Mohembo...Mawelana a botlhaba le bophrima

Source : Kutlwano

Author : Ndingililo Gaoswediwe

Location : MOHEMBO

Event : Interview

Mohembo ke lengwe la mafelo a e reng fa go tshwerwe ditlotlo ka lone, mogopolo wa motho o lomaganye setshwantsho sa motse o tshwana le Ramokgwebana kgotsa Ramatlabama.

Se se dirwa ke gore fela jaaka metse e mebedi e, Mohembo o mo mololwaneng.

Nnete ke gore Mohembo ke metse e mebedi e e ralalwang ke noka ya Okavango. Metse e e pharologanyo go simolola fela ka ditsa tlholego le tse di itiretsweng. Fa o le moeng ga go motlhofo go lemoga fa Mohembo Bophirima a le mo lotshitshing lwa noka ka dimela di sa itshupe.

Kgosi Manyima Mothathelo a re ga a na kitso ka botlalo ka ditso tsa motse wa gagwe ka a tshotswe a fitlhela motse o o reeletswe ka noka. Mohembo Bophirima a kgaogantswe ka dikgotlana tsa Samakwakwa, Nxomokao le Tani fa baagi e le Basarwa le Bambukushu.

Kgosi a re se se dirileng gore go bo go na le Mohembo Botlhaba le Bophirima ke go bo ba raletswe ke noka e seng sekgopi sepe fela.

Motse o, o o nang le batho ba ka tshwarang sekete le makgolo a robabobedi, o tlhabologile ka o na le sekole se sebotlana, kgotla, mapodisi, kokelwana le tse dingwe ditlamelo tsa botlhokwa. Morafe o tlotlile dikago tsa segompieno ntswa matlo a setswana a bonala fale le fale.

Go lomaganya metse e, puso e ntshitse pantuni e e tlhofofaletsang batho mesepele. Goya ka mongwe wa bakgweetsi ba pantuni, Dikumbiro Makaeko a re o simolola tiro mo mosong metsotso e e masome mararo morago ga nako ya borataro go fitlha nako e gape maitseboa.

Go tswa Mohembo Bophirima go ya Botlhaba mosepele o tsaya metsotso e ka nna lesome go ya go e lesome le botlhano fa wa go boa o tsaya e e lesome.

Se sentle ka pantuni e ke gore ga e tsamaye ka dinako, fela fa e fetsa go folosa e boela morago go isa bao ba ba neng ba letile.

Fela fa motho a fologa mokoro go etela Mohembo Botlhaba selo sa ntlha se se kgatlhang leitlho ke metswedi ya metsi e e kgabileng ka thaga e tala. Ditonki le dikgomo di fula sephato sa mebele ya tsone go ya godimo e apesitswe ke metsi.

Go tlhatlogeng mo lotshitshing lwa noka e e nnang e ela, motse wa Mohembo Botlhaba o a bo o bonala. Mmu wa teng o motlhaba fa matlo ka bontsi e le a a agilweng ka mmu le lotlhaka. Dikamore tse di ruletsweng ka disenke di bonala fale le fale.

Se sentle ka lefelo le kegore malwapa ga a agelelwa ka jalo go tlhofofatsa mosepele ka ebile mmu wa teng o le bokete go tsamaega fa motho a sa tlwaela.

E re ntswa matlhogopuswa go dumelwa fa e le bone dibuka tsa ditso tsa metse ya bone, kwa Mohembo ga go a nna jalo ka jaana puisanyo le Kateho Kaneha e ne ya seka ya tlhalosa sentle ka ditso tsa motse o.

Kaneha, yo o tlholegang kwa Xauxhe o tlhalositse fa le tona wa pele Sir Seretse Khama a tsere puso a, “fitlhela re ipusa hela gosena manakanaka le fa e le one mololwane wa Namibia, a tlhalosa ka jaaka a ne a supa mololwane yo o neng o ka nna dimethara di se kae go tswa fa re neng re eme teng.

Kaneha a re itsholelo ya motse o e ikaegile ka temo thuo. Go ya ka palo batho ya bofelo, motsana o o ne o na le batho ba le makgolo matlhano le masome matlhano. Batho ba motse o ba bona ditlamelo kwa Xauxwe, Mohembo Bophirima le Shakawe.

O tlhalositse fa e se ka ntlha ya tlhokakutlwisisano gore metse e be e le mebedi ka jaana ba nyalelana le go etelana go sena bothata. Pele re hulara, monnamogolo wa mo sione o ne a re obisa ditlhogo pele a kopa Nyambe gore a re dise mo ditseleng tsotlhe tse re tla a di tsamayang. Bokhutlo

Blog

Editors Note

Polling

Is online betting an alternative income stream or a risk

Is online betting an alternative income stream or a risk

Results

Yes, it is an alternative income stream.: 0.00%

It is a risk. : 0.00%

Not sure.: 100.00%