O ikgata motlhala Mogatusi...

Source : Kutlwano

Author : Baleseng Batlotleng

Location : Gaborone

Event : Interview

Erile fela ka kgwedi ya fa maru a lwala, ngwaga ole wa 1984, a bo a goroga gone fa mo dikagong tsa seromamowa.

Morago fela ga dingwaga di le masome mabedi le borobabongwe mme ebile a lebile kgwedi ya Lwetse ka matlho, o a bolola morwa ntsa e jele ntswanyana, kgabo sedibelo o ya go batla `kunyana tsa go iphitlha.

“ Ke sale ke tlhatlhetse dikgomo tsa kwa ` a etsho monna nte ke yo `o di bolotsa. Nnyaa mme ga ke a latlha ope. Fa mongwe a ka nthaya a re ema fa ke a ema,” a rialo Mogatusi wa ponto le sheleng.

Kwapa ke mongwe a mabutswa pele a seromamowa sa setshaba, Radio Botswana, yo go sa tlhokafaleng le tlhaloso epe e e tseneletseng go gadima kwa morago go bona se a se ipetletseng fa a tswang teng .

Tota go goleng ga gagwe e santse e le lekolwane kwa ga Morwa, kwa Rre rraagwe, Lebeko Kwapa a belegwang teng, ga a ise a ko a nne le toro ya go ka gola go fitlhelela a nna mogasi wa seromamowa wa tlhwatlhwa.

“ Ke disitse thata, Dikgomo le dipodi go kopakopane. Ga ke ise ke nne le keletso ya go direla moseromamoweng go fitlhelela fela ke gola ke fetsa sekole ka bo ke simolola go nna ke samile welese ke reeditse bokgeleke jwa bangwe ba ba neng ba dira gone fa,” a tlhalosa ka monyenyo wa gagwe wa gale le gale mme a eta a tsutsubanya phatlha e jaanong e setseng e phatsimisiwa ke go buela ruri a le nosi ntswa re tsere kgang e mmogo.

Mogatusi o tlhalosa fa a tsholetswe kwa Morwa ke Lebeko le Mme Segametsi Kwapa yo ene a tlholegang kwa Modipane. “Ke dingwaga tsele tsa bogologolo. Ke simolotse sekole kwa kerekeng ya Dutch Reformed ka gore go ne go se na dikamore tsa borutelo.

Mme re ne ra tloga ra fudusiwa. Ka feleletsa ko Molefhi gone ko Mochudi kwa,” a tlhalosa Kwapa. Bangwe ba barutabana ba ba mo sugileng ba a ba gakologelwang jaaka a ka gakologelwa palo ya menwana ya gagwe ke morutabana Stokie Makgale, yo o neng a tlwaelesegile thata ka leina la Mma Boiki.

Yo tota a mo gorositseng kwa sekoleng se sebotlana ke mme Mma Alice Moje yo Kwapa a feletseng a lemoga gore le batsadi ba gagwe tota ba fetile ka diatla tsa gagwe.

Mongwe wa bagasi ba erileng fela fa Mogatusi a tlhalefa a bo ba le gaufi thata le pelo ya gagwe ya nna Rraagwe Malaakatse, Geoffrey Motshidisi.

Kwapa ga a kgale mathe ganong fa a bua ka Motshidisi, “Ha o reeditse Motshidisi nako eo o ne o sa kgale go nyenya mme ebile e ne e le mongwe wa bagasi ba ba dinyao thata mo tirong. E ne e re ha ke kgaboletse kwa masimo a bo ke nna ke bapile le welese ke dira ditiro tse dingwe tsa mo gae.

Yo mongwe ke Motshegetsi Phemelo, e ne e re a di phamola fa ditshipi a bo ke itse fa mmino e ya go nna matsorotsoro, ke gakologelwa gape le Margaret Motlatshiping yo o neng a tlwaelesegile ka leina la Nnananyana (gompieno ke motsamaisa dipuisanyo tsa Palamente).

Ke mongwe wa bagasi ba e neng e le gore dipuo tsa gagwe di ne di go baa ha thoko ga welese motshegare otlhe.” Tota mme tiro e e ne ya nna lone lesego la Modimo. Bokopano jwa ga Mogatusi le mongwe wa bakatisi ba bagasi ba Seromamowa Robert Beaumont e ne ya nna jone tshimologo ya Katlego yotlhe e e neng ya mo sala morago.

Samuel Mbaiwa, yo e saleng e nna tsala ya gagwe malatsing a bone a Tirelo Setshaba, o ne a mo laletsa go tla go iteka lesego mme a aatlega.

Ya re fela ngwaga morago ga go thapiwa a bo a setse a neetswe ditomo.
“ Ke fitlhetse Mogorosi Baatweng mo a le mo moweng mme ka mo lebelela.

Ke bo ke ipotsa gore ene Mogorosi wa dipinanyana tsa sekgoa ke abo ke tla kgona tota? Ke tsene le ene malatsi a le mabedi fela ka bo ke neelwa Joshua Poloko, ka tsewa ke Lesole Obonye malatsi a le mabedi mme la bofelo ka neelwa Kgabo Modibedi. Ya re ke ntse ke na le ene Motshegetsi a bo a ya tiriping ko ntle ga Botswana ka tshwanelwa ke go mo tshwarelela mme ka tshwarela ruri,” a tlhalosa Mogatusi.

Jaanong bokgoni jo bo kanakana jwa go tlhaloganya puo ya mmino wa Mqashiyo bo tswa kae? Mogatusi o ne a nnelwa ke Rraagwe Lebeko fatshe mme a mo ruta Sezulu. Ka e le motho yo o tswang kgakala a rata ngwao ya Setswana, ya re a goroga mo seromamoweng a feta a kgatlhega thata ka botswerere jo Billy Mokgosi a neng a tshegeditse thulaganyo ya Dipina le Maboko ka teng.

Mokgosi o ne a e tsaya mo go Nelson Leepile yo le ene a dirileng dikgatiso tsa thulaganyo ga mmogo le Batho Molema mo dingwageng tse di fa moragonyana, nako tsa bo `kgeleke tsa puo le kanamiso ba tshwana le Modise Matlapeng.

Gone mme ka fa a e tlhaloganyang ka teng pina ya Setswana, a Mogatusi o kile a nna fatshe le `kgeleke tse tsa pina tsa mo tlhalosetsa puo ya bone?

“Ke kile ka kopana le Ratsie Setlhako ke santse ke le mosimane ke tsile lebaleng legolo la metshameko le ene a tsile go letsa. Ke ne thata ke eletsa go bona rre yo ke neng ke mo tlotla thata ebong Tshetlha Leile Dinyao (yo o tlwaelesegile thata ka pina ya Sekoti).”

Ntswa go na le dinako tse dintsi mo botshelong jwa gagwe mo seromamoweng tse a tlaa di gakologelwang thata, Mogatusi o santse a gakologelwa thata Frasers Cash and Carry Festival ya 1986 e santse e le setlaboshwane mme a neelwa marapo a go gasa ka tlhamalalo a na le Lesole Obonye.

Thulaganyo ya Kalola Matlho yone a e simolola ka 1985 a na le Wamorena Ramolefhe mme ya seka ya itumedisa bagolowane, Ka jalo a ya go batlelwa ba ba neng ba setse ba tlogetse tiro mme botsipa bo tshephiwa. Ga tliwa ka Patrick Masimolole le Justice Baleseng, ba ba neng ba setse ba tumile.

Baleseng o ne a tlwaelesegile ka thulaganyo ya mmamoratwa ya Thibang Diphotlha e le ya temo-thuo.

Nngwe ya dithulaganyo tse Mogatusi a itseng fa di ne di le gaufi thata le pelo ya gagwe e le ya O Sethakga Jang Rrakoto-le-a-kgwetlha, e tshwerwe ka botswerere ke mosimane wa Mokgatla, Kgosietsile Mmamapilo.

Mongwe wa mabutswa pele a seromamowa sa Botswana, Riecks Morake o ne a na le tshepho le tumelo mo go Mogatusi mo a neng a mo neela thulaganyo ya dikhwaere el e yone thulaganyo ya ntlha tota gore a e dire a le nosi go fitlhelela a tswa a ya sekoleng kwa Zimbabwe. 

Kalola Matlho ya nna selo modiro ngwaga le ngwaga jaanong Geoffrey Motshidisi le Geoffrey Pheko ba buile kwa go itapoloseng ba e tshwere sentle. Mme e re a laela jaana, Mogatusi a supa matshwenyego.

“Ka fa ke lemogileng ka teng there is just no adherence to broadcasting principle.  Ke sone se o fitlhelang go nna maduo fela a a kwa tlase in the production.

Batho ke ba ba rata go bua jaaka batho ba mafatshe a sele. There is just no originality. This results in very low standards of production.”

Mme fa a ya gae a ya go iketla jaana, Mogatusi ke motho wa go rata go bala ka kgololesego ya Ma-Afrika go akaretsa ya ga Chris Hani, Samora Machel le The Assassination of Herbet Chitepo.

Mme pelo ya gagwe tota e mo mminong. Fa bana ba balelwa Bed Time Stories, Mogatusi Kwapa o itheeletsa Soul Brothers le Don Williams a ba a thulamela boroko kgorr!. O rata bogolo jang pina ya ga Don Williams ya mmamoratwa Standing Deep in the River, but dying of thirst”.

Moreetsi wa Seromamowa sa Botswana,
O foo ke fano!

Ke Mogatusi Kwapa a reng salang! Bokhutlo

Teaser:

Owaii… O tsamaile!
Owaaiii... O itsamaetse mosimane wa magata-a-gatoga
Mosimane wa pheta ka pejana
E tsamaile namanyane ya mafiri
Phologolo phologa mariteng
Phologa mariteng a tshwene tse ditona
E phologile bosigo bosele
E kgokologela kwa nokeng e ntsho Ngotwane
E gopotse go tsaya metsi a pula
E katakatile ka sa mmamorago phologolo e e mogatla o letshoba
Mogatusi Kwapa…. Ee!!.... Ene Rraagwe Mosarasarane ka sebele-bele!
 

Blog

Editors Note

Polling

Is online betting an alternative income stream or a risk

Is online betting an alternative income stream or a risk

Results

Yes, it is an alternative income stream.: 0.00%

It is a risk. : 0.00%

Not sure.: 100.00%