Emang a tshamekang puso mampudulele?

Source : Kutlwano

Author : Ndingililo Gaoswediwe

Location : Gaborone

Event : Potsolotso

Emang a tshamekang puso mampudulele?

Polelo: Ndingililo Gaoswediwe

Dinepe: Godfrey Mpuse

Kgwedi ya Tlhakole e ne e tlhola malatsi a le lesome le bosupa ngogola, fa Tautona Lt Gen Seretse Khama Ian Khama a ne a ile go lekola ba Mahalapye. E re ntswa mogote o ne o ntsha tlhapi mo metsing, go ne go rile thii! Motho fa e le moeng o ne a ka re gongwe moporofiti TB Joshua o etetse ba Mafia, ba-na-le-bogole le bone ba ne ba sa salela morago.

Fela fa mojako, go ne go ntse mme mongwe a apere diaparo tse di mmala wa botala jwa loapi, a tshotse ngwana yo o neng a lebega a le dikgwedi di ka nna thataro. A tomoga a ntse a tshwere losea lwa gagwe, a ema fa segoagoeng. Kgakgamatso Gaabole a rothisa keledi, ya bobedi, ya boraro mme tsa simolola go ela.

Ya re go ntse go sisibetse jalo, a tlhalosa fa morwae a tshotswe ka ngwaga wa 2005 mme ka go tlhoka lesego a golafala ka nako ya pelegi. Badiri ba botsogo ba mo solofetsa setilo se se maotwana, se se dirisiwang ke ba-na-le-bogole ka ngwana a golafaletse mo diatleng tsa bone. Dingwaga tse di supang di ne tsa wela kitiki! Gaabole a ikuela mo go Tautona ka le ba boipelego tota ba sa mo tswa thuso.

Fa bontsi bo sa ntse bo akabetse, a ntsha taolo morwa a Khama, gore mmangwana yo a bone tona wa botsogo. Beke e ise e wele, ke fa setilo seo se le mo diatleng tsa ga Gaabole. Tiragalo e, ya nna nngwe ya tse dintsi tse di senolang fa bodirelapuso bo sa ntse bo le maoto a tshupa. Selelo sa Batswana mo diphuthegong tsa kgotla ka bontsi tse di tshwarwang ke matona, ke gore ba bona thuso e e kgotsofatsang mo diofising tsa puso ka go farologana fela fa go na le moswadile wa gore tona mongwe o tlaa bo a ba etetse.

Ka motho a kopa dilalelo ka lonao, go tswa Mahalapye go ya  kgaolong ya Nhabe, selelo se ntse se sengwe fela. “Fa e ne e se ka Minister Vincent Seretse, madirelo  a rona a ka bo a sa ntse a tswetswe,” Daniel Boy, mongwe wa ba Maitamo Bakery kwa Chanoga, a tlhalosetsa Kutlwano. Maitamo Bakery e rotloediwa ke puso ka lenaneo la nyeletso lehuma.

Morago ga gore magotswana a thube madirelo a, a bo a utswa metswako ya marotho, Boy o tlhalosa fa ba ne ba tswala lobaka lwa kgwedi go simolola ka kgwedi ya Seetebosigo go fitlhela ya Phukwi e ya fifing.

“Ka di 25 tsa ga July re bone re tla re phamolwa fela go twe ministara o ya go bona bakery mme le rona go re tlhabisitse ditlhong ka re ne re sa phepafatsa,” a tlatsa ka gore le yone menwana ya magodu ga e a tsewa ntswa mapodisi a Chanoga a ne a fetiseditse kgetse kwa Maun. Selelo sa ga Boy ke gore ba boipelego le bone ba a ba latlhelela ka fa ba ba tlhalosetsa fa go “itendarelwa,” ntswa rre yo tota keletso ya gagwe e se gore a atlhame a jesiwe mme e le gore ene le badiri ka ene ba tsamaisiwe tonto tshipidi gore ba tseye maele a se se diragalang mo mmarakeng.

Kwa morakeng wa Xaega, mosetsanyana Itemogeng Losang, yo o iponetseng dipodi di le lesome le botlhano ka lenaneo la nyeletso lehuma, o lela ka letlhoko la mokenti ka jaana dihutshana tsa gagwe di bolawa ke bolwetse, le tlaa bo le tswalwe ka mhiko.

E re ntswa thuso ya tsa matlhoko a loruo ba e bona kwa Maun, Losang a re seipato sa letlhoko la dikoloi ke sengwe sa se se tlaa paledisang maiteko a puso go diragadiwa. A re dithebenyana tsa gagwe di feletse mo dipalamong, a kgobakgoba go ya Maun mme o setse a kgobega marapo ka le gore mokenti o ka adima koloi mo maphateng a mangwe go tla go ba ruta go kenta go a pala.

“…go bonya bodirelapuso. Ga re ba bone, ga go na le ene mokenti yo re a tleng re mmone, ba tlisa mananeo e bo ba etse ruri. Ga ba re cheke, diipato di bo di nna dintsi,” leloko ka komiti ya ditlhabololo kwa Chanoga, Anastacia Kavezeri a tlatsa dilelo tsa baagi.

Mogolwane wa lekalana la tlhokomelo ya lelwapa, ka fa tlase ga lephata la boipelego kwa Nhabe, Kebalepile Horatius,  o tlhalosa fa ba ba nnileng sego go anywa mananeo a puso ba tshwanetse go nna ba tlholwa le fa e le gangwe mo kgweding ke ba boipelego kana ba tlhokomelo ya malwapa. Tekolo e ke gore balebeledi  ba kgone go bona fa e le gore ba dira dilo tse di nang le boleng, go bona dikgwetlho tse di ba lebaneng le go ba rutuntsha fa e le gore go na le fa ba saletseng morago.

O tshetse metsi selelo sa ba Maitamo Bakery a re bone jo ke jone bo nang le dipharologanyo ntswa tlhaloso e e sa nyalane sentle le boikuelo jwa bone jwa gore ba tlholwa  fela fa matona a puso a etile. Kgang di marara jaaka thapo tsa loselo. A Batswana ba ka lela selelo se le sengwe go tswa Mahalapye go ya go tsena kwa Chanoga kana barongwa ba puso ke bone ba tshamekang mmampudulele? BOKHUTLO

Teaser:

“Ka di 25 tsa ga July re bone re tla re phamolwa fela go twe ministara o ya go bona bakery mme le rona go re tlhabisitse ditlhong ka re ne re sa phepafatsa,” a tlatsa ka gore le yone menwana ya magodu ga e a tsewa ntswa mapodisi a Chanoga a ne a fetiseditse kgetse kwa Maun."

Blog

Editors Note

Polling

Is online betting an alternative income stream or a risk

Is online betting an alternative income stream or a risk

Results

Yes, it is an alternative income stream.: 0.00%

It is a risk. : 0.00%

Not sure.: 100.00%