Motshwarakgole kwa Generations

Source : Kutlwano

Author : Ndingililo Gaoswediwe

Location : Gaborone

Event : Potsolotso

E setse e le dingwaga di feta lesome ke utlwile Motswana a ipela ka letso la gagwe, a ikitaya sehuba, a ipitsa Motswana wa sekei.

Mme fa e le thaka e tshesane yone ke mathata, loleme lwa bone ke sejatlhapi, le sone se sa tlhapa sentle ka se buiwa e kete mmui wa sone o tlapisitswe dinko.
Fa motho wa teng a re o bua seele sa Setswana, owaii! fa o sa itewa seatla jaaka rona o tlaa bo o sale o utlwile ene “because” fela.

A ile kae magokaganyi, kana fa o ka a gokaganya faatshe o ka simolola kwa molelwaneng wa Ramatlabana o ye go fitlha kwa go wa Ramokgwebana.
Le ene dumela ga a sa tshela, o komeditswe ke “hi” le “hello”.

Se se ngomolang pelo ke  gore beng ba puo e re e tlotlileng e, ga se gantsi ba kgatlhegela ya rona. Gantsi e kgatlhegelwa ke ba ba ka tlalang seatla, segolo jang bagwebi, ka bone ba iste gore ba e tlhoka mo go re ngokeng go reka.

Mme puo e, e bontsi bo lebegang bo sa e tlotla thata, ke yone e e dirileng gore Lerato Motshwarakgole a bo a bone tiro ya go diragatsa mo motshamekong wa motshikhinyego wa kwa Aferika Borwa wa Generations.

E re le ntswa Motshwarakgole a tsene sekole kwa Legae le Maruapula kwa go buiwang Sekgoa fela, a re Setswana o ya go kgaogana le sone ka letsatsi le a tsenang ka lone ka fa tlase ga mmu, go ya boikhutsong.

“Katlego Danke o ne a tlhopha nna ka go bo ke ne ke bua Setswana se se tlhapileng ka e bile ke se rata,” Motshwarakgole yo o itsegeng ka leina la Zimbini Tlhaole mo motshamekong wa Generations a tlhalosetsa ba bukana ya Kutlwano.

Lekgarebe le la kwa kgotleng ya Masilwana kwa Molepolole, le tlhalosa fa kgaisano ya letsomo la ga Tlhaole e ne e le e e mashetla mme fa e ya motsubong, ba le bantsi ba tswalelwa ntle ka ba ne ba sa itse Setswana, e le botwing twing, batho ba go bonwa ke Charma Gal.

Ngwanyana wa pheta ka pejana a feta ka tsebe tse nne tse a neng a di kwaletswe mme se sa kgatlha  baatlhodi pele ga Danke, yo o diragatsang e le Dineo a fiwa sebaka sa go itlhophela monnawe.

Morwadie Johnson Motshwarakgole (yo o tumileng ka go lwela ditshwanelo tsa babereki) a re o sale a simolotse go diragatsa a le kwa yunibesithing ya Kapa, kwa a neng a ithutela Theatre and Perfomance.

Ka go bo puso e ne e mo file madi a go ithuta, ga a ise a ko a boele morago, a tswa ka tse ditsididi, a gaisa baithuti ka ene botlhe.

A gapa dikgele di le mmalwa di akaretsa sa Fleur Du Cap se e leng sone se se kwa godimo ga tsotlhe tse di amanang le tsa bodiragatsi kwa Aferika Borwa.

Monana yo, ga a diragatse mo Generations fela, o ka mmona gape mo Msanzi Love ya ntlha le ya bobedi.

Ga go felele fela mo go tsa Aferika Borwa, lefatshe ka bophara ba mmone a tlhageletse mo motsweding wa dikgang wa BBC mo motshamekong wa  ditikologo wa Silent Witness.

Mosetsana yo wa dingwaga tse di masome mabedi le borataro, o matlhagatlhaga, o setswerere, e bile a le tlhaga mo tirong ya gagwe.

Se se supegile ka  ngwaga wa 2010 morago ga go wetsa dithuto, fa baemedi ba badiragatsi ba Moonyeenn Lee Associates ba ne ba mo ngokela kwa Gauteng.

Mokgatlho o o kwadisitse badiragatsi ba tlhwatlhwa ba tshwana le Terry Pheto, yo o itsegeng thata mo Tsotsi le Rapulana “Pheko” Seiphemo  yo o dirileng go le gontsi.

Tsa gagwe tiro fa re ka di balolola, le ka tswa la bo la phirima, pabala ya bodiragatsi.

Ka ba Moonyeenn Lee Associates ba ne ba ntse ba beile Lerato leitlho, ba se ka ba diya sebaka, ba dira Motshwarakgole leloko la bone.

Motshwarakgole, yo o ikayang e le motho yo o ditlhong, tse a reng o di amule mo go mme mmaagwe, a re bodiragatsi ke tiro e e nang le dikatso tse motho a ka itshetsang ka tsone.

Sebe sa phiri ke gore mono gae mhama wa bodiragatsi o sa ntse o saletse kwa morago ka jalo batsadi ba kganela bana ba bone go inaakanya le tiro tsa go nna jaana.

“Fa ke sena go supa kgatlhego mo go tsa bodiragatsi, ba le bantsi ba ne ba bua fa ke le seeleele e bile ke batla go ithutela tiro ya boeleele, mme se sa se ka sa nkgoba marapo ka ke ne ke lwela go diragatsa maikaelelo a me,” ga bua gofejane yoora Motshwarakgole.

A re go bo a le motho yo o tlhaga jaana, batsadi ba gagwe ba ne ba mo fa sebaka mme fela jalo, a se ka a ba swabisa.

Botlhaga jo, ke jone jo a dumelang gore bo dirile gore a bo a diragatsa mo Generations ka a re go thata ya lentswe gore motho a tsene teng.

Motshwarakgole, yo gape a ithutetseng borutabana jwa Drama and Speech ka thuto ya tlhaeletsanyo kwa Trinity College kwa Lontone, a re toro ya gagwe ke go boela mono gae go tla go rotloetsa bommotlana.

A re se e tlaa bo e le go isa malebo kwa pusong eo e mo fileng madi a go ya go ithuta.

Mo nakong e, Kutlwano e neng e buisana le ene, o ne a le mo loetong lwa malatsi a mararo mono gae.

Maikaelelo e le go rotloetsa banana ka bodiragatsi jo e leng gore fa bo ka tlhoafalelwa, bo ka tlhamela ba le bantsi ditiro.

Motshwarakgole o ne a sa game a ikotelela, a bo a tshwere thoba tsa lebele la kgomo ya gagwe le Motlatsi “Sechaba” Mafatshe (Isidingo), Chris “Yellow Bone” Mapane (Rrametlae) le Thato “Nicholas” Molamu (Generations).

A re utlwe gore ba ne ba tsile go dira eng mo Botswana.

Sechaba Matabane

O kae Lerato? Ka mmotsa.

“Aaag shame! Lerato o teng, mara ga se ntho tsa Isidingo tse. Ke Motlatsi Mafatshe, ke dira le ba lephata la banana le metshameko. Ke thabetse go ba mo,” a bua ka tlhwaafalo mosimane wa kwa Soweto jaaka a araba potso ya me.

Sechaba, yo o diragatsang e bile e le seopedi, a tlhalosa fa seabe sa gagwe e le go lemotsha banana bomosola jwa tiro e ya bodiragatsi.

A re ba le bantsi ba sego ka jaana ene a ne a tlhoka le one madi a go duela sekole. Ka Modimo o sa je nkabo, a re o ne a itshelelwa ke “moengele mongwe”, a mo duelela sekole.

Tuelo e a neng a e batla mo go Sechaba e ne e le go fenya ditlhatlhobo fela, mme a dira fela jalo.

Keletso ya gagwe ke gore Aferika a bopagane, bodiragatsi bo tlotlomadiwe, go se nne le pharologanyo ya boleng jwa tsa bodiragatsi go ya ka mafatshe.

Nicholas Nomvete wa ga Akhona
A re batho ba se ka ba tsaya bodiragatsi jaaka tiro e ba fetisang nako ka yone, ke tiro fela jaaka tse dingwe.

A re loeto lwa gagwe mono ke sesupo sa tomagano fa gare ga lefatshe la gaabo le la Botswana, mme a re Batswana ba ka anywa go le gontsi ka bone ba setse ba gatetse pele.

O gateletse botlhokwa jwa gore batho ba ipele ka diteme tsa bone. Mo letsatsing la fa ke buisana le ene, e ne e se Nicholas wa ditlontlokwane, moaparo wa gagwe le one wa bo o tsamaisana le lentswe la gagwe le le neng le supa tlhwaafalo.

A re batsadi ba tshwanetse go fa bana sebaka sa go itlhophela ditiro tse ba di ratang.

O ne a fa sekai sa ntwa magareng ga gagwe le mmaagwe, yo o neng a sa batle go utlwa sepe ka go diragatsa.

Go bo a fitlheletse toro ya gagwe, a re o faloditswe ke maaka, e ne e re fa mmaagwe a itse fa a ile dithutong tsa maitseboa ene a bo a fufutse a ithutela sa pelo ya gagwe.

Yellow Bone
Yellow Bone a re o ithutetse boenjiniere, mme ya re go lemoga fa a setse morago toro e e seng ya gagwe a fapogela kwa metlaeng.

A re o ne a batla sengwe se se ka mo gwetlhang e seng gore morutabana a mo rute dipalo, ka moso a bo a mmotsa se a se mo rutileng, sa gagwe e le go boelela mafoko a ga morutabana a letsatsi le le fetileng.

A re se ga se supe botlhale ka jaana ene o batla go nna a diragatsa gore batho ba tshege.

A re metlae ke nngwe tsela e e botlhokwa ya go gasa melaetsa ka jalo fa motho a tshega go a bo go supa gore o utlwule. Bokhutlo

Teaser:

“Fa ke sena go supa kgatlhego mo go tsa bodiragatsi, ba le bantsi ba ne ba bua fa ke le seeleele e bile ke batla go ithutela tiro ya boeleele, mme se sa se ka sa nkgoba marapo ka ke ne ke lwela go diragatsa maikaelelo a me.”

Blog

Editors Note

Polling

Is online betting an alternative income stream or a risk

Is online betting an alternative income stream or a risk

Results

Yes, it is an alternative income stream.: 0.00%

It is a risk. : 0.00%

Not sure.: 100.00%