Kgang yame le Motamma
Source : Kutlwano
Author : Ndingililo Gaoswediwe
Location : Gaborone
Event : Potsolotso
Aferika e khutshwafatsa toro ya ga Motamma mo “The Chase”
Morago ga malatsi a le masome a mabedi le bosupa, lekgarejwana la mono gae le ne la ntshetswa ntle ga motshameko wa Big Brother Africa, o ngwaga ono o biditsweng The Chase. Mmega dikgang wa Kutlwano, Ndingililo Gaoswediwe (NG) o ne a buisana le Motamma Sesinyi (MS), go utlwa mahatlha a gagwe.
NG: Dumela Motamma.
MS: Ee mma.
NG: A ko o intlhalosetse, ke kopa go itse gore tota Motamma ke mang.
MS: Ke ngwana wa ga Kelebetse Mmajobe Ndubano le Andrew Ndubano. Ke tsholetswe kwa Mahalapye, mme ke tlholega kwa kgotleng ya Basimane boora Boiditswe kwa Serowe. Ke goletse ka bo ka tsena sekole mo Gaborone mme ke godisitswe Setswana. Ke motho yo o ratang bommabontle le go supa dilwana gore di rekwe ka go nthuta go bua le batho, setho le go bua ke totobetse, ke sa tlhabiwe ke ditlhong.
NG: Tota leina le la Motamma, le raya eng?
MS: Ke reeletswe ka mmaagwe nkuku mo letlhakoreng la bomyfather. Nkuku Motamma ka a ne a le lebole, o ne a tsere my dad kwa morakeng, a mo tsenya sekole mme a tswa ka tse ditsididi go fitlhelela a ya go bereka kwa Debswana. Ka go tlhoka lesego, Motamma o ne a tlhokafala pele ga my dad a mo leboga ka dikatso tsa gagwe tsa kgwedi ya ntlha mo tirong. Ka nako eo, ke ne ke solofetswe mme ka tewa leina Motamma. Mongwe wa barutabana ba me o ne a ntlhalosetsa gore Motamma go tewa fa batho ba merafe e e farologaneng, ba nna mo lefelong le le lengwe.
NG: Fa re okomela tsa kwa ntlong ya ga Biggie, o ka tshwaela eng ka go ipala mabala a kgaka le dikopo tsa manyalo magareng ga batshameki?
MS: Seemo kwa ntlong ele ga se tshwane le fa re le kwa ntle, re tshela botshelo jwa rona jwa malatsi otlhe. Batho ba a ratana ka gore ba bonana ka dinako tsotlhe mme fa ba tswela kwa ntle ba kgona go boela ditshwetso tsa bone morago. Go ratana mo go bakwa ke gore batho ba laolwa ke maikutlo. Bomme ke batho ba ba kgonang go rata mme fa gongwe go nna thata gore o itse gore mo motshamekong o tshwana le o, a motho o a bo a go rata kgotsa e le mangwe a maano a go ipaya mo bontleng jwa go fenya. Ka mabaka a, nna ke le Motamma, ke tsene kwa ga Biggie ke se na maikaelelo a go ratana.
NG: A fa o ka fiwa sebaka sa go boela mo motshamekong, re ne re ka bona go na le mongwe yo o ka go gapang maikutlo?
MS: Nnyaa mma, le fa ke ka boela, ke ka tswelela ke tsaya borre fela jaaka bokgaitsadiake. Le fa maikutlo a ka feretlhega go le kae, ke ka a gatelela ka gore o kgona go tsiediwa ke motho, a ipua bontle, o bo o wela ka pelo ya gago yotlhe, e re o tswela ntle, o bo o lemoga gore o ne a tlogetse mosadi le bana kwa gaabo.
NG: Mo dilong tse o di lemogileng le tse o di ithutileng kwa ntlong ya ga Big Brother, ke sefe se e leng gore le fa o setse o le letlhogotshweu, o tlaa bo o ntse o se gakologelwa?
MS: Go nna mo ntlong e le nngwe le batho ba dingwao tse di farologaneng le setho mme tsotlhe di tlhomilwe matlho ke dikapa ditshwantsho bosigo le motshegare.
NG: A o ka re bolelela ka sengwe se e rileng o le kwa ntlong ya ga Biggie, wa se bolelela babogedi mme ya re morago o bo o lemoga fa o ka bo o sa se bua ka e le sephiri se se kwa teng?
MS: Ga go sepe fela. Mme nako nngwe go ne ga batla go senyega kwa ntlong, bangwe ba sa itumedisiwa ke motshameko mongwe. Nna le Melvin, re ne re botsolosa ba bangwe ka botsalano jwa bone, Feza le Elikem ba ne ba se ka ba nna le bothata le dipotso tseo mme Annabel le Angelo ba ne ba a ja magala, ga tsoga tlhatlharuane.
NG: Ao mma Motamma, wa kgona jang go fitlha kgang e e monatenate jaana, ke eng o ne o sa re bolelele gore o ya BBA?
MS: Ka gore ke ne ke setse ke rurifaditse tumalano, go ne go se na ka fa mosi o ka tswang ka sekhurumelo ka teng. Ke ne ka ya ditekeletsong makgetho a mararo mme go se na ope yo o itseng, le fa e le mama tota. Fa ke ya Aferika Borwa, ke ne ke tlogela dipampiri dingwe mo kamoreng ya me ke di lotleletse gore fa ke ka nna le mathata, botsadi bo nne le se bo ka latedisang motlhala wa me ka sone.
NG: Biggie o rata thata go tshameka batho mmampudulele, a sa ba bolelele gore ba nne ba phuthe merwalo ba e bofe, ka ba a bo tlhophetswe go boela gae, wena seemo se se ne se go tsaya jang?
MS: Ke ne ke setse ke dupile sengwe pele ga Sontaga mo go Annabel, yo a neng e le moetelepele wa ntlo mo bekeng eo. O ne a palelwa ke go lebaganya matlho le nna, gape a kile a nthaya a re ga se gore fa ke utlwana le batshameki ka nna ke gore Aferika o a nthata.
NG: A o raya gore o dule fela Biggie a sa go latlhelela sepe fela, tota?
MS: Nnyaa, ga go a nna jalo, re duelwa ka didollar, beke le beke fa re le mo ntlong, re latlhelelwa sengwe. Dikatso tse di simolotse dibeke tse pedi pele ga ke tsena mo ntlong mme fa motho a nna lobaka mo teng, madi le one a a oketsega.
NG: Ke a leboga Motamma. BOKHUTLO













