A ke nnete Slizer o ile Vaalwater?
Source : Kutlwano
Author : Ndingililo Gaoswediwe
Location : Gaborone
Event : Potsolotso
Polelo: Ndingililo Gaoswediwe
Ditshwantsho: Phenyo Moalosi
Kapari: Stutterfords (Game City)
Mokgabisi: Queen Kolobe wa Madam Queen Modeling Agency
Ya re go utlwa moshwadile o, Kutlwano ya kibakiba, ya latedisa motlhala, ya ya go wela kwa gaabo Naledi Kaisara, yo o tumileng ka leina la Slizer mo mererong ya mmino. Fela fa re tsena ka kgoro, ra kgatlhantshiwa ke go fatlhwa ke palamonwana ya gouta, e e kgabisitsweng ka dinaletsana tsa teemane, e ntse e re laka! laka!
Slizer a bo a iketlile mo lapeng, a ithathile ka letsela la mmala o o fa gare ga bohibidu le lephutshe, a a ja sefitlholo. Letsapa la bo le iteleketse ntswa marang a letsatsi a ne a setse a kgwabofetse. Letsapa? E le gore matsapa di ka tswa di a tsaya kae? Mma ke go lome tsebe mme e se ka ya ruruga, e tlaa re fa bomme lefatshe ka bophara ba ipelela letsatsi la bone, jwa ga Slizer boitumelo e bo e le jo bo phophomang ka o itsholofetse mme o tlaa amogela mpho e dibekenyana fela morago ga letsatsi leo.
“Ke solofetse ngwana wa mosimane ntswa keletso ya me e ne e le go segofadiwa ka morweetsana,” a tlhalosa jalo ka monyenyo.
A re seemo se a leng mo go sone, se a mo itumedisa ka se mo dira gore a ikutlwe e le mme wa tlhwatlhwa ka batho ba tsaya gore bomme ba ba mo mererong ya tsa mmino ke bo masekanta fela, ene o tlhaloganya gore o tshwanetse go nna le yo a mo romang metsi, a se ka a tloga a roma lonao.
Mo nakong eno, Slizer o sa ntse a emisitse go diragatsa ntswa mogala wa gagwe o lelela boatleng jaaka tloloko ya kgomo ya setsenwa. La bofelo balatedi ba gagwe ba mmona, e ne e le fa go bulwa lebentlele la Shoppers kwa Nkoyaphiri kwa Mogoditshane.
“Ka ke ikitse ke le seopedi le modiragatsi wa tlhwatlhwa, ga ke batle go ikala ka sekale sa digaugau kana sa diphofa ka se se ka swabisa balatedi ba me,” ga tlatsa Slizer morago ga go kopa mmaagwe go fokotsa modumo wa setshwantsho sa motshikhinyego se se neng se supa poeletso ya motshameko wa SeVenda wa Muvhango.
Ee! Ba le bantsi ba ka dumalana le ene gore o dirile sentle go bo a tlogetse mmino ka sebakanyana, ka tota ene o tlwaelesegile ka moaparo wa banyana ba o fitlhelang ba gabaletse e kete ga ba je, ba metsa menyopi fela, marokgwe one, e le mo ga ka tweng o ne o nkisa kae o mpona ke le malabola. Fa o kile wa mmona a dirigatsa mo pineng ya gagwe ya ‘Diwewewe`, thoromiso le thobo ya letheka e kete tsa setshedi se se senang marapo, kana motho o ka se bitsa eng? Ka tumelo ya Setswana, ke gore a tlotle morwalo wa gagwe, a itse fa a babaletse botshelo jwa moeng yo o solofetsweng, moeng goroga dijo di bonale.
“Ao mma!!! Slizer, wa ja lenyalo la gago ka setu o reng? A o raya gore le fa e le kutlwedi?” ka mmotsa. Maikaelelo a seopedi se se tlholegang kwa motseng wa Bobonong kwa kgaolong ya legare, e le Mmirwa ka letso, e ne e le go bua ka lenyalo la gagwe, a ntsha molaetsa wa lone ka pina, mme morago ya nna kgang le morero wa lelwapa, o o sa amaneng gope le puisano e e neng e tsweletse ya letsatsi.
Owaii! O ba itse botsaya o a ise ba le tsebe ntlha, ba a bo ba sale ba ntshitse mosi ka sekhurumelo.
Sephiri se dule, ke gone fela gore Slizer yo o neng a le kwa ga mmaagwe kwa lekeishaneng le le tumileng ka ditiro tsa botlhoka tsebe la G-West mo Gaborone, a lotlegele Kutlwano ka tseo ya gagwe.
“Ke simolola go bala leng mama, a fa ke sena go ntshetswa magadi?” a botsa mmaagwe, yo o neng a gapilwe maikutlo ke puisano magareng ga Bafui le VhoAlbert, badiragatsi ba ba rategang thata mo motshamekong wa Muvhango. Mosetsana yo go lebega, ene le mmaagwe ba ntshana se inong go sena bolotsana, kana ke gone gore ke gofejane gape e le ene mosetsana fela mo lwapeng la banna ba babedi kana jang? Ga re itse, go itse bobedi gore ba botsala jo jwa tlhogo ya kgomo, bo bakwa ke eng.
Slizer o ntsheditswe magadi ngogola ka kgwedi ya Phalane. O nyetswe ke Bosi Moshupi, wa kwa Vaalwater ba sena go ratana sebaka sa ngwaga. Ga a ise a die sebaka mosimane wa kwa ga Ntate Moshoeshoe ka gore o a beeletsa, o tlhoma motse kana o ya go setla mhago, morago ga go tsoma Slizer ka lobaka. O tlhalosetsa Kutlwano gore monna wa gagwe a re o sale a mo gapile maikutlo a sena go monna a bina mo motshamekong wa ditshwantsho wa DVD. Pelo o e tshabe, fa e batla sengwe, e uba bosigo le motshegare. A leka maano otlhe a go ikgolaganya le wa mmenyana, megala e itaagana kwa le kwa, a itaya se fololetse, a sa bo bone jwa dintshi.
Ka Modimo o sa je nkabo, a re kgatlha thuu! le Slizer nako nngwe a ile go diragatsa ka kwa Gauteng. Owaii! dikgang tsa simologa, a ipala mabala a kgaka, a ntsha ka tlhaa ngwana wa mosimane, ya nna e ka re mosetsana o ne a ntse a letile mafoko a a botlhokwa ao mme a se ka a diegela wa mosimane ka “Ee ntate”.
Moshupi o dira tiro e e pharologanyo le ya mosadi wa gagwe, ene o direla mo komponeng e e ikemetseng ka nosi e le motlhotlhomisi wa sephiri gape o a tle a thapiwe go tsamaya le bagolo le batho ba maemo a a kwa godimo le ba ba botlhokwa, a ba sireleditse.
Slizer a re se se mo itumedisang ka monna gagwe ke gore ga a mo kgoreletse go dira tiro ya gagwe. Ntswa go na le pharologanyo ya dingwao, Slizer a re bomatsalaagwe ba mo amogetse jaaka a ntse. Ga ba na bothata le kapari ya gagwe le ka fa a ikgabisang moriri ka teng.
“Lenyalo ke tomagano e ntle e bile boobabedi ba tshwanetse go e itumelela, go se ope yo o gatelelwang.”
Slizer o tsena mo nyalong e a na le ngwana wa mosimane yo o dirang lekwalo la borataro. Fela jaaka mmaagwe, Bibo o mo mererong ya tsa mmino. Mmaagwe Bibo a re pele ga a baakanyetsa go ya go rekela morwae monnawe, o ne a nna fatshe le ene go mo lemotsha ka diphetogo tse di yang go nna teng mo lelwapeng la bone.
O tsweletse ka go tlhalosa gore fa e sale ka lone letsatsi leo la go itsheba, Bibo o fetogile, ga a batle go bona sefatlhego sa ga Slizer e ka re ga se a itumela. Kutlwano ya se ka ya ipona tsapa, ya di tsaya ka tlhamalalo go tswa mo Bibo, kana ga e ke e gangwa ka mogogoro namane ya yone e le teng. Bibo o ne a supa fa a itumeletse go nna le monnawe ka go bua mafoko a lerato, tshwaragano le thuto jaaka go tla go ruta mmotlana go tlhapa meno phakela.
Ka kgwedi ya Seetebosigo, Slizer o tlaa bo a dikaganyeditswe ke borre fela, Moshupi, Bibo le Bosi Junior. Lesea le le teilwe leina ke rraalone mme Bibo le ene a dumalana.
“Borre ba ba tlaa ntika nako nngwe, ka jaanong ke setlhopha sa kgwele ya dinao, nna ke nosi fela,” a bua ka monyenyo Slizer, yo o dingwaga di masome a ma………., ija dingwaga tsa motho? Ke tshaba go ntsha kgomo.
Monyenyo o o ka tswa o supa boitumelo ka Slizer o tlaa bo a sireleditswe fela jaaka a godile kwa ga mme mmaagwe e le mosetsanyana a le esi fela. Fa e ne e le mo dingwageng tsele tsa fa a tsena sekole se sebotlana, balekane ba gagwe ba ne ba tlaa mo kakoba, ba itse gore fa ba ka belwa ke mpa e sa ruruga, ba mo kgoma, bokgaitsadie ba ne ba tlaa ba ruta batho. Ke dumela gore le gompieno fa o ka leka go kgoma Slizer, o ka tshwanelwa ke go tlola Bosi le Bibo ba eme.
A se se raya gore morago ga botsetse ke gone jaaka a tlaa bo a latlhetse mo go tsa merero ya tsa mmino? Nnyaa, le go ka! Dikgwedi tse pedi fela morago ga botsetse, Slizer o tlaa bo a le mo seraleng, a supa bothakga. A re fa a le kwa lapeng jaana, o dira dithulaganyo le morotloetsi wa gagwe, Gift Petro.
Slizer o ya go simolola ka kwa Mosi o a Thunya, kwa Zimbabwe, kwa a tlaa dirang go tlala ka diatla teng, malatsi a mabedi fa Phatwe a le malatsi a le lesome le boraro go ema ka a le lesome le borataro.
A re tiro ya gagwe e tshwana le tiro nngwe le nngwe, “Ke mo malatsing a boitapoloso a botsetse, fa a fela ke boela kwa tirong” kana ke bereka batho, balatedi le barati ba mmino wa me ba ntlhologeletswe, ke tshwanetse go ba netefaletsa gore ke sa ntse ke le teng mo mererong ya mmino ka go diragatsa.
Slizer a re go diragatsa kwa mafatsheng a a mabapi ke gone go mo nosang moronyana ka a tlhalosa fa diCD le DVD di sa dire dipoelo tse di kalo ka ntlha ya bomajapolaelo, ba ba itirelang le go ikgatisetsa dipina tse e seng tsa bone, a tlatsa ka gore phokotso ya dinako tsa maitiso le yone e ba baa ka fa mosing.
Lona ba le ratang mashetla, nnang lo lootseng meno ka e tlaa re pele ga ngwaga ono o ya fifing, Slizer a dire moletlo o motona wa lenyalo la lesire, o a neng a o emisa sebakanyana ka a ne a sa ntse a apeile DVD ya ‘Diwewewe`. Nnang lo tlhwailwe tsebe. BOKHUTLO
Teaser:
Fa e le gore o ntse o beile Slizer leitlho, o tsaya mogopolo o o baya fa, o tloge o o fuduse, o a ne o tsaya ditshwantsho tsa gagwe o di leba, o ijesa dijo tsa ditoro…lebala! Se ile segametsi, o mo phamotse mosimane wa Mosotho wa Vaalwater kwa Aferika Borwa.














