A badimo ba ntse ba a laola?
Source : Kutlwano
Author : Keonee Kealeboga
Location : Goo-Moremi
Event : Profile
Ba ba dumelang mo badimong ba bua ba sa kgwe mathe ka dithata le dinonofo tsa badimo ba kgaolo ya Tswapong.
Fa o se motho wa kgaolo eo, dikgang tsa teng di ka go tshosa tsa bo tsa go tshabisa le go etela teng.
Go na le dipolelo tsa ka fa ba kileng ba emisa tsela e e neng e dirwa ke mephato ya motshwarelela bogosi jwa ga Mmangwato, Kgosi Tshekedi Khama ka teng mo dingwageng tsele tsa bo1948.
Tsela e ke e e neng e ka bo e tshwaraganya sekole sa Moeng le motse wa Palapye.
Go ya ka buka ya mokwadi mongwe wa leina la Galesiti Baruti, e e bidiwang Ditso le Dingwao tsa Batswapong, mephato e ne ya dira tsela fela sentle mme ya re letsatsi lengwe matlapa a a neng a ntsheditswe ka fa thoko, a bo a buseditswe mo tseleng. Gore a buseditswe ke eng kana ke mang?
Go thata go tlhalosa le gone go tlhaloganya fa o tlhalosediwa.
Mokwadi yo o tlhalosa fa batlapele ba ne ba tlhalosa fa seo se ne se dirilwe ke badimo, ka ba ne ba re dikoloi tse di dirisang tsela eo di a ba tlhodia e bile di a ba nkgela!
Tshakgalo e ya badimo ga twe e ne tota e le mo go reng ba ne ba sa rerisiwa pele ga tsela eo e dirwa. Tshwanelo go bolelwa e le gore, sepe fela se se dirwang kwa kgaolong ya Tswapong, se tshwanetse sa feta ka badimo, ga kopiwa mo go bone mme e nne bone ba rebolang kana ba ganang tiro eo.
Bosheng jaana, bukana ya Kutlwano e ne ya etela kwa motseng wa Goo-Moremi, motse o go tlhalosiwang fa e le one boremelelo jwa badimo ba Tswapong, go utlwa ka dikgang tse tsa badimo.
Re gorogile fa kgotleng mo mosong, nako e ka nna ya borobabobedi.
Ga bo go thibile mo kgotleng, matlhogotshweu go anangwe le kgotla. Bontsi jwa borremogolo bo ntse mo ditilong tsa tshipi tse di neng di le mo kgotleng, fa bonkuku bone go ne go ntswe fatshe mo mmung, ba se kae ba bone ba ntse mo direpoding mo maribeleng a diofisi tsa kgotla.
Ra tsena mo nngweng ya diofisi, e go neng go bonala batho mo teng go botsa gore kgosi re ka mmona kae, ya nna gone re lemogang fa bagolo ba ba phuthaganetse go tla go tsaya dikamogelo tsa bone tsa kgwedi le kgwedi, bangwe ba di bitsa tandabala.
Kgosi le ene a bo a le moo, mme ya re go re bona, a tswa mme ra mo sala morago go tsena mo ofising e e mabapi.
Le fa re ne re tlhalositse moono wa leeto la rona malatsi a mararo a a fetileng fa re kopane nae kwa motseng wa Palapye, Kgosi Tshito Days a rata gore re itlhalose sesha.
Morago ga go dira jalo, a kona molala, matlho a a roma kwa ntle ka letlhabaphefo. Mo sefatlhegong a lebega e kete ga a itse gore a re ree a reng. Kana o ne a ipotsa gore a mme a re arabe kana a re bontshe tsela re boele golo re go tswang?
Morago ga tuulalo e e tsereng nakonyana ya go etsaetsisa yo o letileng karabo, Kgosi Days a dumela fa e le boammaaruri gore motse wa gagwe ke boremelelo jwa badimo.
Motse wa Goo-Moremi, go ya ka kgosi, ke teng kwa morafe wa Batswapong o kopang dithuso ka go farologana.
A ke go kopa pula, go kopela molwetse pholo, go batla motlhala wa motho fa a nyeletse; tse tsotlhe di direlwa kwa Goo-Moremi, kwa go dumelwang e le motse o motona wa badimo ba kgaolo ya Letswapo.
Le fa gone re ne re batla go utlwa ka tsele le tsele tsa tumelo e ya badimo, mmangmang e ne e le go batla go itse gore a le jaana badimo ba sa ntse ba ka dira diaba tse di tshwanang le tsa tsela ya ga Tshekedi.
Le fa pele a ne a bua a ngodiega, e potso Kgosi Days o ne a itlhaganelela go e araba.
A bolela a sa oshaoshe fa badimo ba le teng, e bile dinonofo tsa bone di sa fokotsega ka tsela epe fela.
“Kana le yone tsela ya ga Tshekedi fa go ne go kopilwe mo badimong ke dumela go dirwa ga yone go ka bo go ne go atlegile.
Ditiro tsa ditlhabololo di dirilwe di le dintsi morago ga tsela eo, mme ka go ne go salwa thulaganyo morago go kopiwa kwa badimong, di teng re a di bona,” Kgosi Days a tlhalosa; a a fa dikai ka yunibesithi ya BIUST le mafetlhelo a motlakase a Morupule B, kwa motseng wa Palapye.
Kgosi o ne a fefoga go tlhalosa fa motse wa Palapye e le bontlha bongwe jwa kgaolo ya Tswapong, ka jalo go ne go le botlhokwa gore ditlhabololo tse pedi tse di begwe kwa badimong ba Letswapo pele ga di dirwa.
Ka tumelo ya ga Kgosi, ditiragalo tsa sebopego sa tsela ya ga Tshekedi di sa ntse di ka diragala, mme ka jalo batho ba sa tshwanela go itebala kana ba tswelela ba tsaya dikgang tsa badimo motlhofo jaaka bangwe ba simolotse go dira.
Go gatelela ntlha e, Kgosi Days a re lotlegela polelo ya rre mongwe wa Mokeresete, yo o neng a diragalelwa ke ntshenatshe morago ga go nyatsa badimo ba kgaolo ya Tswapong.
Kgosi o ne a bolela ka go re, “rre yoo o ne a tla mo motseng mo a tla a rotloetsa batho go tlhanogela ngwao ya bone.
Ga twe o ne a bua ka lesotlo ka ngwao ya badimo, a bua ka fa e se nang mosola ka teng. Letsatsi le le latelang fa a ntse mo moriting a sela legonnyana a nna a le kgobola kgobola ka thipa go lebega a leka go intsha bodutu mme lekwati la mo thapogela mo leitlhong mme a phunyega leitlho a bo a foufalela ruri.”
Morago ga go utlwa dikgang ka go farologana, ra kopa go ya go bona kwa kgophung ya metsi ya Moremi Gorge, e e mo lentsweng le le bapisitseng motse oo.
Kgosi a re rebola go ka ya kwa lefelong leo, mme a supa fa ka mabaka mangwe a ka se kgone go re pata mo mosepeleng oo. Ra wela tsela, maikutlo a le kwa godimo, re batla go bona bontle jwa lefelo leo jo bo bolelwang bo kala matlho.
Re fetile ra amogelwa ka tsoo-pedi kwa lefelo la Moremi Gorge, mme mokaedi wa koo, Rre Boitshepo Otsweleng, a se ka a re ka moso, a itatlhela mo koloing go re isa kwa go tweng bontlenyane jotlhe bo bonwa teng.
Fa re sena go baya koloi fa go tshwailweng gore dikoloi di felele teng, ra leka ka lenao go ya kwa lentsweng la Tswapong, le le okameng motse wa Goo-Moremi.
Dikgato di ka nna makgolo mabedi, tebego ya naga ya simolola go fetoga; re a ne re tlola molatswanyana wa metsi a a elang, matlapa a bo a le mantle o ka re a ne a gabiwa ke setswerere se rata tiro e se e dirang! Sa rona ya nna go a ne re ema re lelala go akola bontle jwa matlapa a jaanong a ne a itirile mabotana mo ditlhakoreng tsa tsela e re neng re le mo go yone.
Re ne re etla re tlamega go huhumela, go palamela le go fologela mme tse tsotlhe tsa bo di natetsha mosepele wa rona; kgato nngwe le nngwe e o e tsayang e dira gore o ipotse gore kwa pele go ntse jang.
Go ne go etla go nna le fa go leng boreledi teng, mme mongwe le mongwe a tshwanelwa ke go ipha botlhale gore o itshegetsa ka eng.
Tikologo e ne e le ntle go se na pelaelo. Fa re ntse re tsweletse jalo le mosepele, ra tsena golo gongwe fa go kgatlhisang; go kgatlhisa ga go ne go tswa mo go reng go ne go lebega go tshegeditse ditso tse di botlhokwa.
Sir Seretse Khama`s Alarm Stone
Fa re tsena fa lefelong le la Sir Seretse Khama`s Alarm Stone, Rre Otsweleng a ema, a tlhalosa ka lone le bokao jwa lone. Ya re a tsweletse le tlhaloso, ra bo re ntse re bala mokwalo wa ba motlobo wa ditso o o foo.
Rre Otsweleng o ne a tlhalosa sone se se mo mokwalong; gore letlapa le le filweng leina la Sir Seretse Khama`s Alarm Stone, le kile la bo le nna le kaletse kwa godimo ga le lengwe le letona go fitlha bosigo bongwe, jo banni ba motse wa Goo-Moremi ba tlaa bo gakologelwang ka lebaka.
Ga twe e ne ya re mo makukung a matona a kgwedi ya Phukwi e le lesome le boraro ka ngwaga wa 1980, letlapa le la kgokologa mme la ruthagana fa fatshe la bo la phatlalala go nna ditokitoki.
Go wa ga letlapa le, ga twe go ne ga dira modumo o o seng kana ka sepe ga bo ga roromisa lefatshe; ga tlogela batho ba le mo kakabalong e e seng kana ka sepe.
Mo mosong wa letsatsi lone leo (July 13, 1980) ga latolwa Tautona wa ntlha wa lefatshe leno, Sir Seretse Khama.
Ya re dikgang tsa loso lwa ga Seretse di utlwala, ba Goo-Moremi ba dumela fa go wa ga lentswe leo e ne e le sekao sa tiragalo e e botlhoko eo.
Mokwalo o o foo, o bolela fa bokomana, kana bagolo ba ba itseng go bua le badimo, bone ba ne ba itsile ka motsotso wa fa letlapa le wa gore le bolela eng.
Le fa bangwe re ne ra palelwa ke go goroga kwa metsi a tshologang ka bokete teng mo letlapeng ka ntlha ya go sa tsamaegeng ga tsela ya go ya koo, ra laelana le Rre Otsweleng mme ra boela kwa kgotleng.
Kgosi Days o ne a feta a gatelela kgang ya go wa ga letlapa, mme fela a supa fa a sa itse gore ke ka go reng le ne le amanngwa le loso lwa ga Seretse ka a ne a se na kamano le morafe wa Batswapong.
Morago ga go kgaogana le Kgosi Days re ne re tsena mo motseng go tlhola fa go na le bagolo bangwe ba ba gakologelweng tiragalo ya go wa ga letlapa leo.
Re ne ra kopana le letlhogotshweu lengwe, monnamogolo Ramakoro Makee, mme a tlhalosa fa a gakologelwa sentle bosigo jwa go wa ga letlapa leo.
O ne a tlhalosa jaana; “Lentswe le ngwanaka le ne le bidiwa Thatlaganyane fa re ntse re tlhalefa.
Mabaka e le gore e ne e le mantswe a a thatlaganeng. Fa lentswe le wa, morafe otlhe re ne re le kwa masimo. Re utlwile modumo wa lone ka bo12 bosigo, mme ka re ne re sa itse gore go diragala eng, ra gakgamalela thoromo e e kalo.”
Go ya ka monnamogolo Makee go wa ga letlapa le e ne e le sekao go tswa kwa Modimong sa go kgaoga ga ga Seretse.
“Re dumela gore Modimo o ne o dira sekao ka go tlhokafala ga ga kgosi ka e ne e le motho yo o tlwaetseng Letswapo,” a garela puisano ya rona jalo.
Re phutha mesobana re boela kwa Gaborone mmadi wetsho.
Nako nngwe re tlaa kopanela kwa ntlheng e nngwe ya lefatshe leno. Ba kgaolo ya Tswapong ba re sa le tlholang, re ineeleng diatla metsing, fa Modimo a ratile, motlha mongwe re tlaa kgabola gape! Bokhutlo
Teaser:
“Kana le yone tsela ya ga Tshekedi fa go ne go kopilwe mo badimong ke dumela go dirwa ga yone go ka bo go ne go atlegile. Ditiro tsa ditlhabololo di dirilwe di le dintsi morago ga tsela eo, mme ka go ne go salwa thulaganyo morago go kopiwa kwa badimong, di teng re a di bona.”













