Bangwaketse ba ila bogadi jwa madi lebaibai
Source : Kutlwano
Author : Tshiamiso Mosetlha
Location : Kanye
Event : Polelo
Bangwaketse ba ila bogadi ba madi lebaibai
Ka Tshiamiso Mosetlha
Mogologolo o boletse fa a ne a re molaa kgosi o a bo a e itaela, e ntse e le ene,a re goora motho go thebe phatshwa, fa Tautona wa ntlha wa lefatshe leno, Sir Seretse Khama a buile gore tshaba e e se nang ngwao ke moka e suleng. Letsatsi e ne e le la Labone mo mosong, kgwedi ya Phatwe e rogwa kwa kgotleng ya kgosing kwa Ntsweng kwa Kanye, kgotla ya ga Ngwaketse e ne e tletse e bile e penologa ka bomme ka dijalenyana, fa borre ba eme sentle ka dijase, tse bangwe ba di bitsang mosono ka Nnyoko (vulgar) , dihutshe le dinthe. Letsatsi le ne le letobo o ka re mariga a tla a rwaleletse jaaka noka ya morwalela, phefonyana e e tsiditsana e ne e dira gore bosetlaboshane ba philetse lemina.
Re ile koo mo mosong namane tse ditona e le gore re bone jaaka go nyadisiwa kwa morafeng wa Ga Ngwaketse kwa kgotleng, go ne go na le mabarebare a gore kwa Kanye Bogadi jwa madi le fa go ka nna jang, segametsi ga o ka ke wa se bona ka fa ngwaong ya bone ya Sengwaketse.
E tle e re fa ba ipoka Bangwaketse ba re, “re ba ga maila go bobela ba ga setlhong ga se huparelwe, ba ga mmaheyana a hea, ba ga pheswana ya moswagadi``. Go bua Bangwaketse ba bina kwena ya madibeng kwa motseng mogolo wa bone Kanye. Re ne ba fitlhela matlhogo putswa le tshadi kgolo, ba eme sentle go amogela dikgomo tsa magadi le go fa banyalani molao wa Sengwaketse mo mosong oo gore jaanong ba alogile ba dule mo bonananeng ke bagolo ba biletswa merero. Nnyaa mme ba re amogela ka diatla tsoopedi ba ga maila go bobela.
Tota kgang kgolo ke gore bontsi jwa batho malatsi ano ba ngongorega thata ka fa lefatshe le apereng kaki ka teng ka ntlha ya leuba le le golelang pele, tlhaelo ya dipula, leshekere le le tlhomolang pelo mo leruo le lelang selelo sa ga Ragele ka go tlhoka metsi le phulo. Jaanong ga go na yo o sa ntseng a ka ipoka ka dikgomo tsa gagwe ka gore di meditswe ke leuba.
Malwetse a tlhako le molomo le one a apesitse kobo ka letshoba mpuru o faratswe, metlha ga e sa tlhole e le ya maloba ka jalo bangwe Batswana ba ne ba bona go le botoka gore segolo ka ba se na badisa e bile go se na metsi a leruo, go botoka gore ba ntshe bogadi jwa madi ka gore nako di a ba tlola, go fetolwe melao.
Bangwe ba lekile gore ba dire jalo mo ga Ngwaketse gore ba tseye basadi ba bone ka madi mme mabutswa pele a Gangwaketse ba sa ntse ba lesupa le le fa. Mongwe mosimane wa leina la Tiro, o ne a ngala mosadi mo bosheng, a bolela fa ene a se na leruo, a batla go ntsha madi mme ba mo ganela ka ene ba ba batla tse di dinko di metsi.
Kwa kgotleng e tona kwa Ntsweng kwa ga Kgosi Malope II, Kgosi Mme kebabitse Gaseitsiwe wa kgotlana ya Bagami, ke ene mmantswitswidi wa go nyadisa ka Setswana mo kgotleng ya Gangwaketse, o thusiwa ke kgosana ya kgotlana ya Marapalalo Rre Kitso Kelosiwang.
Kgosi Mme Gaseitsiwe, yo o itsegeng thata ka leina la Mma Kgosimotse, o ne a re alela phate gore bone e le morafe wa Bangwaketse, ba sa ntse ba setse tsamaiso ya lenyalo la bone morago, a re ngwana wa mosetsana o nyalwa ka dikgomo fela sentle, e seng madi , fa e le madi ga ba a amogele.
O boletse fa Mongwaketse mongwe le mongwe yo o nyalang, a patelesega go ntsha dikgomo difera bobedi kana go feta, madi ba a ila lebaibai. O boletse fa mosadi e le mosadi ka go ntshediwa dikgomo, e le tlotla e tona thata mo Sengwaketseng, e bile fa a ntsheditswe dikgomo, o na le seriti.
Kgosi Gaseitsiwe o boletse fa madi e le dibaka fela e le selo se se ka se keng se supiwe gope le fa e le motlhala wa sone, o fela ka bonako. O tlhalosa gore fa mogwe a batla go nyala ka madi, o tshwanetse go dirisa madi ao go reka dikgomo, a tlise e le dikgomo le gone tse di nonofileng thata di sa tlhotse.
Kgosi Kitso Kelosiwang le ene o ne a bolela fa bogadi jwa madi bo sa amogelesege mo Gangwaketse. O boletse fa malatsi ano manyalo a tla a le mantsi kwa kgotleng mme go nna mosuke, mo go fitlhelwang fa gongwe go se na taolesego. O boletse fa dikgang tsa go ntsha madi di le boutsana kwa Gangwaketse ka gore ba itse sentle gore gotlhelele ga go letlelelwe.
Kgosi Kelosiwang o boletse fa ka dinako dingwe, ba rakana le batho bangwe ba e seng Bangwaketse ba ikopela go ntsha madi, mme a re go nna thata, go buisanngwa ka boleele go fitlha go letlelelwa motswakwa yoo go nyala ka a ne a pitlagane gongwe a tlhokile dikgomo.
Le fa go ntse jalo, Rre Sethora Sethora wa Morolong, o farologane le bontsalae, a re ngwao ya Sengwaketse e siilwe ke nako ka gore dikgomo le fa e le kwa BMC ga di rekwe e bile di tshabelelwa ke malwetse le leuba, mme seo se baya barui ka fa mosing.
Sethora a re dikgomo ga di na mosola e bile bogologolo di ne di le botoka di rekwa e bile di jewa nama sentle di sa kentiwa kgapetsa kgapetsa. O rile fa motho a batla go ntsha bogadi jwa madi, a leswe fela ka gore metlha ga se ya maloba.
O boletse fa malatsi ano bomalome le borakgadi ba lwela bogadi jwa bana mme banyalani ba sa tswe ka sepe. O boletse fa madi a le botlhokwa ka gore fa o di batla dikgomo o tlaa di reka.
Mme Kenanao Ntsimane wa Kanye, o boletse gore ba ba tsayang bogadi jwa dikgomo ba tsiediwa ke bomogoloabone le borrangwaneabone. A re go botoka madi gore ba a kgaogane dipuo di bo di fela. Gompieno dikgomo di a timela, tse dinngwe di a utswiwa.
Mme mongwe wa motlhoka leina a re kwa ga Mmangwato, bogadi ga se mathata o ntsha seo nang le sone madi kgotsa dikgomo ga mmogo le dipodi. A re kwa ga Mmangwato bagwe ba agela bagwegadi ntlo le go rekela malome jase, borakgadi ditukwi le dijalenyana. BOKHUTLO
Teaser:
Kgosi Gaseitsewe o boletse fa madi e le dibaka fela e le selo se se ka se keng se supiwe gope le fa e le ka motlhala wa sone o fela ka bonako. O tlhalosa gore fa mongwe a batla go nyala ka madi, o tshwanetse go dirisa madi ao go reka dikgomo, a tlise le dikgomo le gone tse nonofileng thata di sa tlhotse














