La Barolong ga se la nta ya tlhogo…
Source : Kutlwano
Author : Ndingililo Gaoswediwe
Location : Borolong
Event : Potsolotso
Seriti sa phologolo e gotweng motho ke bonno jo bo siameng. Ke ka moo batho ba tlotlang seemo sa motho go ya ka fa a beileng mogoafatshe wa gagwe ka teng. Le fa o ka tswa o le lekgarebe kana lekau la marata go lejwa fela fa o sena ntlu puo tsa batho gantsi e tla a nna gore, “lo seka lwa mmona a ntse jaana, le fa a latsang tlhogo teng ga ana.”
Mme le fa o rekile koloi ya mabono o sena ntlu potso e nna gore, “a fa a ka swa, a kesi ya gagwe e tla a tsenngwa mo go yone koloi e?” Fela fa o ka simolola ka go baya fa o latsang tlhogo teng, sepe fela se o se tla a se dirang puo e tla nna gore mme ene o ikagetse.
Gantsi bangwe ba tseela gore se ke ditshele. Nnyaya! Bodulo jo bo siameng ke sone seriti le puso ke mosupi ka ebile e boloditse letsholo la go agela ba ba kobo dikhutshwane matlo.
Mme fa go na le morafe mono gae o o itlotlomaditseng ka go ikagela ke wa Barolong. Go rena dikago tsa sesha mo metseng e tshwana Good hope, Tlhareseleele, Pitsane, Rakhuna, Ramatlabama, Hibron, Metlojane, Mokgomane le Phitshane Molopo.
E re ntswa mo metseng ya Leporung, Dikhukhung, Mmakgori le Tshidilamolomo go bonala matlo a mmu ke a a agilweng sentle ka botswerere go ka itsetsepela mo dinakong tsa diemo tsa loapi tse di sa iketlang.
Go ralala kgaolo e ga go motlhofo motho a ka bona matlo a a tshwanang a kwa Bokone Bophirima kwa ntlu e kgonang go dirwa ka mapako mme dikobo di bo di dira lobotla lo motho a ka se latseng tlhogo fa pula e na.
Kago ya Barolong e dira gore go nne thata gore motho a farologanye ba ba kobo dikhutshwane. Tota go ya ka tebo ya matlho, la bone lehuma ga se la nta ya tlhogo ka ebile go lebega batho ba ba sa tlotla tsholo thata.
E re le ntswa go ntse jalo, Kutlwano ya ipha tsapa go lekola babina Tholo ba ba tumileng ka dipolase tsa temo thuo. Seviot Mtengi, modulasetilo wa komiti ya ditlhabololo tsa motse kwa Pitsane a re lehuma mo motseng wa gagwe le bakiwa ke gore motse o o dikaganyeditswe ke dipolase, mololwane le metse e mengwe ka jalo se se ketefaletse banni go rua le go lema.
“Go na le diemo tse o fitlhelang motho a sena le yone katse mme ba ba mo seemong se ba thusiwa ke goromente ka dijo le melora fa ba bangwe ba tseneletse mananeo a nyeletso lehuma, ipelegeng fa ba bangwe ba tshwaratshwara dikoropo kwa dipolaseng,” a tlatsa monnamogolo yo lwapa lwa gagwe le tletseng ka didirisiwa tsa temo.
Mtengi o akgola maiteko a puso a go nyeletsa lehuma mo motseng o wa batho ba ka feta dikete tse tlhano. Ga go ope yo o batlang go salela morago ka jaana tshingwana tsa kwa digotlong di lemilwe, dimausu, kgwebo tsa marotho le thuo ya dipodi le dikoko.
Mtengi a re bomme ke bone thata ba ba amilweng ke lehuma ka ke bone ba rweleng mokgweleo wa tlhokomelo le kgodiso ya bana. Selelo sa gagwe ke bogodu jwa dilo tse ereng morago di tlodisediwe kwa Aferika Borwa.
Sekgalanyana fela, ke motse wa Tlhareselele kwa mananeo a nyeletso lehuma le LIMID a tsweletseng sentle. Modulasetilo wa komiti ya ditlhabololo tsa motse, Agnes Mmasa o ne a tsamaisa setlhopha sa Kutlwano le motse. Baagi ba lemile merogo le dikoko di ruilwe ebile le dilelo ga se tse di ntshang mokola.
Tshingwana ya ga Ntswaki Letshikgwana yo o nang le bogole e kgabile ka merogo mme o tlhalosa gore o tlhoka mmaraka mme lemmenyana o a le bona. “Ba a reka, P5, morogo o o ne o kitlane. Tshingwana e e mosola thata e re thusa le ka seshabo.”
Selelo sa ga Mmasa ke bogodu jwa leruo le le tlodisediwang ka kwa Aferika Borwa ka motse o o le mo mololwaneng. E re ntswa go le selelo, baagi le bone ga ba tlhokomele dihutshane tsa bone ka jaana Kutlwano e rurifaditse fa di kgona go huhumela terata ya mololwane di ya phulong kwa baagisanyeng.
Dikhukhung ke motse wa ntlha mo Borolong go tshegetsa pitso ya nyeletso lehuma mme maiteko a go ka itse ka seemo sa mananeo a puso a nyeletso lehuma a retetse.
“…ntswa e re VDC e tshegeditse metse le go lebelela mananeo le dithoto tsa puso, mono re kgaphetswe ntle. Re a ne re bona motho a tla go tsewa a ya go neelwa dilo re sa itse gore tota tsamaiso ke eng,” ka kutlobotlhoko go bua Keoikantse Mhure, modulasetilo wa komiti ya ditlhabololo. Tlhoka tomagano e ke yone e Mhure a dumelang e tla a holodisa maiteko a puso.
Maiteko a go bona pego ya maiteko a nyeletso lehuma a itaya se fololetse ka mma boipelego kwa Tshidilamolomo go lebega a tshaba bagolwane ba gagwe lobaibai ka a ka se bue sepe.
Kwa khanseleng potlana ya Good Hope le gone ga seka ga tswa sepe ka badiri ba ne ba tlhalosa fa tsamaiso ya bone e sa tshwane ya dikhansele tse dingwe, go bona thuso e re neng re e batla ba kopiwa pele ka mokwalo.
Mme go ya ka dipatlisiso tsa maranyane, go supa fa diporojeke (projects) di le masome a supa le botlhano di simolodisitswe fa di le masome mabedi le borobabongwe di le ka fa tlase ga lenaneo la Social and Community Development.
Batho le masome a le mane le bone go tswa mo metseng ya Mmakgori, Tshidilamolomo, Mabule and Sekhutlane ba setse ba tsweletse ka letsema. Mo ditshingwaneng tsa digotlo di le masome matlhano di le masome mane le bosupa di setse di simolodisitswe fa ba ba saletseng morago ba emetse kgokelo ya metsi. Bokhutlo
Teaser:
“Ba a reka, P5, morogo o o ne o kitlane. Tshingwana e e mosola thata e re thusa le ka seshabo.”













