...Mofufutso wa phatla
Source : Kutlwano
Author : Ndingililo Gaoswediwe
Location : Gaborone
Event : Potsolotso
...Mofufutso wa phatlha
Polelo: Ndingililo Gaoswediwe
Dinepe: Gothusang Lesego
Fa o leba leungo la setlhare sa mowana, le thata, ga go motlhofo gore o le thube, mme fa o ka kgona go lethuba, ka fa teng ke makgasa a a phuthetseng boupe jo bo monatsana. Ditiro dingwe di ntse fela jaaka leungo le la mowana, o ka bona motho a tlhola a thinkgetse mo letsatsing, monko wa gagwe o fekeetsa le wa senkgisa monate mme e re fa kgwedi e fela, sekgwama sa gagwe se bo se kokoretse.
Ka kwa Kutlwano matlho a nna a dule dikgapheng, re ne ra utlwalela sengwe kwa maemelong a dipalamo tsa setshaba ka go farologana mme ditlhako tsa leba koo go itseela ka tsebe. Moono wa rona e ne e le go ya go ikopanya le borre ba ba berekang go kopantsha bapagami, ba ba rwalela dithoto kgotsa go ba supegetsa dipalamo tse ba di batlang.
Tiro e e dirwa ke borre, ba bontsi jwa bone e sa ntseng e le masogwana e bile ba se bakima ka tota yone e ka se kgonwe ke ba ba lwalang bolwetse jwa madi a matona, ka go tlhola go engwe go sa kgathalesege gore a go letsatsi, pula kana serame.
“Mahalapye, Palapye, Serowe. A re yeng bagolo!” ga bua Omphemetse Montsho, yo e neng ya re morago a lemoga fa re sa tshola beke ya mosepele, e re e tshotseng e le ya sekapa ditshwantsho.
Lekawana le la kwa Manyana, la bo le le makgabe a dipapetla go ka buisana le Kutlwano. Mo metsotsong e se kae, Montsho, yo o dingwaga di masome a mabedi le borataro, a kgwa setshwe, ke gone a bona sebaka sa go re gadima, a re tlhalosetsa fa tiro e a e dirang e le yone fela e e ka mo fang dikatso tse di botoka ka kwa sekoleng a feletse ka mophato wa boraro. O tlhalosa gore pele ga a simolola go batlela ba dibese bapagami, o ne a rekisa borotho jo bo tsentsweng nama fa gare le dinotsididi, mme ka a ne a le majato e bile a na le botsipa jwa go ngoka bapagami, ba dibese tsa Serowe ba dira tumalano le ene.
“Morago ga metsotso e meraro, bese e a emelela mme ke gatisa P20 mme fa kgwedi e wela ke salelwa ke madi a a ka tshwarang P2000 morago ga go reka tse ke di tlhokang,” a garela mosimane wa Mokhurutshe, pele a itlhaganelela go thusa bangwe ba ba neng ba tla ba tshematshema ka merwalo.
Ka e le tlwaelo gore diselammapa ga di ratane, tsa kwa maemelong a dibese tsone di a ratana, mongwe le mongwe o berekela mo nakong go batla bapagami go tsamaisa thekethe.
Moatshe Mogapaesi wa kwa Mochudi, o bolela gore o sale a simolotse tiro e ka ngwaga wa 1974, a thusana la ba dibese tsa Ramotswa. E re ntswa a tlodile dingwaga tse di masome matlhano, motho a ka se dumele ka namane e tona e lekana fela le morole o mosesane o e dirang le one. Ee, gongwe ke gore o dirwa ke gore madirelo a gagwe ga a letle gore o ka nna setilo ka jalo se se mo dire gore a nne a itekanetse.
Mogapaesi o simolola go theogela ka sethoboloko go fitlha ka nako ya botlhano maitseboa. Ene a re o pegela dibese tsa ga Mokoka fela, tse di yang GaMmabesi le Francistown. Bese fa e emelela, ene o latlhela P20 mo kgetsaneng ya gagwe mme fa bontsi bo tobetsa metshine ya mabotana e e kgwang madi, ene o a bo a ikgobokanyeditse madi a a fa gare ga dikete tse nne le tse tlhano.
“Ke itumelela madi a ba re a neelang, ke itheketse dipodi. Ke itshetsa ka one go reka dijo le go thusa ba ba gaufi le nna,” a tlhalosa jalo le fa bakgweetsi bangwe ba dibese ba ne ba mo itaya tsebe ka go eta ba mo tsena ganong.
Fa re hulara go leba Bophirima, ga bo go le motseletsele wa dikhombi tse di isang bapagami go anama le toropokgolo. Mme teng ga go bitswe bapagami ka bone ba nna ba ela fela jaaka metsi. Mme go na le morulaganyi yo o tlwaelesegileng ka la RaBuka.
Teng ra bo re le mo letsomong la ga Mosimanegape Mosiiwa, yo o diretseng fa dikhombing tsa Mogoditshane Route 2 ka lobaka. Ene polelo ya gagwe e ngomola pelo ka tota diemo tsa botshelo ke tsone di mo tlogedisitseng sekole le gore a felele a dira tiro e a e kayang e se na madi.
Mosiiwa yo o dingwaga di masome mararo le botlhano, a re o tlogetse sekole a dira lokwalo lwa bone ka ngwaga wa 1984 morago ga gore mmaagwe a ikele badimong. Rre yo wa kwa motseng wa Lekgolobotlo, yo o buang a wetse dibete, a re morago o ne a simolola go nna a etela mogolowe mo Gaborone, yo o neng a kgweetsa khombi ka a ne a lemoga ba a neng a setse le bone, ba ne ba mo dira lekgoba.
Ka ngwaga wa 1995, o ne a dira jaaka moduedisi mme e rile morago ga dingwaga di supa, bakgweetsi ba dikhombi ba mo kopa gore a di ba rulaganyetse gore ba pege ka tatelano.
“Ka letsatsi ke tswa ka lekgolo. Mokgweetsi mongwe le mongwe o ntuela P3 gangwe ka letsatsi mme ba bangwe ba ba pelotlhomogi gape ba itumelela tiro ya me, ba kgona go oketsa e nna ponto tse pedi le lesome,” a tlhalosa pele fa a re tlogela metsotsonyana go ya go netefatsa gore go pega mang.
Go ne go lebega re mo kgoreletsa ka ba ne ba mmitsa gangwe le gape. A re ba ba direlang mo dikhombing tsa mafelo a a tshwanang le Metsimotlhabe le Gabane, ba kgona go dira makgolo a mararo ka letsatsi ka tsone di le dintsi ka palo.
Fa Mosiiwa a re o tlhotse a berekile le ba le bararo ba a dirang le bone ke fa ka letsatsi go tsile dipagamo di le masome mararo.
Fa e le kwa maemelong a a kwa Mogoditshane a a reeletsweng ka lebentlele la Supa Save, o fitlhela ba goa boratheka lesesane go bitsa ba ba yang kwa mafelong a tshwana le Molepolole, Kopong, Mmopane Block 1, Mmatseta, fela jalo jalo. Le fa o tla o itheketse ditamatinyana ka ponto wa bofelo go ya go tswaisa moro, motho o tlaa bo a sale a go tseetse mophuthelwana oo gore o ye go palama sepalamo se a se batlelang bapagami.
Fa go setse go le maitseboa, e bile o le moeng o ka thanya le ba ba dinalanyana ba go etse nakana bodibeng ka ditsa gago.
E re ntswa go tletse thaka e tshesane, go mongwe o bidiwa Vietnam, yo bontsi bo setseng bo tsaya maemelo a a dipagamo jaaka ofisi ya gagwe. Vietnam, yo tota ene mmaagwe a mo reileng a re Thatayaone Setshogelo, o tsholetswe kwa Metlobo ka ngwaga wa 1981.
Re fitlhetse a itumetse ka a ne a itshietse matute a morara, mme tlhaloganyo ya gagwe ya bo e siametse go ka buisana le rona. Morago ga go tla sekoleng mo Gaborone ngwaga di le lesome le bone tse di fetileng, Vietnam o ne a tsalana le mongwe yo o neng a kgweetsa khombi. Ya bo e le gone jaaka mogwang o ile borwa, tshakala ya nna moduedisi lobaka lwa ngwaga pele a ya kwa a direlang teng.
“Ke theogela ka 11 phakela ke bo ke chaisa ka 8 bosigo mme morago ga go dirisa madi a mangwe, letsatsi le letsatsi ke ya lwapeng ke tshotse makgolo a mabedi.”
Kgwebo e lebega e tsweletse sentle ka le ba ba pegang ka dikoloi tse e seng tsa setshaba ba a lefa. Vietnam a re khombi e e yang Molepolole e sa pega sepe, fa e emelela o lebogiwa ka P20 mme fa e le ya modiro wa Sprinter ke P30, Kopong ke P10 fa dikhombi tse di yang mafelo a tshwana Metsimotlhabe, Mmopane le Gakuto tsone di duedisiwa ponto tse pedi le lesome mme fa yo o neng a pegelwa a lebogetse thuso e a e filweng, o kgona go oketsa. Ba ba pegang e se ka fa molaong ba leboga Vietnam ka P5 fa ba ya Molepolole mme Kopong ke P3.
E re ntswa bontsi bo itumela fa kgwedi e fedile, Vietnam ene o a bo a sa itumela ka a re nako e madi a kwa tlase lebaka e le gore bapagami ba a bo ba le bantsi mo maemelong ba sa latelwe. Fa re hulara, dipolelo tsa borre ba tsa bo di netefatsa puo e e reng phokoje go tshela yo o dithetsenyana. BOKHUTLO
Teaser:
"Mahalapye, Palapye, Serowe," A re yeng bagolo!"














