Ditswerere tsa Serala

Source : Kutlwano

Author : Baleseng Batlotleng

Location : GABORONE

Event : Cover Story

Fa bana ba bangwe ba tlolela batsadi ba bone ba ba itumelela ba ba bitsa ‘mama` le ‘papa`, Atlasaone le Gofileone bone ba itse fa mmaabo a bidiwa Diponka, rraabo a bidiwa Phunya. Ke se ba se itseng ebile ba tshela  le sone.

“Nna e bile tota basimanyana ba bame ba tshamekela fela mo go nna ka gore le fa ke re ke bua le bone ba iponela Diponka wa mo thelebishineng,” go tlhalosa jalo Onkemetse Modise. Diponka, jaaka Onkemetse a tlwaelesegile, ke kgeleke ya bodiragatsi.  “Pele ga kethapiwake ba sepodise, ke ne ke ntse ke kile ka diragatsa thata fa ke sale moithuti kwa dikoleng tse di potlana. Tota le fa motshameko wa Itshireletse o simologa ke ne ke le foo fela ke se karolo ya teng go fitlhelela bokgoni jwa me bo lemogiwa,” a tlhalosa. 

Diponka o tlhalosa jalo ka go tlhagelela ga gagwe mo motshamekong wa Botswana Television wa Itshireletse. Itshireletse ke motshameko wa sepodisi sa Botswana o o tsibosang setshaba ka maretshwa a dirukutlhi di a dirisang go kgothosa batho. Diponka o ikgapetse balatedi mo motshamekong o, mo jaanong a setseng a le selalelo sa Tshipi nngwe le nngwe. Fela Diponka ke mmalolwapa yo o tserweng ke Gofaone Modise yo mo nakong eno a tumileng ka la Phunya. 

Fa setlhopha sa Kutlwano se etetse boora Modise kwa bonnong jwa bone mo Gaborone, ra amogelwa ke monyenyo wa wa ga Onkemetse e seng setoutu se go tweng Diponka. Ya re a re gogela ditilo, mokapelo wa gagwe a bula lebati e le gone a gorogang. Le ene a re amogela, ba tloga  ba re lotlegela ka loeto lwa botshelo jwa bone.

Tota ke eng Gofaone a bidiwa Phunya? “Leina le le tswa mo sefeleng sa WESELE sa 249.” O tlhalosa gore tota mongwe wa ditsala tsa gagwe ke ene a mo gakolotseng gore e rile nako nngwe kwa kerekeng pele a baya phuthego lefoko a gakalela go nna a goa a re phunya! phunya sediba sa kirisitale, mme la mo manama jaaka kgorola. 

Phunya ke ene a tsereng Diponka wa ponto le sheleng, ba tsena mo nyalong e e boitshepho. Ba tsene mo nyalong dingwaga fela di le tharo morago ga gore wa kgarejwana a mo gape maikutlo kwa dikgaisanong tsa bodiragatsi le mmino wa setso kwa Gaborone West.  “Ke ne ke le motsamaisatiro nako eo, ya re ke ntse ke tsamaisa leitlho ka mmona, fela jaaka go tlhola go buiwa, ga ya fela jalo.”

Phunya wa Mokgwatlheng, mmina tlou o goletse kwa Lobatse a tsholetswe kwa Matsiloje, o tlogola kwa Tshane. Fela jaaka mohumagadi wa gagwe, le ene o goletse mo bodiragatsing.

“Ga twe ke godile ke le setoutu. Ke tla ke belaela gore ngwana yo monnye o tsere mo go nna. Tsa bodiragatsi ke goletse mo go tsone. Tsotlhe tsa bodiragatsi di simologile kwa sekoleng se sebotlana sa Maitlamo kwa Lobatse. Mo go tse tsotlhe, ke ipela ka go tlhagelela mo tlhagisong ya When shall revelation come,” o tlhalosa jalo. Phunya o ne a tlhophiwa go nna motshameki yo o gaisitseng mo setshwantshong se. O ne a tswelela jalo mme a felela kwa setlhopheng sa Bonang Koo kwa a neng a tswelela ka go gapa dikgele.

“Ga ke ise ke lebe kwa morago mme ke ne ka kgothala thata fa ke bona bokgoni jwa me bo tswelwa pelo ke batho ba tshwana le Benson Phuthego, yo ka nako eo e neng e le moithuti."

Morago ga go dira le ba sesole sa Botswana mo tsa bodiragatsi, Phunya a tlhama setlhopha. Ke gone kwa e rileng a na le setlhopha sa gagwe a kopana le Onkemetse a tsile go bina le ba setlhopha sa sepodisi. 

Maduo a diatla tsa ga Onkemetse a goroga ka 2007 fa a bilediwa kwa setlhopheng sa Itshireletse go ya go tsaya karolo a diragatsa e le ngwana wa ga Tapudzani Titose le Kenneth Nkomo. Motshameko e ne e le ka kgokgontsho ya bana mo lwapeng. Ya re ngwaga oo o ise o fifale Onkemetse a tsaya karolo e e neng ya felela e mmetlela tsela mo mererong ya bodiragatsi. 

“Tota nako eo fa ke tsaya karolo mo go kgokgontshiweng ga bana ba ba sa itekanelang mo tlhaloganyong ke ne ke sa itse fa e tlaa re mo bogompienong jaana batho ba bo ba lebetse gore ke Mma Modise ba mpitsa Diponka le bone bana ba ke ba tshotseng tota,” o tlhalosa jalo ka monyenyo. 

Bokgeleke jo o bo simolotse kwa sekolong se se botlana sa Mokgomane mo mokgatlhong wa 4B.  Kgarebe e ya  tswelela jalo le tsa bodiragatsi go fitlhelela a tsena kwa Seepapitso kwa Kanye kwa jaanong a neng a setse a fatlhogile e bile e le sekgantshwane ka a kile a tlhagelela mo pampiring ya dikgang ya DailyNews nako e ba neng ba dira metshameko ya segajaja ka 1996. 

“Re fa re leng teng ka lebaka la bodiragatsi, le fa re ise re kgone se tota e leng toro ya rona ya go ipona re na le kompone e tona ya dibaesekopo, mme fela dikeletso tsa rona di tlaa atlega,” o tlatsa jalo a a fa monna sebaka go tlhalosa ka tiro e a tshwereng ka tsoo pedi kwa Botswana Television ya thulaganyo ya Lobebe ya dikhwaere. 

Phunya o kile a rwala ditlhako tse di bokete gape gone kwa ntlong ya kgaso fa a tsaya serala sa thulaganyo ya mmamoratwa ya Mokaragana e e neng e tsamaisiwa ke Joel ‘Ntsoro` Keitumele. 

Jaaka fa e ne e le modiragatsi le ene Ntsoro ga se ka ga tsaya Phunya sebaka go lekanwa ke phatlha e Ntsoro a e tlogetseng . Jaanong ka Phunya o lebelela Itshireletse, a mme ga a na bothata fa Diponka a gapiwa maikutlo ke borre ba bangwe, “O etle a mpotse gore tota fa ke nnetse go jesa boNkomo ice cream ka seatla jaana ene o tlaa jesiwa ke mang?”

A mme Phunya o kgona go lemoga fa Diponka a kgona go nna tsoga-re-omane ene yole wa kwa Itshireletse? “Ene mme ee! o fitlhela nako tse dingwe a na le botsenwanyana joo jwa ga Diponka,” a tibela kwa tlase fa Onkemetse a santse a ile go re siela metsi. BOKHUTLO

Teaser:

“ Ke ne ke le MOTSAMAISATIRO NAKO eo, ya re ke ntse ke tsamaisa leitlho ka MMONA, fela jaaka go tlhola go buiwa, ga ya fela jalo.”

​Re fa re leng teng mo bogompienong ka lebaka la BODIRAGATSI, le fa re ise re kgone se tota e leng TORO YA RONA ya go ipona nna le monna wa me gongwe re na le a BIG FILM COMPANY, mme fela dikeletso tsa rona di tlaa atlega..

Blog

Editors Note

Polling

Is online betting an alternative income stream or a risk

Is online betting an alternative income stream or a risk

Results

Yes, it is an alternative income stream.: 0.00%

It is a risk. : 0.00%

Not sure.: 100.00%