Tlhareseleele: Ga e ne ea komakoma kwa ga Monaheng…

Source : Kutlwano

Author : Baleseng Batlotleng

Location : Tlhareseleele

Event : Potsolotso

Yare setlhopha sa Kutlwano se goroga kwa kgotleng ya motsana wa Tlhareseleele, ya thathamologa namanyane ya kubu a itoka ka puo ya gaabo ya Sesotho.  Sello Phushudi, ke morwa Phushudi, ke tshetlha e khutshwane, bontsi bo tsamaya bo e nyatsa mme ke kwena e tsofetse.

“ Ke a baba le dinonyane tsa legodimo ga di kake tsa nja, tadimang ba haetsho, ko re nyelohang teng, re nyeloha hole, re nyeloha mane Lesotho, le seka la ba boi makwela, bosele bosiu ke ha re tsamaya,”

Ya re a feleletsa puo e e bofitlha eo ya poko ya Sesotho a re ikaela le ba morafe wa gagwe wa Bakwena ba Monaheng. Ntate Phushudi a re tlhalosetsa ka sefatlhego se tletse bodutu, se tlhontse, ka ebile le dingwaga di setse di mo potile ka fa motsheo. Monnamogolo a seka a ipona tsapa go re tsaya motlhala le go tlhalosa ka fa morafe wa gaabo o sa robalelwang ke ditlhokwa ka teng, lebaka legolo go ya ka ene e le go tlhoka Morena kwa setilong “Rona re tsholetswe mona Tlhareseleele batsadi ba rona ba nyeloha mane Dikgoele ha Leponisa.

Batla jalo ba nyolosa ba fitlha ba thibelela Magaliesburg ba dira motse. Ba ba kgaogileng koo ba theosa ba leba Bophirima ba kena lefelo le bitswa Mmamusa, ba boa ba tswa ba felela ko Dithakong mona Mafeking. Ha ba tswa Mafeking ba leba Zeerust. Ha ba le Zeerust ba nyeloha ba leba lefelo mane le bitswa Mmatshetlhwane ko Lehurutshe. Basotho ba Tlhareseleele ba tlholega jalo mme tulo e baneng ba e dutse ya seka ya nna monate ga kgaoga bakwena ba le bararo ba leba Mafeking go Morena Montshioa ba ya go kopa naga ena e bitswang Tlhareseleele,” a tlhalosa jalo Ntate Phushudi.

Ya re ba tla go thibelela mo nageng ya Barolong boo Montshioa, Basotho, ba itlhophela Seiti Phushudi go nna moeteledi pele wa bone mme a le supa lele fa morwa Phushudi a tlhalosa fa dikgogakgogano tse di kwa Lesotho di bakilwe ke boora Phushudi mme ebile go ka nna motlhofo gore baba ba ka lemoga fa ele morena mo setilong kwa kgotleng. Basotho ba thulantsha ditlhogo ba gopola Makoni Lekgori mme le ene ba itaya sefololetse ka o ne a itlhalosa fa ele ngaka mme ebile a ka se dire ditiro tse pedi ka nako e le nngwe.

Gone ga bewa ka temana khutshwane Mothibedi yoo gogileng morafe gotla ba thibelela kwa Pitsane mme ba tloga ba fudugela ntlheng ya tlase ba thibogela modumo wa terena kwa Pitsane ka tota Pitsane nako eo ene ele boemelo jwa terena e e neng e leba Rhodesia.“Tota ha re tla bitsa lefelo le Tlhareseleele batsadi ba rona ba fumane sefate morago ga kgotla mane se seneng se le setelele go di feta tsotlhe.

Sene sa ntshiwa sa nkiwa sa isiwa moreneng Mafeking ele tlhompho,” a tlhalosa Phushudi ka leina la motse wa bone.Ba nna moono ole mongwe Bakwena, Bataung le Batloung ba ba neng ba thibeletse foo mme ba ipitsa setshaba sa ga Morena Makgethe, Mothibedi morwa Letshikgoana. Dikgang tsa kwa kgotleng tsa tsaya phekelo e sele ka ngwana wa ntwa ya ntlha ya lefatshe kwa ga Mokgoro Letshelea yo a neng a tshwareletse bogosi. A le supa le le fa gotwe a sutele mong wa setilo.

A tlhokafala mme setilo sa tsewa ke morwa Mpuang, Seutlwadi Letsikoana. Mme Seutlwadi a tswa a tsamaya mme setilo sa sala se sena morena. Ga simolola madubadube gare ga morafe, go fitlhelela Kgosi Kgolo Lotlaamoreng kwa Borolong a laela gore Molaodi a tle a tlhome Kgosi e se ka taelo ya morafe ka matsalo a Kgosi mme e le ka ditlhopho.

Sello Motsekoa, mongwe wa bana ba motse a tlhalosa, “dilo tsa tsamaya sentle mme kgang ya tla go tswa ka moraa lefu la monnamogolo Seutlwadi. Basotho ba sena hantle hore hona ba khethe mang hore a tsetse boreneng. Ha go latetswe molaodi ne ba sa iphutha sentle mme Molaodi a re naya Gabatlotle Mosiare go busa motse o. A felela a fatalaletse Pitsane. Mosiare a tlhokafala mme ga dula setilong Ntate Mathebedi Sello, a ithaopile mme a tlhatlhamiwa ke Senyane Letshelea. A tloga a tlhokafala mme kgang ya borena ya kukela gape.”

Tlhopho Lesikgoane o ne a ya setilong ka tota monnamogolo o ne a setse a itsofaletse mme ebile le gone go bala le go kwala a ne a sa go kgone, a neela morwa wa gagwe Makgele Letsikgoane yo o busitseng dingwaga tse pedi fela a bo a ikela badimong. Ngwana wa ga Makgele, Thabang Lesikgoane a fetsa dithuto tsa gagwe mme Kgosi-kgolo a mo rola mo morafeng fa ele ene moetapele.

Morena Thabang Lesikgoane a fetsa dingwaga tse tharo mo kgotleng mme le ene a latela bo rraagwe kwa badimong morago ga kotsi ya terena. Morafe wa Tlhareseleele o ne wa tsisetswa Thapelo Montshioa, yo tota ene e seng ngwana wa motse mme ele ka kgetho ya Kgosi-kgolo. Ba mo gana boora Monaheng, madubedube a simolola gape. ‘go tlelwa ka morena mme ebile re bolelelwa fa e le wa sennela ruri, re ne ra gana. Mathata a tota a nnang teng ko Kgotleng ke gore bana ba ntlo ya ga Makgele ba eleng bone ba bogosi ka matsalo ga ba kopane le morafe ba o itsise se ba se akanyang. Re kopile mongwe wa bo Rralekgotla baba kgethilweng gone mono gore a re biletse boora Letsikgoane mme le ka motlha o ga gona phetolo.

Taba e e kgaogantse morafe wa rona ha ba bangwe ba dumela gore re kgethelwe morena ha rona ba o re bonang ha re le kgatlhonong le seo”, a garela kgang Ntate Motsekoa e ba e amogannang ka botswerere le tlhompho ya tumelo ya se gabone sa go letla bagolo ba e ala pele.

Mme jaanong potso ya nna gore a mme mo kgotleng e ya ba Ga-Monaheng lentswe la kgosi le agelwa mosako kana le a sekwasekwa.
Ba re go kile ga ntshiwa taolo ya gore ba sutlhe setshwantsho sa kwena se eleng sone sekano sa morafe kwa kgotleng ba tshwantshe tholo mme ba le supa le le fa. A mme jaanong Basotho ba Tlhareseleele ba ipaakanyeditse go ka pega Morena yo ba mo ikgethetseng mo setilong fa go twe ba mo tsise?

Fa ba tlhalosa, kgang ke gore ba sa ntse ba emetse boora Letsikgoane go tla go ithola bogosi ka bone ba tshabetse kwa Borobadilepe ka tshika ya bone e feletse mo mmung. Bokhutlo

Blog

Editors Note

Polling

Is online betting an alternative income stream or a risk

Is online betting an alternative income stream or a risk

Results

Yes, it is an alternative income stream.: 0.00%

It is a risk. : 0.00%

Not sure.: 100.00%