Mfuisa Zolo Dar!

Source : Kutlwano

Author : Kutlwano

Location : Gaborone

Event : Polelo

Rona bo Kgabo re kgabola fela, Bakgatla re a kgatlhega, bo Tshwene re tshwenyegile; Batswapong re tswa pelo. Ke nna wa maloba le maabane kau le lesesane motho wa ga Mmanaana! Ke a bo ke ne ke le kwa Morwa maloba ke jetse bo rakgadi nala! Banna dilo re di bonna ka fa kgatleng kafa!  Waitse batho ba Bakgatla ga se batho ba go itirela botsotsi; fa ba rata selo go tshwana le fa ba re ga ba se rate.

Mosimane yo wa ntsalake, Botoka, letlakala la bofelo. Ke ene e tla reng ke tsena le go dumedisa ke ise ke dumedise a bo a nthwalathwala a sasanka motse otlhe ka nna. A Botoka o senkang, nnya! O ka seke o itse. Pele re tsene fa ga mmasemangmang fa go rekisiwang serotola matlho teng, ra fitlhela go lowa ya dira ga di bone!

Go a bonala mosimane yo mongwe o tsene foo a seka a itshwara sentle.Hee! Ba mo feela bo Kgabo. “Wa tella moshiane o!  O batla ‘o betswa!” Botoka a tshabela kgakala. Kana le nna o mpona ke le fa jaana ke rata ntwa bobe, sebe sa phiri ke gore ke lapa ka pela.

Ke bao! Ra palamela kwa ntsweng. Fa re feta golo gongwe mongwe a tlhaeletsa, “Monna Botoka mpeipisa hoo!” Botoka le ene a mo romelela karabo ka bofefo a tlhobosa, “Owai! Ga kena motsokwe! Ke ya`o tlhola peipi ya Mmalesego! Ke tloo fitlha ke o peipisa!”

Lentswe lele la tla gape, “O itlhaganele otla mphitlhela kwaeno! Jaanong yo o sekgakga yoo ke mang?” “Moshiane yo o tswa Thamaga ke wa Malome!” Ka kgwela lenxa ka fa pelong. Ra tlhatlosa mosepele, ra ba ra fitlha ga Mmalesego. Fa re tsena ka mojako, ra thulane le ramarokgwane o mongwe. “A gona le sengwe?”

Botoka a botsa! Ramarokgwane a araba ka gore ke ditlhogo fela. Ditlhogo! Ya ne e kete ke tla akabala. Jannong ditlhogo di batla eng mo motsokong. Re dule foo o kare ga re a bona thuso, dilo di direga ka ponyo ya leitlho. Ra fitlha ra thibelelela kwa ga rre wa kgantele a batla go peipa. Fa ke re matlho thaa! Botoka a ntsha pampiri e tletse motokwane! ‘Modimo wa tshwaro ke ile toronkong!

A selo se motokwane wa bonwa.` A ntshita a le tlhaeng. Fa ke sa gamaregile jalo, Botoka a ba a o tlhasetse a nopola dilabe mo teng! “Monyana o kajeko o rekisa majaja,” ga buwa tsala ya ga Botoka!

Botoka a o swaela mo letsogong. A tloga a o tshela mo pampitshaneng a o tshopha ka bokgabane; o bona gore ke motho a dira ka lerato, a ne a ema pele a leba sentle, a tloge a e latswe ka leleme morago a kgwe masalela a pampiri. Ka re fa go tshopha go ne go tseelwa sekgele, ka mmatota se ne se ka bo se mo lebagane.

Ba tloga ba e jajaola ka molelo ya peperetla, mosimane a e tima ka go e tshasatshasa mathe. Monko wa teng o ka utlwiwa le ke motho wa mofikela. Hee! Go lo moo go bogale.

Kana le nna ka utlwa e kare ke a tsibikela mme ke sa o ja. Fa e le baji ba one bone ke ba rototse matlho o ka re motho a aketswe! Bo Botoka batla ipolaya wee! Ba e amogana basimane ba Bakgatla. Kgabagare ga re tuu! Kgantele mosimane a thubega ka setshego, Botoka a se tseeletsa! Ga ke a ka ka re kamoso, ke bo ke mo tsaya ka letsogo ra wela tsela ra leba kwa lwapeng.

Nnya tlhe! O ile kwa a bua ditsiabadimo fela. Fa re lebile jarata a rata go wela mo go nna! “Tota o dirang monna!” Ka botsa ka bogale. “Ke ne ke tsaya gore ngwedi o wela mo go nna.” Re fitlhela bo rakgadi ba itisitse. Botoka a dumedisa ka maitseo a a faphegileng, a tloga a tsenela ka fa kamoreng ya gagwe.

Ka nna foo le bo rakgadi. Sephatlo sa motsotso a bo a setse a boile. “Dumelang bagolo!” A boeletsa madume. “Heela tlhe Botoka! A wa lebala ne malatsi a, akere o ntse o re dumedisa.” Ga bua rakgadi. A seka a fetola, e kete motho a sa utlwe sentle kwa ditsebeng.

A fetela ka fa phaposing ya boapeelo a laila dijo tsotlhe le mopako wa ga monnawe tota. Fa a boela fa go rona madume a seka a lebala! Ba tlhwaega, mmaagwe a mo tsenya matlho a seka a bona sepe. Yo rraagwe a itidimaletse fela.  Rakgadi a ntsha lesome la dipula a mo roma sukiri. Rraagwe le ene a mo neeletsa. “O ntlele chibuku,”a bua jalo amo neela lesome la dipula. Owai! Ka ponyo ya leitlho a bo a setse a boile; sebe sa phiri, o tla a itshopere.

“Ke eng o ne o sa ye go tlhola kwa semausung sa ga Tuelo?” Ga botsa rakgadi.  “Golo mo lwapeng mo ke a bona le batla go ntira setomo! Madi a a lona a tshwana fela, nna ga ke itse gore P10 wa sukiri le wa chibuku ke ofe!”

“Heela tlhe Mothusi! Motho yo ne o rileng!” Ka se ka re kamoso, “O ntse a ja matekwane!” Monnamogolo a tlhera. “Wa peipa moshiane ke wena! Ke wena o ntseng o utswa motsokwe wame!”

A ya le ene jalo a mo paselela ka matlhapa. Fa e kete o tla wa ke sedidi, Botoka a nna fa fatshe a leba rraagwe ka kgakgamalo, a tloga a mmotsa, “Kante ke go bone kae ne Bra yaka?” Yare rraagwe a ise a arabe mmaagwe a tlola, “Motho yo ke rraago! Wa re bra.” Yo Botoka a seka a lemoga fa a kgotlhile motshitshi.

“Ee! Kana ke bona gore e kare ke kile ka mmona golo gongwe, ke ntse ke ipotsa gore a ke a mo itse. Rraagwe ga ise a re kamoso, a mo digela letlapa la letswele mo tlhogong, mosimane a sala a rapaletse fa fatshe. Bokhutlo

Blog

Editors Note

Polling

Is online betting an alternative income stream or a risk

Is online betting an alternative income stream or a risk

Results

Yes, it is an alternative income stream.: 0.00%

It is a risk. : 0.00%

Not sure.: 100.00%