Tlhokomelang Dintsa…

Source : Kutlwano

Author : Kutlwano

Location : Gaborone

Event : Kakgelo

Go ne go le moso, serame o ka re ke gone se gakologang. Nkuku a bo a biditse monnawe gore ba tle go bua le Nkgonne. “A wa re o ya sekoleng kwa Lontone?” Rapula a botsa. Nkgonne a araba ka go kutumisa tlhogo.

 “O mo diketong, ga e ka ke ya re o bona gore batho ba ba maswe jaana, wena o bo o re o ya sekoleng kwa Lontone, ba ka   go phatlakanya ka sefofane, nna ga ke batle go loiwa rra,” a ipoeletsa. Kabelo a sunetsa, kgantele keledi ya rothela fa fatshe.

“Tota ke eng re sa mo lese a tsamaya, re tla a re o ile go disa kwa Kgalagadi,” mosadimogolo a botsa.
 

E re kgang e sa ntse e ile magoletsa jalo, ka tsosa tlhogo ka nwa pilisi ya ntlha, fa ke re ke baya tlhogo, lentswe la utlwala kgakajana. Ka tsosa tlhogo ka nwa molemo, ya ne e kete ga ke utlwe sentle.

Fa ke re ke reetsa ka tlhwaafalo, setlhabi sa ntsepa fa gare ga magetla sa bo sa fologa le mokwatla, sa feta sa ikgara mo nokeng, tlhogo ya wela fa fatshe, ka bo ka palelwa ke go nwa lebotlolo le lengwe la molemo. Ka tloga ka itseneka…. hee! ke ratile go swa...lentswe le mogwanto wa motsamao tsa atamela…
 “A mekgau eo ya lona le e golegile?” ka reetsa ka tlhwaafalo. “Golegang mekgau eo, ke tsile go le tlhola e ka tloga ya ntoma,” Lentswe la utlwala e le la ga Otlaadisa, “Tota o a bo a ya kae, motho yo o modumo yo,  kana o ya  go nkokeletsa ditlhabi,”  Semetse ya ne e kete e mo utlwile, ya ema ka dinao, o ka re e itse bokao jwa mafoko a a neng a tla le phefo.

A tla jalo ka mekgosi ya gagwe…a ne a tlhabeletsa pina, go besa ga gagwe o ka re ga motho a kgobola mogoshane. “Tota o a bo a kgotshe eng Otlaadisa a re tena jaana?” mosadimogolo a botsa.

Ya re fa a lebile mojako.. a goa, “monna Kabelo ga twe o ya sekoleng kwa Lontone?” Fa Kabelo a sa ntse a re o a araba, Mosadimogolo a rata go  ja Otlaadisa nko e sa butswa. 

“E le gore ao o a tsaya kae, motho yo o ya go disa kwa Kgalagadi, tseo tsa dikole ga ke itse gore o di tsaya kae,” Otlaadisa ya ne e kete ga a a mo utlwa, a itlhokomolosa kgang eo. “jaanong o o robetseng o ke mang,” a botsa.. “Ke Mothusi, ga a tsoga” mosadimogolo a araba.

A tsamaela ntlheng yame..fa a re o nna mo setilong, a semetshe tswa fa kae, ya inakanya le ene. A re o le botsa phokoje, phathaphatha ya rolega a sia ka e le engwe a dikologa ntlo.

Fa ere e mo kapa leoto o tlolela kwa godimo mosimane o motelele,ya mo fosa yasala ka phathaphatha e nngwe. Ba kobakobana, mosadimogolo o kile a re fotsheke semetshe, ya gana go utlwa. Bananyana ba sekole ba ema fa tseleng ba ingatile ka ditshego.

Fa o re o tlola terata yam o tshwara ka leoto la borokgwe. Ya mo tswatswaila, a ingaparela ka tereta. Semetshe ya seka ya ineela kgabagare a sitlhamologela fa fatshe. A

galaotega o kare pudi e tlhabiwa. Yam o tshwara ka leoto la borokgwe. Ba sokasokana. O kile a re ntle! Ya gana go molesa.

Kgabagare lepai la  borokgwe la somoga semetshe ya sia ka lone.

Fa e le Otlaadisa ene a sala a le sheleng. Go mo tsere metsotsonyana go lemoga gore koko di ja momela. Tota fa ene e se ka bananyana ba sekole e ka bo a sa lemoga sepe. Hee!  a motho yo Otladisa ga a itse gore go na le borokgwe jwa ka ko teng. Nnyaa ka re a sala a le moshampa.

Semetshe ya lemoga fa e tshotse lepai la borokgwe ya kgweloga Otlaadisa a tlola tereta a le botsa phokoje. Semetshe ya namalala le terata, e mo tshela leshalaba.

A kgopiwa a sitlhamologela fa fatshe.

Kgabiso a bo a ne a tswa go tlhapa moriri. Ka nako e o ne a le mo phaposing ya gagwe a ikama, seipone e le se setona. A ne a o busetsa kafa kgantele a o phetsola. Tota o ka se itse gore a re o batla o reng. Mosese o ne o le mo bolaong, e le gore fa a fetsa ke gone a tla a bo a o latlhela, ka nako e o ne a sa ntse a ipela ka bothakga jwa mmopi.

O kgatlhantshiwa ke go bona monna a le moshampa a tsena ka lobelo le le kalo mo tlung. A seka a re kamoso a le botsa phokoje, a tlhaba mokgosi. “ijoo Ijoo sebeteledi, ijoo ijoo sebeteledi,”

Ba gana baagisanyi gore a ba lesa ngwetsi ya bone e dirwa jalo. Ba omoga ka dibetsa tsothle tse o ka di akanyang. Ya re fa kokoanye fa pele ga ntlo jalo, ke gone Mmaago Mmantsho a tla. “Heelang ga re motho yo ke Otlaadisa o ratilwe go bolawa ke ntsa.

O tla jaana a sia,” Ka nnete ba mo ntsha mo tlung. Kgabiso a mo okega ka borokgwe jwa ga rrabo. A wela tsela.
Bokhutlo

Blog

Editors Note

Polling

Is online betting an alternative income stream or a risk

Is online betting an alternative income stream or a risk

Results

Yes, it is an alternative income stream.: 0.00%

It is a risk. : 0.00%

Not sure.: 100.00%