BORRE...se gaisiweng ke segogwane!

Source : Kutlwano

Author : Ndingililo Gaoswediwe

Location : Gaborone

Event : Interview

E re le fa go ntse jalo, go ditshedi di ka se tlale seatla, tse di tsayang boikarabelo jwa go godisa bana ba tsone.

Digogwane ke dingwe tsa ditshedi tse di lorato fela thata mo baneng ba tsone.

Di elama le mae tota mme fa e le nako e go kwakwaletseng, di dira gotlhe go fitlhelela di ya go bona fa go nang le metsi kwa dikoloti di ka golelang teng.

Mme fa e le mofuta wa segogwane o o bidiwang Darwin, one o  dira go tlala ka diatla.

Segogwane se  setonanyana sa Darwin, ke sone se rwalang bana mo kgetsaneng e e mo kgokgotshong ya sone, go fitlhelela ba lekana go tsalwa.

Ka borre le bone ke diphologolo mme ba farologanngwa le tse dingwe ke setho, le bone ba mefuta mebedi; go bao ba ba nnang le seabe mo kgodisong ya bana ba bone fa ba bangwe ba tsena mo makwating pele ga ngwana a ka tsholwa.

“Seabe sa borre mo kgodisong ya bana se ntse se ya tlase ….mme tsamaiso e e sale e fapogile tsela go tswa goo-Lowe, ka tumelo e ne e le gore mme ke ene yo o tlhokomelang bana fa rre ene a ya go ba bapalelela,” ga tlhalosa Kabelo Mogwe.

Seopedi se sa setswerere, sa re bana ba bantsi ba gola ba sa itse lorato lwa borraabone, a re seemo seo se felela se ketefaletsa bomme go kgalemela bana fa ba tswa mo tseleng ka jaana go dumelwa mo lentsweng la motho senna.

Kabelo, kana ke re rraagwe George?

Ebu! a re la gagwe lorato mo go morwae ga se lo lo ka nyeletswang ke sepe.

Mme motho o ka dumela ka gore fa ba le mmogo o ka re balekane, ba a bo ba tshameka kgwele ya dinao kana ba tlhoma ka dikoloi mo setshwantsong sa motshikinyeo.

Owaii! yo wa mmaagwe George, yo o tlwaelesegileng ka la Charma Gal mo go tsa merero ya mmino, o fitlhele a jewa ke bodutu.

Rraagwe George a re ba ntshana se inong le mosimanyana wa gagwe, yo o dingwaga di robang bongwe. O tlhalosa ka go re:

“Mosimane yo e ka re o tshaba mmaagwe, fa a batla sengwe, o a ema go fitlhelela ke tla lwapeng, le fa re ile kwa marekisetsong, o tlaa tlolaka a batla sele le sele.

Mme fa mmaagwe a ile golo gongwe, o tlaa nne a sale a itatlhetse mo dikobong tsa me.”

Mosimane yo, yo o dirang lokwalo lwa bone kwa sekoleng se sebotlana sa Mophane mo Gaborone, o kgaogana le rraagwe fela fa dikole di tswetswe, ka o rata thata go ya morakeng kwa Mmatshumu kana kwa Lerala.

E re ntswa borre bangwe ba ka tswa ba batla go tsenya letsogo mo kgodisong ya bana, go nna thata ka bommabana ba sa ba fe sebaka.

Go tila go golola tlou le maroo, kgakololo ya kgang e o ka e itseela mo pineng ya ga rraagwe le mmaagwe George ya Fa di lwa di gata marole.

Mogwe, yo e leng lewelana la bana ba bararo, a re o godisitswe ke batsadi ba gagwe boobabedi, e bong Pusologo le Tiragalo (mme legale Tirgalo o setse a iketse badimong).

Fela jaaka a goletse mo lwapeng le go neng go phophoma lorato, ene o arogana maele a le morwae.

Mogwe a re o etse tlhoko gore bothata jwa dipalo tsa bana ba ba latlhwang bo golela pele, e bile bo tlhotlhelediwa ke borre ba ba itlhokomolosang bana.

“Fa o le rre, o utlwa wa mmenyana a re o tlodilwe ke kgwedi, o tshwanetse wa ema ka dinao ka lo a bo lo pataganetse morwalo o.”

Mo malatsing ano, go atile gore bomme ba tshole bana le borre ba ba nyetseng mme Rraagwe George a re bomme ba felela ba lemolola peo, kana ba latlha masea, ka jalo ba a bo ba lemoga gore ba ya go ketefalelwa ke kgodiso ya bana kana ba tshaba go thuba malwapa.

Ka phoso e tsalwa le motho, a re mo diemomg tse di ntseng jaana, a rre a tswelele fela a tlhokomele ngwana jaaka a ne a tshameka motshameko wa dinkunku, mme mo tsamaong ya nako, sekaku se phunngwe.

“…fela jaaka le nna ke kopane le my half brother ngogola mme re ise re ko re utlwe batsadi ba rona ba tsositse modumo ka kgang e,” Kabelo a tlatsa jalo ntswa a sa rotloetse mokgwa wa tsholo ya bana kwa ntle ga lwapa.

A re bogologolo bana ba ne ba sa latlhwe, ka mathata a ne a rarabololwa ka morero mme ka dipaka di fetogile, o gakolotse bomme gore fa mpuru a faretswe, thuso ba ka e bona kwa makalaneng a tshwana le SOS le Childline.

Fela jaaka bopapa lefatshe ka bophara ba tlaa bo ba ipelelela letsatsi la bone, George le rraagwe ba tlaa bo ba jesa matlho monate kwa mafelong a dibaesekopo, ba etla ba latlhela mmidi wa dipapatshwane ganong. Botsala tota, jwa tlhogo ya kgomo. Bokhutlo

Teaser:

“Fa o le rre, o utlwa wa mmenyana a re o tlodilwe ke kgwedi, o tshwanetse wa ema ka dinao ka lo a bo lo pataganetse morwalo o.”

Blog

Editors Note

Polling

Is online betting an alternative income stream or a risk

Is online betting an alternative income stream or a risk

Results

Yes, it is an alternative income stream.: 0.00%

It is a risk. : 0.00%

Not sure.: 100.00%