E larile kgang ya stempe
Source : KUTLWANO
Author : Calviniah Kgautlhe
Location : GABORONE
Event : Polelo
Ga e ne e a komakoma kwa motsaneng wa Manaledi, setempe se tsositse kgaruru Motswana wetsho. Ba gana nnang ya banyana beng ba motse gore se tsewe. Motsana o, o o kwa kgaolong ya legare, o ikadile fela fa tlase ga mpa ya lentswe la letswapo. O sekgalanyana fela sa dikhilomethara di le lesome go tswa kwa motseng wa Goo-Tau, motho o ka re mo ke nko-le-molomo. O ke motsana wa makgatlhanela thapong a merafe e e tswang kwa Transvaal, e bong Bapedi, Bahurutshe, Bakaa le Batalaote. E re le ntswa go nna merafe e e farologaneng kwa motseng oo, batho ba teng ba palo potlana ka dipatlisiso tsa Palo Ya Batho tsa ngwaga wa 2011, di supa fa ba le kwa tlase ga makgolo a mararo.
Ya re re le mo letsholong la go lekola Batswana mo bosheng jaana go utlwa tse di diragalang mo metseng ya bone, ra tsena ka one motsana oo go le mo mosong, mme ra fitlhela borara jwa motse bo epile pitso kwa kgotleng. Kgang kgolo e le go buisana ka setempe se podi ya tsela e bolelang fa go na le matshosetsi a gore ba tlaa se amogiwa. Ra tsena ka kgotla, ka nna fatshe mme matlho a ya le kgotla e, a sekaseka mo go tseneletseng. Ya re ke le foo, ka kopana le monnamogolo yo go lebegang a ragilwe ke ntshe, tshakala e marilwe ke motho ka sebata se sesetlha ka kwa morago, e phukaladitse jase, mosepele wa gagwe e le oo majato, abo a e eteleditse pele tsamma go fefosa mosepele. Ka akanya gore tlhaloganyo ya mogoma e gabile go ntsha mafatlha a gagwe kwa kgosing, kana tota kgosi thotobolo e olela matlakala.
Monnamogolo yo a tsena ka kgotla, a goga setilo sa dikgole, a gotlhola pele ga a nna fa fatshe go bapa le ba bangwe, ba ba neng ba tsibogetse pitso ya ga kgosi Mapulane.
Matlho a me a nna a tlala le kgotla e, ka retologa go a tlhoma kwa godimo mme ka setola gore kgotla e ga e na folaga ya Botswana, se sa ntlhaba podimatseba gore ke gatile mmu wa lekgotla la tetlanyo.
Monnamogolo Kgosi Mapulane Kgothwane, yo go utlwalang e le ene a thaileng motse o wa Manaledi, a simolola phuthego.
Mapulane ga se kgosi fela, go tlhalosiwa fa e le ene tshoso-e-rweleng, kankangwane e e aperweng ke boikarabelo jwa go lomaganya morafe le badimo ba lentswe la letswapo.
Ya re a emelela mo setilong sa gagwe sa bogosi, a bua a sa kgale mathe ganong, “Re utlwa fa go twe kgosi Maele wa Goo-Tau a re o tsaya setempe sa rona, se se raya gore re tlaa bo re ya go tempa dikwalo tsa rona le bosupi kwa motseng wa Goo-Tau, lona lo e bona jang kgang e baagi ba Manaledi?” a botsa jaana ka lentswe le le kwa tlase, go utlwala e le motho a tshwenyegile thata mo moeng.
Rre mongwe a tomoga go kgwa kgosi dikgaba, “Ga ke tlhaloganye gore Maele o batla setempe se jang, mongwe le mongwe o itse gore o tshwanetse a latelwe ke ditlamelo kwa a leng teng. Jaanong ga go na jaaka e ka re setempe se tsile kwano, sa boa sa busiwa gape. Tota e le gore go ka diragala jang? Re batla tlhaloso le mabaka a a tsepameng gore setempe se se ka sa tsewa!” a bua jalo ka sefatlhego se se tlhontseng.
A tswelela gape, “Babei ba ditsha ba lekgotla la kabo ditsha ba re thusa ba lebile go re a dikopo tsa rona di na le setempe se, tota rona ga re batle se ya Goo-Tau,” a ipuelela mme monnamogolo Mapulane a bo a tlhwaile tsebe, matlho a tsepame mo go yo o ipobolang. Mosadimogolo yo a neng a ipolela fa a le Mmagaonyadiwe, le ene a ema go ntsha letsadi mo pelong, “Tota fa setempe sa rona se ka tsewa, go tsile go nna bokete, ga go motlhofo go fitlhela kgosi Maele mo kgotleng ka o a bo a tshwerwe ke tse dingwe. Bana ba tla kwano ba tswa kgakala, ba tlhoka go tempelwa mme fa ba fitlhela go se na yo o ba thusang go nna dingalo ka ba a bo ba senyegetswe ke nako le madi a go tla kwano. E le ruri re tsile go sokola fa Maele a ka neelwa setempe,” Mmagaonyadiwe a itela.
Monnamogolo yole yo a neng a tla a gatela kwa godimo kgantele, a ipolela fa a bidiwa Kepaletswe, a ntsha la gagwe. “Tota nna ga ke tlhaloganye mabaka a go tweng go tsewa setempe se ka one, ke batla gore Kgosi Maele a itere kwano a tle go batla setempe se ka sebele sa gagwe, go seng jalo ga se ye gope! Golo fa fela ke a bona Maele o batla go re laola, o batla gore metse e yotlhe e tsene ka fa tlase ga gagwe, setempe se ga se ye gope, ga go tlhokafale gore dilo tsotlhe di direlwe kwa Goo-Tau. Le rona re motse re na le kgosi, Maele ga a nne mo ofising, jaanong selo se se ka re sokodisa rona batho ba Manaledi.” Monnamogolo Kepaletswe a tlhalosa jalo a supa gore mphampha o a lapisa motho o kgonwa ke sa gagwe.
“Kana tota ngwana o sa leleng o swela tharing,” Kgosi Bautlwetse Mapulane a bua jalo a supa botlhokwa jwa gore banni ba ntshe mafatlha a bone.
Ka ke se ke ke ipona tsapa, ka rwala ditlhako go utlwa gore kgosi Maele Maele wa Goo-Tau ene a reng ka kgang e ya setempe. “Kana tota go dirilwe phoso gore motse o wa Manaledi o neelwe setempe , molao o supa fa e le gore dikgotla tsa tetlanyo ga di a tshwanela go nna le setempe, ga se nna ke reng ba tseelwe setempe,” ga tlhalosa kgosi.
Kgotla ya ga Maele e phaphasela ka folaga ya Botswana, ke kgotla ya Setswana e e sekisang e bo e atlhola, gape ke sebolokelo sa dibuka, ka jalo Maele o okametse le motse wa Goo-Sekgweng o e leng gore bosheng jaana o sa tswa go tseelwa setempe. “Ke le kgosi ya Goo-Tau, ke okametse metse e mebedi e, Manaledi le Goo-Sekgweng, jaanong go le pele ba ne ba neelwa ditempe mme ga tswa mokwalo kwa ofising e tona ya dikgaolo kwa Palapye, o tlhalosa gore fa ditempe tsa bone di fela ga ba direlwe tse dingwe,” a tlhalosa.
A tswelela jalo, “Ke itse sentle gore fa ba tseelwa setempe ga go tle go nna motlhofo ka tota selo se go supela motho yo mongwe go tlhoka mosupi le nna ke le kgosi ba ka tsoga ba nkgolegile ka ga ke itse dilo go tseneletse, dikgosi tsa metse e ka di gaufi le bone di itse botoka ka tse di diragalang mo metseng ya tsone. Gape go tsile go ba turela go dira dilo mo Goo-Tau, selelo sa bone ke a se utlwa mme kana lephata la dikgaolo le na le mabaka a gore ke eng le busetsa setempe mo motseng wa me, ga se nna ke laolang gore setempe se ya kae, ga se e kae.”
Maiteko a go leka go batlisisa gore ke eng lephata la dikgaolo ditsha le matlo le tsere tshwetso ya go isa setempe kwa Goo-Tau, a itaya se fololetse ka mokwaledi wa bone yo motona kwa Serowe a ne a se yo mo tirong, a le mo malatsing a boitapoloso. E kgang ga se ya ntlha e diragala, e kile ya lara gape kwa motseng wa Mmokolodi ka ngwaga wa 2011, kgosi Boitshoko Rasethogwane, o ne a kile a ngongoregela go tlhoka setempe mo kgotleng ya gagwe a re se se sokodisa baagi ba motse ka ba tlhokana le setlanyo sa gagwe fa ba ikopela ditsha, ba se tlhoka gape mo go tsa matsalo le dintsho, go tsaya Omang, go bula dibukana le tse dingwe.
Dipatlisiso tsa Kutlwano di supa gore ka ngwaga wa 2011, ka kgwedi ya Ngwanatsele kwa palamenteng, mothusa tona ya lephata la dikgaolo le tlhabaololo ya magae, Mme Botlogile Tshireletso, o ne a tlhalosetsa palamente gore ga go motlhofo go tlhatlosa dikgotla tsotlhe tsa tetlanyo go di dira tsa ditsheko le dikatlholo ka ntlha ya letlhoko la ditsompelo.
E ntse e le mo go yone phuthego eo ya palamente, tona wa lephata la dikgaolo le tlhabololo ya magae, Rre Peter Siele, o ne a tlhalosa gore lephata la gagwe le ikaelela go isa ditirelo kwa bathong, a tlhalosa jalo gore dipaakanyo di a dirwa go letla baeteledipele ba dikgotla tsa ditsheko le dikatlholo go etela magae a a mabapi go ya go sekisa le gone go ba rurifaletsa mekwalo.
O tlhalositse jalo gore ke keletso ya lephata la gagwe gore dikgotla tsa tetlanyo lefatshe ka bophara di tlhabololwe, di fiwe dithata fela jaaka tsa Setswana tsa ditsheko mme se se ka kgonagala fela fa madi a le teng.
Motswana o rile ngwana o sa leleng o swela tharing, ke e eo kgang ya Manaledi Motswana wetsho. A re e lebe ka leitlho le ntshotsho, re tlhwae tsebe, re bone kwa mmu wa sekara o tlaa welang teng. BOKHUTLO
Teaser:
Re utlwa fa go twe kgosi Maele wa Goo-Tau a re o tsaya setempe sa rona, se se raya gore re tlaa bo re ya go tempa dikwalo tsa rona le bosupi kwa motseng wa Goo-Tau, lona lo e bona jang kgang e baagi ba Manaledi?













