KGOSI MOSIELELE WA MOSHUPA O RWESIWA SETLHAKO

Source : Kutlwano

Author : Calviniah Kgaitlhe

Location : MOSHUPA

Event : Ngwao

Ya re di ise di bolole, ya bo e rile thii! kgotla yoora Mookodi kwa ga Moshupa. Basimane ba Kgosing ba bo ba kotame serethe ba bangwe ba eme majato ka legora ba emetse mmabatho go goroga ka kwa kgotleng, tota kgang kgolo e le go dira tiro e e masisi e ya go mo rwesa mpaatshane.

Jaaka gale, motse wa Moshupa wa bo o omogile, Ba-Bina-Kgabo ba tsile ka makatlanamane go tla go rwesa kgosi ya bone setlhako. Kana tota fa e sale Kgosi Donald Kgabosetso II Mosielele a se kotama ga a ise a ko a rwesiwe setlhako. Ba itoma sanngate Bakgatla go e tsosolosa ngwao ya Setswana ya go gatisa kgosi boloko.

Ya re fela fa a tsena ka kgotla le naletsana ya mohumagadi wa gagwe ba eteletswe pele ke borrangwaneakgosi, ga utlwala megolokwane e tserema ntlheng ya lesaka ka fa ba neng ba phunyega teng. Kgarebe ya phukalatsa mogagolwane o o mmala wa loapi, ya udubatsa loleme mo ganong yo gagola mogolokwane go ntsha molotsana o o monate go itumelela kgorogo ya ga Kgosi.

 “Bogologolo dikgosi di ne di lemelwa, di tlhokomelwa ke morafe, re ne re latlhile ngwao e jaanong re e tsosolosang, fa re re re rwesa kgosi setlhako re raya re mo abela dimpho,” ga bua jalo monnamogolo Sesupo Mookodi ka boitumelo jo bogolo.

Matlhogotshweu a bo a tlhwaile tsebe, a bapisitse ditsamma ba ntse sentle ka maemo mo go tsa dikgole, mangole a tlhomile dihutshe, ba rumaruma fela go bona ngwao e tlhomilwe kwa pele.

Malomaagwe Kgosi Mphafe Seabelo a tomoga mo setilong go ntsha la gagwe, a baya kgosi mafoko pele. Ya ne e kete o a mo laya, “Kgosi ke motho yo o masisi mo bathong le mo matlhong a Modimo, kgosi o tshwanetse a iketla mo basading ba e seng ba gagwe mme a direle morafe wa gagwe ka bokgabane,” ga laa Malome Seabelo.

Dibui tsa nna tsa latelana ka go farologana, tota e le go itumelela gore Ba- ga- Mmanaana ba bo ba otlololetse kgosi Mosielele seatla ka dimpho tse di farologaneng, e le gone go mo rwesa setlhako tota.

Lesaka la kgosing la bo le phephetha ka moraka wa dimpho tsa marole a le masome mararo le bobedi. Tse di neng di setse di tlhatlhetswe ka nako ya moletlo di le masome a mabedi le boraro, mo go tsone tse di namagadi di lesome le boraro fa tse ditonanyana di le some bontsi e le tse di khunwana. Go ne go na le tse di tshunyana, tse ditshumu, e tlhaba,e tshetlhana le e tshampana.

Dikgomo tse di ntsheditswe poo ke Mopalamente Mokgweetsi Masisi. Di ntsheditswe gape le pitse e e tlaa di thibang.

Mo godimo ga tsone go dinku di le thataro le dipudi tse pedi. Mmakgosi o ne a abelwa didirisiwa tsa ntlo le motshine o o tlhatswang diaparo ke ba ga Thamaga.

Mo moletlong o magosi a Kgatleng go tsweng kwa Mochudi le Thamaga a bo a le teng go ipela le Kgosi Mosielele. BOKHUTLO

Teaser:

Ya re di ise di bolole, ya bo e rile thii! kgotla yoora Mookodi kwa ga Moshupa. Basimane ba Kgosing ba bo ba kotame serethe ba bangwe ba eme majato ka legora ba emetse mmabatho go goroga ka kwa kgotleng, tota kgang kgolo e le go dira tiro e e masisi e ya go mo rwesa mpaatshane. Jaaka gale, motse wa Moshupa wa bo o omogile, Ba-Bina-Kgabo ba tsile ka makatlanamane go tla go rwesa kgosi ya bone setlhako. Kana tota fa e sale Kgosi Donald Kgabosetso II Mosielele a se kotama ga a ise a ko a rwesiwe setlhako. Ba itoma sanngate Bakgatla go e tsosolosa ngwao ya Setswana ya go gatisa kgosi boloko...

Blog

Editors Note

We return once more with another mouthwatering edition. We bring you the Miss Botswana 2026 as our cover story to encourage young beautiful ones out there that hard work and perseverance always pays.

Our youth need to know that their God-given talent can be utilised to earn them a living. Be it in sport, beauty pageants or any pursuit they wish to undertake.

Life is not always about having a white or blue-collar job, waking each day to sit behind a desk in an office or working for someone or some company. It is all about maximising every little opportunity we have to accomplish that, which we desire.

We also feature a story of the Botswana Sports Awards, which saw a young man of the moment, a 400 metre World Champion and a national records breaker, Collen Kebinatshipi become the toast of the awards night. He came out of the night as the biggest winner.

This edition also brings to you the Foot and Mouth Disease painful reality as the nation continues to grapple with having very limited supply of beef.

Lesotho Jazz Music artist, Budhaza once sang that he has never seen a feast with no meat (Mokete o senang nama, kere ha ke so o bone). The reality is that this disease has truly affected one of the nation’s staple foods, beef. Lets all do what is necessary to ensure it does not continue to become a thorn in the flesh (beef) of our beloved cattle-rearing nation. 

This edition also contains a solemn feature of a nation in grief following the death of its 3rd President, Dr Festus Gontebanye Mogae. The distinguished statesman was widely loved and appreciated for so many things that he was to Botswana and the world.

We see it fit to share with you his story and to help you find closure in this edition. Rra Nametso was laid to rest in Phomolong at the upmarket Phakalane Suburb in the North of the capital city, Gaborone.

In other news, we share with you stories of  Southern African Development Community (SADC) regional integration. We share a story of late former South Africa President and global icon, Dr Nelson Rolihlahla Mandela use of an airstrip in Kanye during the apartheid struggle.

We feature also a story about a monument built in Lobatse to remember Dr Mandela. So sit back and enjoy the read as well as many other interesting articles.

read more

Polling

Is online betting an alternative income stream or a risk

Is online betting an alternative income stream or a risk

Results

Yes, it is an alternative income stream.: 3.33%

It is a risk. : 3.33%

Not sure.: 93.33%