Go eng kwa mabitleng a Masokola?

Source : KUTLWANO

Author : Ndingililo Gaoswediwe

Location : GABORONE

Event : Polelo

Fa o le motho yo o itlho le bonako, le le ntshotsho e bile o le kelelelo, o ka lemoga gore mabitla a Masokola a GooKonyana kwa Serowe, a pharologanyo le a mantsi lefatshe ka bophara. Fela fa o tsena, matlho a simolola go ganelela kwa ditlhareng tse ditelele tse go supagalang fa di dikaganyeditse sengwe. Fa o palamela go atamela ditlhare tse, o ya go kganelwa ke mojako o o jelweng ka berebere. Ditlhare tse di dikaganyeditse mabitla a makgoa mme e bile le tsone di dikaganyeditswe ke terata e telele.

Fa o pagamelela go ya kwa morago, go na le mabitla a le mantsi a a ageletsweng, go a farologanya le a mangwe. Ntswa mangwe a sa agelelwa ka terata, o kgona go lemoga gore ke a masika ka jaana a bapisitswe a bo a beelwa difikantswe tse di tshwanang ntswa batho ba teng ba tlhokafetse mo dingwageng tse di farologaneng.

Fa o le moeng, o ka sala o ipotsa, mme fa o kile wa bala ka ditso tsa lebopo la Aferika, o ka gakologelwa nako ya Scramble for Africa kana motse mongwe yo ke tshabang go o bua ka leina, kwa e reng fela fa tonki e thulwa ke koloi, mongwe le mongwe yo o gaufi a ikgopelele serwe, go sale go bonala one moswang fela. 

Potso ke gore a kwa motseng wa bofelo wa Masokola, batshedi ba ne ba itlhophela gore ba ya go robatswa kae le tshika ya bone kgotsa jang? Gongwe ke ka moo Modimo o dirileng gore re se ka ra itse kwa mowa wa rona o yang teng fa o kgaogana le nama ka mongwe le mongwe o ka bo a ka itlhophela go ya go bapa le kokomane ya gagwe.

“...Masokola! O ntshwere jaanong. Ga ke tlhaloganye gore ka go reng go kgaogantswe, gongwe ke tumelo ya bone,” ga bua motshwarelela bogosi jwa Gammangwato, Kgosi Sediegeng Kgamane.

Kgosi Kgamane a re go lebega e ne ya re morago ga mabitla a a sena go segwa ke ba kabo ditsha, ga fitlhwa mongwe wa batho basweu. Mme go tsweng foo, Kgosi Kgamane ga a tshware sentle gore go ka tswa go tsile jang gore batho ba itshegele lefatshe mo mabitleng. O tlhalositse fa e ne e se mokgwa wa kgethololo, gongwe e ka tswa e ne e le pharologanyo ya tumelo le dingwao tsa go fitlha jaaka a ne a fa sekai ka fa kwa tlhogo ya moswi e lebisiwang teng.

Ka karabo ya ga kgosi e ne e sa tlhalose sentle ka ditso tsa thulaganyo e, Kutlwano e ne ya ya go batlisisa kwa modiring wa Khama III Memorial Museum, Scobie Lekhutile. A re mo dingwageng tsa maloba, go ne go le teng gore morafe o kgaoganye mabitla go ya ka dikgotlana tsa one.

“Mo Masokola mo ga Mmangwato, ke gone fa go nang le fa go neng go fitlhwa makgoa fela, go na le fa go fitlhwang bosister ba Roma mme ga ke itse gore tsamaiso e e ne e dirilwe ke mang ka jaana e setse e nyeletse,” a tlhalosa.

O ne a tlatsa mafoko a ga kgosi a gore pharologanyo ya dingwao ke yone e ka tswang e tlhotlheleditse tsamaiso e. Bao ba ba neng ba tla ba kopile boagedi ke bone ba ba neng ba fitlhwa mo diphatlheng tse di sa agelelwang. Lekhutlile o kgadile tsamaiso e ka jaana a re e senya lefatshe ka gore ba ba pelo ditshetlha ba itshegetse  lefatshe le letona, go beela ba masika a bone mme nako kgolo ke eno ntswa ba tlaa nna ba fitlha teng le mo nakong e e tlang.

A re ene tota tsamaiso ya go fitlha e a nang le kitso ka yone, ke ya dingwaga tsa bo1902 fa mabitla a ne a sa tshwaiwe, segolo jang a bogosi. Pele, tumelo e ne e le gore kgosi a fitlhwe mo lesakeng le le mo tirisong gore go se nne le ope yo o ka lemogang fa a beilweng teng. A re se se ne se direlwa gore batho ba se ka ba lemoga fa a bolokilweng teng ka tumelo ya gore fa ba ka mo gopela se se ka tsenya morafe phefo ka kgosi e ne e le ene pheko ya bone, e le ene tlhabatshe ya kalafi le tshireletso ya motse.

Fa a boela kwa Masokola, Lekhutile a re batho basweu ba sa ntse ba dirisa sekidi sa bone e bile ba a se tlhokomela. “Makgoa ba na le tsamaiso e e pharologanyo, ke batho ba ba ratang go tlhokomela mabitla,  ba a feela ba bo ba jale le dithunya tota. Rona fa re fetsa go fitlha, go a bo go fedile ka motho yoo mme re tlhokomele tse a di tlogetseng jaaka dikago le dilwana.”

Dipatlisiso mo go tsa maranyane a inthanete le tsone di supa fa batho basweu ba tlotlile go tlhokomela mabitla a masika a bone. Go tlhalosiwa fa ditso tsa batho bantsho ka bontsi di nyeletse ka mabitla a bone a sa tshwaiwa ka jalo bangwe go se ke go itsewe fa ba fitlhilweng teng. BOKHUTLO

Teaser:

Fa o le moeng, o ka sala o ipotsa, mme fa o kile wa bala ka ditso tsa lebopo la Aferika, o ka gakologelwa nako ya Scramble for Africa kana motse mongwe yo ke tshabang go o bua ka leina, kwa e reng fela fa tonki e thulwa ke koloi, mongwe le mongwe yo o gaufi a ikgopelele serwe, go sale go bonala one moswang fela...

Blog

Editors Note

Polling

Is online betting an alternative income stream or a risk

Is online betting an alternative income stream or a risk

Results

Yes, it is an alternative income stream.: 0.00%

It is a risk. : 0.00%

Not sure.: 100.00%