Ntlhomole mmutlwa ga se nkute lonao

Source : FREELANCER

Author : Keabetswe Idoh Dintwe

Location : GABORONE

Event : Polelo

Setlogelwa o tsogile mo mosong a tlola molomo wa godimo, a bolelela mmaagwe, mme a mo raya a re fa e ne e sa ntse e le bogologolo, o ne a a ya go itumela fela thata. A nna a o baya lebogo jaaka o thebatheba jalo, a ipotsa gore o ka o baya eng ka fa e ka bo e le leitlho la godimo o ka bo a le baya letlhokwa. A diega go feela a a ne a eta inamologa.  Ba tloga ba a nwa mogodungwana o o bokhukhu wa dikgomo tsa mafisa a ga Boleseng. Ba tsena mo tshimong go kgola magapu, ba tla go a thuba ba  sesa moso ka one le go tshwara legaba.

Ya re ba sa ntse ba le mo tshimong jalo, fa tlase ga setlhare sa mogotlho, mongwe wa bagwebi, Rre Lemogang Mokgethi, emisa koloi mo tseleng e e fetang fa tshimong ya bone ka kwa bophirimatsatsi, a buisana le mmaagwe Setlogelwa, Dikeletsane. Ba botsana matsogo segolo, ya re ba ntse ba tsweletse, a latlhela la go re, “Owaii, a ke go tsoga ka re a bo re raya gone gore ga re a fitlhelwa re omile magalapa fa bo o sa? Ga re ke gama ke ikotelela ngwana wa ga mma, ke tlhaelelwa ke babereki, ba lapisa ka go nna ba ikopetse ruri.”

Dikeletsane a tloga a mo laela, a mo kgothatsa gore a nne a lebalebe, gongwe letsatsi lengwe o ka bona mongwe yo o tshepagalang.  A mo laela gore e re fa a boa a sa ilthaganela, a fete a tseele mohumagadi mapapu, kana letlhafula ga le timanwe, ga se nama ya phofu. Ba laelana, koloi ya ga Mokgethi ya tloga ya thuntsha dithole. Dikeletsane le ngwana wa gagwe ba utlwa modumo wa yone o ntse o ya tlase, le lorole lo phatlalala mo loaping.

Fela fa modumo o sena go wela, Dikeletsane a bona gore a thetse ngwana wa gagwe, mogopolo wa segolo o ise o ye mafisa, motho le mmaagwe ba sala ba itsheba. “Mosadimogolo, a go ne go se botoka gore o ye go itepa lesego kwa ga Mokgethi, kana a re ga a na babereki, wena o bona jang?”

A bona sefatlhego sa gagwe se sedimoga, a dumela le fa tota pelonyana e ne e re o latlha mmaagwe. A tloga a tsha tlhogo, mosetsana wa sefatlhego se seleele, a hupologa, “Gone mma, go tlaa re ke ye go leka tiro, re tle re bone go nwa borotho jo bo tshasiwang.” Ba tloga ba ngatega ka ditshego.

Ya re mo mosong wa le le latelang, ka makuku a banna, Dikeletsane a tsosa  Setlogelwa, a ipaakanya ka bonako, a tloga a bapa le tsela e e yang gae, a gopotse gore mong wa koloi yo o pelo o ka mo tsholetsa. Ka lesego ga tla koloi nngwe e rwele dikgong, mme a kgona go bona phatlha ka kwa pele. A feta a tsena fa lwapeng ka bonako, a tloga a sutlha ditlhako mme a fetela kwa lebenkeleng, kwa a fitlhetseng Rre Mokgethi le mohumagadi wa gagwe, Botho.

Botho a begelelwa sentle ka ga ngwana, a kaelwa le gore ngwana ke wa fa kae, ba lema kae. A dumela ka lerato gore ngwana yo ke yo o tswang mo lelwapeng la Setswana, yo o boi. Ga dumalanwa le ka mofufutso wa phatla, dikgang tsa wela.

A simolola go dira kwa lebenkeleng ka matlhagatlhaga, e re fa a tsena mo mosong, go lele lofeelo, go utlwala gore mosetsana wa majato o teng. Kana Setlogelwa o ne a tlwaetse go tsoga le dikoko, mme a rwala masigo ka tlhogo a ya kwa tirong, e re fa go tla nako ya bula, marekisetso le patlelo tsa bo di le phepa, a dira jalo e bile a lebile gore boora Mokgethi ga ba na le ene yo ba mo rayang ba re,”Lesa o tlaa thuba!” E ne e re fa latlha lofeelo, a lebagane le bareki le go apaya borotho jwa mafura ka go refosana le modiri ka ene, Moneiwa. Pelo kana fa e itumela, nama e a solega. Sefatlhego sa ga Setlogelwa sa  sa simolola go runya, sa lebega, pelo ya monnamogolo ya utswega. Pelo, selo se kana ga twe ke potsane, e a golegwa mme tse dingwe dipotsane di tsapoga botlhoko, ga pala.

Botho o ne a rata Setlogelwa thata, a mo ruta matlhale otlhe a go tlhokomela dibuka tsa kgwebo, go baya ditlhwatlhwa tsa dithoto le gone di reka. Ya re malatsi  ntse a feta, Botho a bona gore le fa a se yo, go na le yo a ka mo tshepang, ka e bile go ne go se ka go tlhaela le fa e le thebe fa Setlhogelwa a mmegelela madi. O ne a tlhagafaditswe ke dikinane tsa go re gongwe ga go a balwa sentle, ka moso e nne gore ga go  a kwalwa sentle, madi a teneditswe mo momenong wa  seaparo.

Motho le fa e se naga, yo ene Botho a mo tshepa ka a ne a le bori jaaka lephoi. Kgwebo ya nna ya tswelela, go se sefatlhi sepe. Ya nna letsatsi le le lengwe fela jaana, monnamogolo a sala le Setlogelwa fa marekisetso a tswalwa, ba a bala ka botswapelo, a wela mme ba tloga ba a tswalela. Monnamogolo a lemoga fa go le bosigo mme a ithaopela go ya go baya mosetsanyana yo o maitseo kwa lwapeng.

Tsela e e yang kwa gaabo Setlogelwa ya nna bonolo, fa tsena ka bonako mme go fologa ga nna dingalo, ka go ne go phuntswe e sele kgang. Monnamogolo o ne a tontonyetsa kgang, a tloga bulela wa kgarebe senotsididi, le ene a tloga a ipulela. Ba  goduma dinotsididi ka iketlo, Setlogelwa a ipotsa gore a go a bonwa.

Ya tlhaloganyo e ntse a kaila, Setlogelwa a gakologelwa gore o aga a bona le mme wa lelwapa a bulelwa senotsididi, a bo a bulelwa le koloi fa a palama. A ipotsa gore a ke jaaka a bewa mogopo fa pele ga gagwe.

Ba wetsa kgang, ba e tsere motlhofo, ba re ba tlaa bona kwa mmu wa sekara o tlaa welang teng. Go tloga ka yone phirimane eo, fa Mokgethi a ya go reka dithoto kwa marekisetsong a mogoso, a tlela wa mmenyana sengwenyana sa ntlo, pelo ya tlhatswega. A tloga a tsenwa ke mowa wa gore o thusa Botho go godisa kgwebo ya gagwe, e re a golola a ye go thusa ya lelwapa ka tsela nngwe, a bona gore a itele mo go monnamogolo, a kope go okelediwa madi.

Mokgethi a se ka a diega, ya re go utlwa boikuelo jwa mmereki yo o tlhaga, yo o phepha, a rerisana le mohumagagdi, ka bongwe fela jwa pelo ba dumalana go mo okeletsa, ka tota gone madi a ne a tsena, le koloi ba ne ba setse ba rekile e ntsha, kgwebo e tsamaya sentle.

Sephiri sa bobedi sa tshegetswa fela thata, mme setlhogelwa a begelela  Mokgethi gore o beilwe setsha. Mokgethi a itumela fela thata, a lapisitswe ke go eta ka go iphitlha, le fa gone matlho a baagisani a ne a setse a fatlhegile. Baratani ba ba ne ba thusiwa ke gore Dikeletsane o tla mo gae fa go na le pitso, a diilwe ke go leba tshimo le dikgomo tsa mafisa, kana di gangwa go lebilwe tsela, dikgole.

Tsa kago tsa rulaganngwa ka sephiri, mme go a tle go rongwe bangwe ba ba tshepiwang gore Botho a se ka tloga a botsaka dipotso. Mosetsana yo o letlhaa le borethe a agelwa ntlo e e dikamore ts borobalo di le tharo go iketlilwe, go ketlolwa gore wa mme a se ka a lemoga, gone madi a ne a tsena. Kana motho wa Modimo ene o ne a bewa pelo ke gore o ja a namile, ga a tlhole a eme ka dinao, o bone ngwana yo o tswang dinao, kante ga a itse, o keketwa ke motho direthe jaaka peba.

Ya re letsatsi lengwe Mokgethi le Botho ba iketlile kwa lwapeng, wa rre a tswa ka mogopolo wa gore ba bule marekisetso a mangwe kwa motse o felelang teng. Ba ne ba se ka ba gogagogana, ba lebile gore Botho o tlaa baya leitlho mo marekisetsong a a gaufi le motse wa bone, Setlogelwa ene a leba o mongwe. Botho wa Modimo o dumela jaana ka bofofu, ba ba itseng dikgang le bone ba tshaba go tsoga ba di pakela, kana Setswana sa re phokokgolo ga e tswe ka ngwana wa motho.

Marekisetso a bulwa, a simologa go itshupa gore a tsamaya sentle. Ya bo e le gone jaaka Botho a neetse mogatla wa nku manong. Selo se pelo e segole, Setlogelwa le ne a lemala go feta le yone namane, a tlelwa ke mogopolo wa gore direla mosadi yo mongwe madi, a simolola go ntsha ka tlhaa go utlwala, a nna ka go ngongorega. E a re fa go iketlilwe, a bue gore le ene o batla ntlwana ya molelo e e tshwarageng le ya bobeelo, e e tshwanang fela le ya kwa lelwapeng. Ntlo ya ikaga e se ya mmutla.

Ga tloga ga tla dikgolo, Setlogelwa itemoga gore o tlhaelwa ke lebante, a begelela moeka mme ga tsena letshogo le letona. Mokgethi a simolola go nna bodutu, mme gone a bin aka mogatla gore o tlaa bona mongwe yo o tshwanang le ene. Setlogelwa le ene a nna ka go tenegela babereki ba bangwe, ba tshela ka go kgeswa ke motho, a kopantse sebaka sa dikgwedi tsa ntlha le go bona gore mosi o dule ka sekhurumelo. Ya re tsatsi lengwe a omanya mongwe wa basetsanayana ba ba apayang borotho, Babotseng. Ngwana wa batho a betwa ke e sa ileng mmotlana, a tlhamalalela kwa ga Botho, a feta a tlhotlhora kgetse ka manoto, a bega tsotlhe le tsa go solofela mhikwana, a se ka a di tlogela.

Kgang ya nna mafaratlhatlha, lelwapa looraMokgethi la tsenwa ke phefo. Botho a tsenwa ke bolwetse jwa pelo, a bo a swa mhama, a palelwa le ke gone go bona sebaka sa go sekisa Setlogelwa. Ya re bolwetse bo ntse bo gana, a robatswa kwa kokelong, letsatsi la fa a bona gore o thula botala ka tlhogo, a bolelela monnawe Modiane, gore o thapile ngwana a ithaya a re o tlaa mo tshwara letsogo, a mo raya a re, “Nnaka ka thapa ngwananyana nna ke re ke mo ntsha mo lehumeng, le go ntela letsapa, ka raya ngwana ka re ntlhomole mmutlwa, kante ene o ya go nkuta lonao. Ngwana yo o ntsotse ditswalo, o batla go ntshupegetsa gore ka ke timilwe thari, ene ke mosadi, o ka tsholela Mokgethi mojaboswa.”  A bua jalo a menola matlho, a neela mowa.

Ga nna selelo se segolo, dibui ka go farologana kwa phitlhong tsa supa fa tota bolwetse bo kubugetse mmaarona, mosadi wa go nowa moro. Ba gomotsa boora Mokgethi le baabo mosadi, Mokgethi o bolelwang ya nna gone jaaka a tswetse tsatsing. Tlotla e a neng a fiwa ya tlhotlhorega, a ikgapha mo go Setlogelwa, gore bogolo go fete dikgwedi tse thataro, e le gone a lemogang gore botlhale bo ja mong. A ipotsa dipotso tse dintsi, gore a tota monate o a neng a o ja, wa bonyana, a iphitlha,  o sa ntse o tlaa o ja?

Teaser:

“Nnaka ka thapa ngwananyana nna ke re ke mo ntsha mo lehumeng, le go ntela letsapa, ka raya ngwana ka re ntlhomole mmutlwa, kante ene o ya go nkuta lonao. Ngwana yo o ntsotse ditswalo, o batla go ntshupegetsa gore ka ke timilwe thari, ene ke mosadi, o ka tsholela Mokgethi mojaboswa.”  A bua jalo a menola matlho, a neela mowa.

Blog

Editors Note

Polling

Is online betting an alternative income stream or a risk

Is online betting an alternative income stream or a risk

Results

Yes, it is an alternative income stream.: 0.00%

It is a risk. : 0.00%

Not sure.: 100.00%