Lehuma le a itlhotlhorwa

Source : Kutlwano

Author : Ndingililo Gaoswediwe

Location : Chanoga

Event : Interview

Gantsi fa Batswana ba bua ka lehuma, ba le amanya le nta.

E re le ntswa mo nakong eno dinta di se motlhofo go bonwa, tumelo ke gore fa motho a le mo seemong se a sa kgoneng go ipeela moritinyana wa go ka latsa tlhogo mo go one, go ithekela diyamaleng, diaparo, le fa e le one moloranyana wa go  tsokotsa makgasanyana  a e kileng ya bo e le diaparo, o a bo a le mo lehumeng la nta ya tlhogo.

E re le fa o leba fa leisong, o tlhoke  le lone logong lo lo ka kolopang ntsa. 

Seemo se, ga se jese puso diwelang ka jaana se isa seriti sa ba ba amegileng kwa tlase.

Fela jaaka nta e se motlhofo go bonwa, jaanong puso e boloditse ntwa ya go nyeletsa tshika ya mofuta wa lehuma le e reng fa moeng a kokota, e bo e nna lone le mo amogelang.

Go lwantshana le mmaba yo, puso e tlhamile lenaneo la nyeletso lehuma.

Mogobagoba o wa go timetsa motlhala wa lehuma la nta ya tlhogo o kgweediwa ke tona wa tsa merero ya ofisi ya ga Tautona le bodirelapuso, Rre Mokgweetsi Masisi. Fela jaaka ina la gagwe, o kgweetsa ka masisi gore go se nne le ope yo o salelang morago ka jaana thuto e e sa ntse e le tonto tshipidi mo go ba bantsi. 

Diphuduhudu, Chanoga, Sehunou, Dikhukhung le Damochujenaa, ke mengwe ya metse e motlhala wa mogobagoba wa ga Masisi o sa ntseng o bonala mo go yone.

Kutlwano e ne ya sala motlhala mongwe morago mme wa ya go wela kwa Chanoga, motsana o o sekgala sa dikhilomithara di ka nna masome a matlhano go tswa kwa Maun. 

Dipalo tsa ngwaga wa 2011, di supa fa motse o o na le batho ba le makgolo a mararo, masome mane le bosupa. Malwapa a motse o a katologane, fa matlo ka bontsi e le a mmu.

Motshegare ga go motsamao o montsi ka batho ba a bo ba ile go theogela kwa Ipelegeng, fa diruiwa di a bo di ile phulong. Go gasama ga dibi go supa fa motse o o ikaegile mo thuong ka jaana temo e koafadiwa ke letlhoko la pula.

Mosetsanyana Itemogeng Losang, ke mongwe wa ba ba nnileng sego ka go iponela maroba a le lesome le bone le phoko.

Pele ga a simolola thuo e, Losang yo o dingwaga di masome mabedi le bongwe, a re sa gagwe e ne e le go tlhola a lwela meriti le bommantseane e bile a ne a se na sepe se a ka se supang.

Mo nakong ya puisano le Kutlwano, dipodi tsa ga Losang di ne di atile ka tse tharo, palo e motho a ka reng e ne e emisetsa tse tharo tse di neng di bolailwe ke bolwetse, fa e nngwe e jelwe ke bophokoje.

E re ntswa go na le dikgwetlhonyana tse di ka se opiseng tlhogo, Losang a re katlego ya dihutshane tsa gagwe ke sesupo sa gore o tlaa oba letsogo.

Mo mosong fa Losang a bolotsa kwa morakeng wa Xaega, kwa Chanoga, Daniel Boy, Dimakatso Motho, Matron Rammokolodi le Olebogile Sekewa, ba a bo ba sale ba kubugetse kwa madirelong a bone a a dirang marotho ka go farologana.

Pele ga bone jo bo simolola Maikano Bakery, ba ne ba dira mo Ipelegeng le go rekisa dimonamone.

Bone jo, bo dingwaga tse fa gare ga masome mararo le bongwe go ya kwa go bosupa, mme  jwa re bo nnile sego go anywa mo lenaneong la puso la go nyeletsa lehuma.

Motho o tlhalositse fa puso e ba reketse didirisiwa di tshwana setsidifatsi, setofo le metswako ya borotho mme fa ntlo e ba direlang mo go yone ba e hirisa makgolo a mararo le botlhano mo komiting ya ditlhabololo tsa motse. 

E re ntswa tsotlhe di simolotse di apere tshiamo, sebe sa phiri ke gore theko e ile tlase fa letlhoko la metsi le lone e le sekgoreletsi.

Ka maano a botshelo a sa site, go sita a loso, e bile bone jo bo itlamile, morago ga go apaya borotho ba tsamaya le motse ba rekisa. Tsholofelo ke gore seemo se tlaa tokafala ka ba simolotse go rekisetsa sekole se sebotlana le gone go leka go phunyeletsa mmaraka kwa Maun.

Leloko la komiti e e tsamaisang ditlhabololo tsa motse, Mme Anastacia Kavezeri, o tlhalositse fa batho ba le lesome le bone ba filwe dipodi, a le mongwe semausu mme ba tladiwa ke ba Maitlamo Bakery.

“Go ya ka nna, fa mananeo a a ka tlhwaafalelwa a ka re isa  golo gongwe.

Sekai, batho ba tshwana le ba Maitlamo a ba rutiwe ka tsa madi. Le rona re le bogogi jwa motse, a re tsenngwe re nne le seabe mo go lebeleleng tsamaiso ya mananeo a,” a tlhalosa jalo a inamisitse tlhogo go tila mokapa ditshwantsho.

Go ya ka Masisi, Botswana o tsere boipuso e le lengwe la mafatshe a a some a a neng a humanegile, lefatshe ka bophara.

E re ntswa mo nakong eno go nnile le kgolo mo go tsa itsholelo, seemo sa ba ba tshelelang mo lehumeng la nta ya tlhogo se kaiwa se le kwa go 20.7 per cent, mme  puso e tlhalosafa palo e e le kwa godimo thata. 

E re ntswa go sa ntse go na le dipalopalo tse di ikaegileng ka mananeo a batlhoki, Masisi a re maikaelelo ke go fedisa lehuma mo go ba ba se nang bogole. 

Mo nakong eno, batho ba ka nna dikete di le masome a matlhano, ba setse ba le mo mananeong a nyeletso lehuma fa puso e le mo lobelong lwa go atolosetsa mananeo a, go  batho ba ka tshwara dikete tse pedi.

Mo lobelong lo lwa go tsenya mmaba ka lebitla, puso e tsweletse ka go tswa ka maano a tshwana le tomagano le makalana a a ka thusang ka methale ya go boloka merogo fa Batswana bone ba tlaa nna ba nosediwa ka dithuto tse di farologaneng tsa methale ya go itshedisa. Bokhutlo

Blog

Editors Note

Polling

Is online betting an alternative income stream or a risk

Is online betting an alternative income stream or a risk

Results

Yes, it is an alternative income stream.: 0.00%

It is a risk. : 0.00%

Not sure.: 100.00%