Opelela godimo tlhe wena morubisi ka go lebega bontsi bo kabilwe ke ditshoka tsebeng, bo sa utlwe molaetsa wa gago. Batswana ka bontsi ba na le mowa wa gore fa motho a tsweletse mo botshelong go na le go mo galaletsa, ba mo kgobe. Mokgwa o o kekela jaaka molelo wa mariga mo tsala nngwe ya me nngwe mo Facebook, e neng ya botsa gore gare go tseneng.
“Fa motho a rekile koloi, o tlaa ba utlwa ba re o kgweetsa sekoloto, fa e fela kgwedi ya gagwe pampitshana ya kamogelo o tlaa fitlhela o ka re mokoloko wa maina a badiragatsi ba mosthameko wa motshikhinyego fa o fela. Fa rre a tsaya boikarabelo jo bo feletseng mo lwapeng, ke gore o a bo a jesitswe. Fa o tlhatlosiwa maemo kwa tirong ke gore o ja le diboso. ”
Di marara, mme nngwe ya kgang tse ba le bantsi ba ratang go bua ka yone ke go tlhoka thutego ga mothusa tona wa dikgaolo le ditlhabololo tsa magae, Mme Botlogile Tshireletso.
Ka mpeetshane kwa bukaneng ya Kutlwano a sa ke a kgaoga, tsela ya ya go felela kwa Extention 11, kwa MmaTshireletso, jaaka a itsege, a nnang teng. Maikaelelo e le go ya go itseela ka tsoopedi gore mosetsana yo wa kwa Mahalapye, o kgothadiwa ke mang go dira ka natla le gore ka o tshwere ditiro tse di fetang diatla tsa gagwe ka palo, o kgona jang.
MmaTshireletso, kana ke re nkukuagwe Game, ka go lebega e le ene ngwana wa ngwana wa gagwe yo o gaufi thata le pelo ya gagwe, ke mothusa tona, molomaganya ditiro tsa tlhabololo magae a a kgakala le ditlamelo mo metseng e le masome a marataro le bosupa e e mo dikgaolong di supa. Godimo ga moo ke mopalamente wa kgaolo ya botlhophi ya Mahalapye Botlhaba, e e nang le metse e le lesome le boraro.
Kwa lwapeng ke mmaagwe Major Tshireletso, morutabana Girlie le ngaka ya tsa matlhoko a tsa leruo, Olorato. Gape ke nkukuagwe basetsanyana le basimanyana ba supa. E re ntswa ba sa nne le ene botlhe, ba itse gore ke motswedi wa lerato le dikgakololo tsa botshelo.
Mongwe o ka ipotsa gore ngwana wa ga Babui le Ramompati Seitiko, o kgona jang go pataganya tiro le kgodiso ya bana ka batsadi ba gagwe e sale ba iketse badimong.
“I know how to put my things in order; you can`t manage without a proper programme. I stay here in Gaborone to fulfill my ministerial duties, go out to cover all the 67 RADP (Remote Area Development Programme) villages and I always make sure that I serve my constituents,” a bua ka sejatlhapi se se tlhapileng ka bo ka lebala le go mmotsa gore a ke ngwanyana wa kwa Dilaeneng kana wa kwa Mowaneng.
Matlho a tlala le lebotana, a ke le mo letsomong la setlankana sa kwa mmadikolo mme a se ka a se bona. MmaTshireletso yo o ngwaga di masome matlhano le borobabongwe (59), o supa fa ene a tsene sekole kwa Russia, go ithutela tsa polotiki ka ngwaga wa 1982.
Ga se ka thato ya gagwe go bo a ne a sa tsweledisa dithuto go ya ka dikeletso tsa gagwe. O simolotse sekole se sebotlana sentle kwa sekolong sa Mahalapye African, se mo nakong eno se bidiwang Mahalapye. Fela fa a sena go tswa ka maemo a ntlha, a bidiwa kwa go se segolwane sa Madiba, mme ka ntlha ya go kubugelwa ke bolwetse, o feletse a tsaya sebakanyana go ikoka mme ya re fa a boela, a fitlhela phatlha ya gagwe e thibilwe mme a felela a isitswe sekoleng se sele.
MmaTshireletso a re ka bogologolo nyalo e ne e tlotlilwe thata, o ne a tsena mo kgolaganong pele a ka kwala ditlhatlhobo. Ya bo e le jaaka a laela sekole. E re ntswa a ne a rata monna wa gagwe, pelo ya bo e fisega ka tota toro ya gagwe e ne e le go ipona a le kwa yunibesithing.
Ka mmatla kgwana a sa robale, nkuku yo wa senatla a tsweledisa dithuto ka tlhaeletsano mme ke gone e rile morago a ya sekoleng ngwaga tse pedi kwa Soviet Union, e mo nakong eno e itsege ka la Russia.
Fela fa a le ngwaga tse di masome mabedi le boraro, a fedisa tumalano ya lenyalo go sala toro ya gagwe morago.
“I am where I am today through distance learning. I missed a lot of opportunities because I was dependent on my parents who spent most of the time at the cattle post and I relied on other people`s advice. By then, I had no mentor, nobody encouraged me until I joined politics and got sponsorship.” a tlatsa jaaka a ne a dikaganyeditswe ke bana ba bana ba gagwe.
Keletso ya ga nkukuagwe Game e ne e le go tsweledisa dithuto mme a paledisiwa ke gore o ne a inaakantse le tsa polotiki mo phathing ya Domkrag. Ka ngwaga wa 1979, o ne a tlhophiwa go nna mokwaledi wa kgaolo ya botlhophi ya Mahalapye mme ngwaga o o latelang, ga simolodisiwa mokgatlho wa banana kwa Mahalapye mme a nna mongwe wa ba komiti.
A pagamela lere, a tlhophiwa go nna mokhanselara, kwa e rileng morago ya nna ene mme wa ntlha go nna mothusa mokwaledi wa kgaolo ya legare. A ipoeletsa kgetlho la bobedi go nna mothusa mokwaledi wa ntlha go direla maemo a ka lobaka.
Ka kwa Russia ba ne ba mo rutile go gapa maikutlo a batlhophi, a tswa ka tse ditsididi a fenya ditlhopho tsa setshaba ka ngwaga wa 2004. A ipoeletsa gape ka ngwaga wa 2009. Botlhaga jwa gagwe jwa dira gore a tlhophiwe go nna motlhokomedi wa ditsamaiso, a etse tlhoko gore a maitlamo a puso a dirwa jaaka go tshwanetse. A se ka a swabisa ba ba mo tlhophileng, a tshela seme mo go ba ba salelang morago ngwanyana wa kwa Dilaeneng, a bo a diragatsa diphetogo mo melawaneng e e tsamaisang palamente.
Morwa Khama (Lt Gen. Seretse Khama Ian Khama) le ene a mo okeletsa tiro, a mo tlhoma go nna mothusa tona wa lephata la dikgaolo mme ka ngwaga wa 2010, a tlhatlaganyediwa morwalo gore e nne molomaganya ditirelo tsa go tlhabolola metse e e kgakala le ditlamelo.
Mme MmaTshireletso a re ga go na lebopo lepe le a sa yang kwa go lone le dinepe tsa gagwe di supa jalo. Tse a di fitlheletseng tsone di batla a ka kwala buka ka gore fa ke ka re ke a di go tlhomaganyetsa, pena ya me e ka felelwa ke inki.
“When I was appointed to Cabinet many started bluffing and I was not worried because I was capable to deliver. I don`t know the university doors, it is not a secret and I empower myself through reading. My hobby is reading. The very same doubting Thomases are now appraising me,” ga tlhalosa MmaTshireletso yo o neng a kgabile, fa re bua puo ya segompieno re ka re o a ba kgaphisa kwa moaparong.
Bomme ba ba tlhokang kgothatso ba ka anywa go le gontsi mo mmeng yo e reng ka la Tshipi a ye go obama kwa Methodist. Fa a latlhela mo go tsa sepolotiki, a re o tlaa bo a ya go simolodisa Tshireletso Foundation, e e tlaa bong e itebagantse le go rotloetsa bomme le ba ba golotsweng mo dikgolegelong ka setshaba se le maoto a tshupa go ba amogela.
Le fa diemo di ka nna thata jang, MmaTshireletso a re bomme ka e le bone thari ya setshaba, ba itsetsepele go fitlhelela ditoro tsa bone. Jaaka bomme lefatshe ka bophara ba tlaa bo ba ipelela letsatsi la bone, mme yo ene a re la gagwe letsatsi o ya go le keteka le ditsala tsa gagwe tse a ntshanang natso se inong e bong bana le bana ba bana ba gagwe. Edited Keabetswe Idoh Dintwe BOKHUTLO
Teaser:
Pina di opetswe, maboko a tlhamilwe. Le nonyane tsa baloi tota tsa opela; Lesang mahuha, Lesang mahuha, huha huha.














