OWAII!! O itsamaetse MmaSefhako
Source : Kutlwano
Author : Ndingililo Gaoswediwe
Location : GABORONE
Event : Tatolo
Kgwedi e ne e la ya Ngwanatsele. Moso e le wa Labone mme ga utlwala mokgosi o o akabaditseng ba le bantsi. Fa Batswana ba sa ntse ba tlhwaile tsebe jalo gore go ka tswa go rileng, lentswe la mongwe la tlhalosa gore phorogotlho ya mmino wa setso Mme Mma Bogadi Judith Tsetsana a Sefhako o iketse badimong! Go utlwala gore bolwetse bo mo phamotse fela jaaka sefefo, Batswana ba sala ba itshwere molomo.
“Ao tota bogolo ke eng go ne go sa swe nna,” bangwe ba bua jalo. Fela ba ikgomotsa ka gore ya gagwe tiro mo lefatsheng o e dirile ka bokgabane. Ga gona pelaelo epe gore fa ramasedi a ka mmotsa gore o diretse lefatshe eng karabo e tla nna gore, “Ke tsosolositse ngwao morena wame”. E rile kgang e e botlhoko e e jwelelela lefatshe ka bophara jaaka molelo wa mariga, go na le go lela, Batswana ba ikgakolola tse dintle tse a di ba diretseng.
Mme Sefhako o ne a tumile khutlo tse nne tsa lefatshe ka ditiro tse dintle tse a neng a di dira thata a remeletse mo go somareleng ngwao. Ke mang yo o ka tlhokang go mo gakologelwa mosetsana wa kwa mokwena yo e neng e re fa a le mo seraleng a tlole a relele a sa ikimele ntswa a ne a potile dingwaga tse di masome marataro ka kwa. Makgabe le matlhowa o ne a itse go a bintsha. Nnyaa fa e le metshameko yone e ne e le dijo tsa gagwe. Tota ene le mmino wa Setswana ba ne ba ya go kgaogana fela fa maoto a sa tlhole a kgona go tsholetsega.
Mma Sefhako e ne e le ene mme wa ntlha go ikgapela seetsele ka ngwaga wa 2007 kwa tshimolodisong ya dietsele tsa bomme tsa Five Roses Thari Ya Sechaba. Ba ba itseng sejatlhapi e ne e re ba mmoka ba re, “…Mma Sefhako is a rare species for people in towns, who are not motivated by money.”
Ya re Mma Sefhako a santse a ipelela seetsele se, morwa Khama, Tautona Seretse Khama Ian Khama a mo naya korone ya go dira ka botswapelo (Presidential crown for Meritorious Service).
Pele a tsaya seetsele se bontsi bo ne bo dumela fa se mo lebane, Mme Sefhako ke ene a simolodisitseng setlhopha sa mmino wa Setswana sa Ditholwana.
Sekgantshwane se sa bodiragatsi le mmino se ne sa isa serodumo sa setlhopha se se thamilweng ka ngwaga wa 1993 kwa godimo morago ga go diragatsa kwa mafatsheng a sele. Setlhopha se sa ikgapela dietsele monogae le kwa ntle mme tse setlhopha se se di fitlheletseng ke ka se di nankole tsotlhe ka pensile yame e ka fela moko ke ise ke di wetse.
Setlhopha se, se ntse se eteletswe pele ke mme yo wa senatla yo o tlhokafetseng a le dingwaga di masome marataro le bobedi morago ga go lwala. Setlhopha se se ne sa diragatsa kwa mafatsheng a tshwana le Zimbabwe, Aferika Borwa, Amerika, United Kingdom le kwa Europa tota. Mo maetong a, setsweretshana se se ne se etla se tshwara thuto-seka-dipuisano go rekisa le go ruta batho ka ngwao ya Setswana.
Ka setlhopha se ne se dira go tlala ka diatla, se ne sa bona tlotla e motho a ka reng e gaisitse tsotlhe morago ga taletso ya go ya go diragatsa kwa metshamekong ya lefatshe ka bophara ya kgwele ya dinao e e neng e tshwaretswe kwa Aferika Borwa ka 2010.
Mma Sefhako o feditse dithuto tsa gagwe kwa sekolong sa ithutelo borutabana sa Lobatse mme a nna morutabana wa dikolo tse di potlana kwa a neng a godisa thata tsa bodiragatsi le mmino wa Setswana tsa ba tsa phunyeletsa mo toropong kgolo. O ne a ya go direla kwa lephateng la Metshameko le Ngwao ka ngwaga wa 1996 kwa a neng a tlogela tiro morago ga ngwaga di le lesome le bongwe.
Le fa motho yo o tsetsweng ke mosadi a le malatsi makhutshwane a tswa jaaka sethunya mme a kgaoge, tsa ga Mma Sefhako tiro tsone di tla a phatsimela ruri jaaka letsatsi! BOKHUTLO
Teaser:
Mme Sefhako ke ene a simolodisitseng setlhopha sa mmino wa Setswana sa Ditholwana. Sekgantshwane se sa bodiragatsi le mmino se ne sa isa serodumo sa setlhopha se se thamilweng ka ngwaga wa 1993 kwa godimo morago ga go diragatsa kwa mafatsheng a sele...













