Go eng ka Beauty?
Source : Kutlwano
Author : Ndingililo Gaoswediwe
Location : Gaborone
Event : Potsolotso
Go eng ka Beauty?
Polelo: Ndingililo Gaoswediwe
Dinepe: Phenyo Moalosi
Ya thuntsha lorole koloi e tshweu, ya go ka bidiwa mmamoleane, ditsela tsa tsoketsega mme ya ya le tsone go fitlhela mosepele o felela fa sekoleng se sebotlana sa Gabane. Ntswa go ne go le letsatsi la tshipi, Beauty, mosetsana yo e reng fa o leba popego ya gagwe, a go gopotse pina ya ga Don B ya Bananyana ba Serowe, o ne a sa ya go obama.
A re amogela mo ntlong ya gagwe ya bodulo, e e kgabileng ka mebala e metala, bosetlha le wa namune. “Mebala e o e bonang fa, ke bommadibuseng, sometimes ke red, orange kana green. Le nna ke bright, mebala e a ntlhalosa ka e bile ke rata batho,” a tlhalosa Elsie K.T. Ntshonono.
E re ntswa a re o rata go retiwa ka la bonyana la KT, mo nakong e, la Beauty ke lone le mo tshwanelang ka le mo tumisitse. Ke Gofejane wa ga Mma Freddy, yo o tlholegang kwa Otse, le Albert Madazwa, yo o tswang kwa Mapoka mme setse a iketse badimong.
E re ka bomme ba tlaa bo ba ipelela kgwedi ya bone, Beauty a re tota ene o tshwenngwa ke kgokgontsho ya bomme. Lekgarejwana le la dingwaga tse di masome a mabedi le bosupa, la re bomme ka bontsi ba arametswe ke kgokgontsho mme ba sweletse gore fa ba tlogela borre bao, ba tlaa bonwa emang gape.
A re se se ka fela fa bomme ba ka iperekela go fokotsa go ikaega thata ka borre, le go dira gore ba itshepe.
“I am single, ke tsene sekole ke a bereka. Le koloi e o e bonang fa ntle e, ke ya me ke e itheketse. Motho fela fa a go tsenya letsogo, o tswe mma,” a tlhalosa jalo, ka bo ka gakologelwa mafoko a re a buileng fa re tsena, re ipotsa gore mantshwabisi o o neng o le fa ntle, o o rweleng matsogo tlhogong ole, e ka tswa e le wa moeka wa gagwe kgotsa jang? Babegadikgang o ba itse?
Beauty, o tsene sekole kwa sekoleng sa ithutelo borutabana sa Lobatse College, a dira dithuto tse di faphegileng mme thata a remeletse mo dipuong, a re motho o tshwanetse go nna le tebelopele le se a batlang go se fitlhelela.
A re ga go sepe se se botlhoko jaaka kgokgontsho ya maikutlo, e gantsi mo go yone, bomme ba kgobotlediwang ka mafoko. Beauty o kgothaditse bomme gore ba se lelele ditiro tsa mo diofising tse ba tlholang ba fokwa ke pheswana e e monatsana ya difetlhaphefo. A re diphatla tsa go oba letsogo di dintsi, fela jaaka ene a dira kwa sekoleng se sebotlana sa Gabane mme gape a eta a dira le tse dingwe.
A re o etse tlhoko gore bomme ba sa ntse ba na le nako ya go itlosa bodutu kwa marekisetsong a matute a morara, go na le gore ba fetise nako ka go arogana maele a dikgwebo ka e bile monogae ba le sego, puso e ba phuthololetse letsogo ka mananeo a mmamphula ke ntse.
Ka go rata dikgang jaaka Big Brother, Beauty o ne a iphitlhela a tshwanelwa ke go bua ka monna wa pelo ya gagwe. “Monna wa me ke mo rata gore, o kae ne tota?” a simolola ka go sa bua ka tlhwoafalo pele a tlhalosa fa ene a batla rre yo o nang le maele a botshelo e bile a le matlhagatlhaga mo go tsa dikgwebo. A re ene ga a na kgatlhego mo go rre yo o tlaa bong a mo tlela ka ditlankana tsa di dithutego mme di sa tsholang sepe sa botshelo.
A re fa a bone rre wa ditoro tsa gagwe, ke gone a tlaa simololang go tshola bana, e bile o letsa ba ka nna bane. “Ga ke na ngwana, fa ke ka bo ke na le ene, e ka bo e se ka ditin le matlapa fa ntle fa, di ka bo di bolaya motho. Ga ke tshamekise madi ke reka ditoy, a ba etse nna, ba tshameke ka ditin.”
A re o lemogile gore borre bangwe ba imetsa bomme morwalo wa go godisa bana ba le bosi, ka jalo o tlaa emela go tsena mo nyalong pele ga a tshola bana, mme o dumela mo go bone, go tlaa na le mma motse. A re bana ba ba tsholwang ke batsadi ba sa nyalana, ke bone gantsi ba tshabelelwang ke kgokgontsho. Modiragatsi yo o tlhalosa gore bana ba ba godisiwang ke borre ba e seng borraabo, ba tshabelelwa ke mohoholela wa go kgokgontshiwa. Beauty o ikaya fa a amule metlae mo go mme mmaagwe mme ene a ikaelela go gweba ka yone. Tota ene o dumela gore bodiragatsi ke talente, e gantsi e tlhotlhelediwang ke dilo tse di mo tikolong ya motho mme e tlhokana le motho yo o itlho le ntshotsho. Fela jaaka Beauty wa mo motshamekong, Elsie o rata fa go nnang go tshegiwang teng le metlae ntswa diemo dingwe di mo dira gore a tlhwaafale.
E re ntswa le fa a sa ya sekoleng sa metlae, a re o fa a leng teng ka ntlha ya mookamedi wa gagwe e bong Fenny, yo o mo rutileng go tlala ka diatla le modiri wa kwa lephata la banana, metshameko le ngwao, Christain Mmusi, yo o neng e le morutuntshi wa gagwe wa go ngangisana fa a tsena kwa sekoleng se segolwane sa Tlogatloga. Beauty a re ba simolotse bodiragatsi fela jaaka bana ba tshameka kwa mantlwaneng, a re ba ba nang le toro ya go itshetsa ka ditlhamo tsa bone, ba dire tse di ka kgonang go phunyeletsa mmaraka lobopo ka bophara.
Mo metlaeng e a e diragaditseng, Beauty a re ga a kitla a lebala letsatsi le Rex a neng a tsile go mo gapela dilwana ka a ne a sa duela madi a go hirisa ntlo. O tlhalosa go re, “Ke e shapile tota eo, go ne go iwa.” BOKHUTLO
Teaser:
Fa o re o tshwara se ke Beauty, mo dipalamong tsa setshaba ke Beauty, fa ba koporase ya motlakase ba kgaola motlakase maitseboa go le Mosupologo, selelo ke Beauty! Beauty! Beauty! Bukana ya Kutlwano ya se ka ya batla go nna phokoje wa morago ka tota magang e le maganggang fela, bangwe ba ipotsa gore a modiragatsi yo ke rametlae kgotsa mma metlae. Dilo tse!













