Dithubaruba wee! Re tlaa sala re di gopotse

Source : Kutlwano

Author : Ndingililo Gaoswediwe

Location : Gaborone

Event : Letsatsi la ngwao la Dithubaruba

Polelo: Ndingililo Gaoswediwe
Dinepe: Yobe Shonga

Go le gantsi basha ba rata go nna ba re dilo di a “bora.” Tota morole o mosesane o a bo o raya gore sengwe se latlhegetswe ke boleng, tatso kgotsa se nna se boelediwa, ka jalo se sa tlhole se kgatlha.
Nnyaya! E seng Dithubaruba tsa kwa Mokwena. Ngwaga ono e ne e le wa bosupa mokete o wa go keteka ngwao ya Sekwena o ntse o ipelelwa. E re ntswa pheshwana e e tsididi e ne e tlogela matlalo a ba le bantsi e kete a koko e sena go tomolwa diphofa, go ne go thibile kwa Ntsweng.
Basadi ba boka, banna ba duduetsa. Ijoo! Bontsi jwa sala bo akabaditswe ke tsa kwa ga Kgosi Kgari Sechele wa boraro.  Phologolo tsa metsi, tse di tlalo le makokoma mme le le borethe, tsa bo di tshologetse pitso ya kgosi go tswa mono gae, Phokeng le kwa Namibia tota.
Morole o mosesane le one wa se ka wa nna phokoje wa morago, wa tloga wa utlwa ka batsei ba molelo. Mabutswapele a bo a tlhabile kgobe ka mmutlwa kwa kgotleng, namane tse ditona di e ja dithata tsa go godisa, go roma maoto a nong. Ka fa morago go ne go kueletsa mosi, pitsa tse dikgolo di apesitswe ke kgabo ya molelo mme se e le sesupo sa gore mokete o o se nang letswainyana e ka se nne one.

Mothusa tona wa lephata la  dikgaolo le tlhabololo magae le ene  o ne a tlile  pitsong ya Bakwena, ya moletlo o setlhogo sa one e neng e le, “Bana ba Kgwale ba bitsana ka molodi.” Rre Olebile Gaborone o tlotlomaditse letsatsi leo, a re ke sesupo sa go tsosolosa serodumo sa setso sa morafe. Fela jaaka puso e itlamile go tsosolosa le go somarela ngwao, Rre Gaborone o rotloeditse batsena moletlo o gore ba tseye malebela.

O kaile fa Dithubaruba di e fa Bakwena sebaka sa go tsaya motlhala wa kwa ba tswang teng le go somarela tsa botlhokwa gore dikokomane di nne le se di ka ipelang ka sone ka e bile ngwao e lomaganya batho. Ditiro dingwe tsa ngwao di tlhama mebereko jaaka bangwe ba itshetsa ka go loga, go betla, go suga matlalo, poko le kopelo.
Pina, poko le mmino ya bo e le matsorotsoro kwa moletlong oo, makau le makgarebe a kwa Mokwena a nkgisana magwafa, ga ela mofufutso. Ba ne tlola ba relela basimane ba mmino wa phathisi, serala sa sala se kgabile ka ponto tse some le tse masome mabedi, ba ba sa ingwaeng ka meno ba latlhela le one makgolo tota.
Kwa katareng, Sebongile Kgaila, Kwata e shele le Solly Sebotso ba bo ba sa kgomege. Fa Kwata e shele a dira mathaithai, Sebotso ene a bo a sumisa pidipidi mo ntlong fa kwa letlhakoreng le lengwe, Kgaila a bo a tika molamu, a tika mebutlanyana. A bontle e le ruri!
Tsatsi le e ne e le la ngwao tota. Bomme ba kwa Mokwena ba bo ba latlhetse leteisi le megagolwane, lenyora le timolwa ka Setswanyana. Dikgafela go tswa kwa dikgotleng ka go farologana, tsa gorosiwa kwa lelwapeng la ga mmakgosi morago fa gore di ye go begiwa kwa kgotleng e e neng e kgabile ka motlhogoputswa. Ba bo ba tlola ba relela bannabagolo le balekane ba bone ba bomme ba boka ba opela jaaka tsamaiso ya dikgafela e ne e tsweletse.

Ka tota tse tsotlhe tse di ne di dirwa ka maatla, ramatheka le ene a inaakanya le boiidiidi jo bo neng bo tshologetse Dithubaruba. Seswaa, mosutlhane, logala, kabu le koko ya Setswana tsa bo di gatilwe ke bomme le borre ba ditswerere. Role lo ne lo beta kolobe kwa maitisong, dikhwaere le mebino ya Setswana ka go farologana tsa ntsha ga tshwene, go lela letlhoa, ditswerere tsa puo tsa tlhaba naane tsa ditso tsa Mokwena, motho a bo a gopola maloba jale, lefatshe le sa ntse tobetsega. Boswa tau ruri ke letlalo. BOKHUTLO

Blog

Editors Note

Polling

Is online betting an alternative income stream or a risk

Is online betting an alternative income stream or a risk

Results

Yes, it is an alternative income stream.: 0.00%

It is a risk. : 0.00%

Not sure.: 100.00%